Sepinatšhe

© Louise Brodie
Leina la Bonetetshi: Spinacia oleracea Maina a Tlwaelô: Spinach, True Spinach or Baby Spinach

Tlhalosô ya Sejalo

Ke sejalo se se matlhare ka matlhare a botala jo bo fifetseng, a a phatsimang go se nene, a a gautsêgang, a boleele jwa 25 goya go 30cm, le bophara jwa 10 goya go 20cm.

Matlhare a simolola ale borethe ale kgolokwe fa a satswa go tlhoga, fela fa sejalo se ntse se gola matlhare a nna maleele le go forogotlhega go se nene.

Ditiriso

Matlhare a jewa a apeilwe mme matlhare a maša a jewa gape a le matala mo disalateng. Matlhare gape a dirwa matute. Ke motswedi wa Vitamin A, B1, B2, niacin le calcium. Sepinatšhe gape se bolokelwa mo motêmêng.

Ditlhokegô le Paakanyô tsa Mmu

Se ka jalwa mo mefuteng ka bontsi ya mmu, fela sejalo se diragatsa bontle mo mebung e e motlhaba goya go e e serokwa, e e nang le ntshô-metsi e e siameng mme e na le pH ya magareng ga 6 le 6.8.

Tsenya fosofeite le motshotelo sentle pele o jala, mme o direle mo mmung o o fa godimo.

Bosa

Sepinatšhe se ka diragatsa ka botswerere mo dithemphoritšhareng tsa bogare jo bo bophara jwa magareng ga 5°C le 30°C, fela se dira bontle mo go 14°C goya go 18°C.

Sejalo ga se kgone go itshokela botsididi jo bo tseneletseng go fetisa jo bo kwa tlase ga 5°C kgotsa mogote o o kwa godimo ga 30°C.

Le fa sejalo se kgona go falola segagane sa nako e khutshwane ga se kgonane ka botlalo le sona. Dithemphoritšhara tse di kwa godimo di diegisa kgolô. Ke sejalo sa bosa jo bo fodileng.

Dijadi

Regiment, Bloomsdale, Tyee, Catalina, Indian Summer, Space le Red Cardinal.Translated by Nchema Rapoo