Jalô ya Lephutshe le Lekaso la Hubbard

© Louise Brodie

Jadisô

Jadisô ya lephutshe le lekaso la Hubbard ke ka peo. Peo e bopega mo phatlhaneng e e ka mo gare ga leungo.

Mokgwa wa Jalô

Jalô e dirwa ka go jala dipeo tsa lekaso ka tlhamalalô mo mmung ka letsogo kgotsa ka metšhine ya jalô. Jalelelô ya matlhogela a a diretsweng mo makiding a a nang le masaledi a merogo kgotsa dijalo tse di senyegileng le yona e tumile ka ge seno se isa kwa nakong ya kotulo ya go sale gale. Dipeo di ka jalwa le go mediswa go sale gale ka fa tlase ga thulelo kgotsa mo dikagông tse di sireletsegileng tsa dijalo mo boseng jwa mariga jo bo tsididi jwa Phukwi le tshimologong ya Phatwe.

Katoganô

©Louise Brodie
Mefuta ya merara e e gagabang e tshwanetse go ka katoganngwa ka sekgala sa 75 goya go 100cm mo meleng e e katoganeng ka 200cm. Seno ke dijalo tse di magareng ga 5 000 le 8 000 mo hekethareng.
Mefuta ya ditlhatsana e ka katoganngwa ka 50 goya go 75cm mo meleng e e katoganeng ka 150 goya go 200 cm. Seno ke dijalo tse di magareng ga 8 000 le 10 000 mo hekethareng.

Nako ya Jalô

Jalô ka tlhamalalô-mmung ya dipeo tsa lephutshe kgotsa lekaso gantsi e dirwa fa dithemphoritšhara tsa mmu di simolola go oketsega ka dikgakologo. Seno e ka nna nako nngwe le nngwe go tloga mo bogareng jwa Lwetse goya kwa tshimologong ya Diphalane.

Nako ya Jalelelô

Jalelelô ya matlhogela ke fa dithemphoritšhara di simolola go oketsega, nako ele nngwe le ya jalô ya peo. Seno ke mo bogareng jwa Lwetse goya go tshimologong ya Diphalane.

Paka ya Kgolô

Lekaso la Hubbard le kotulwa e ka nna dibeke di le 14 goya go 16 morago ga gore dipeo di jalwe. Maphutshe a tlhoka sebaka se se telejana mme gantsi a siamela kotulo mo magareng ga dibeke di le 16 goya go 18 fa morago ga gore dipeo di jalwe.

Kumiso

Gantsi go lekane go ka nosetsa gabedi, gangwe ka motsi wa jalô mme gape mo dibekeng di le 6 goya go 8 morago ga jalô. Ka motsi wa jalô, tshela motswako wa dikotla-kgolo tsotlhe tse tharo, Nitrogen (N), Phosphate (P) le Potassium (K). Seno e ka nna ka mokgwa wa kilograms di ka nna 750 tsa 2:3:4 (30) mo hekethareng, e e lemeletsweng ka mogoma wa papetlatsheko mo mmung o o fa bogodimong jwa 20cm pele fela ga jalelelô ya matlhogela.
Fa dipeo tsa lephutshe le lekaso la Hubbard di jalwa ka tlhamalalô mo mmung, tshêlô e e tshwanang le e e fa godimo e ka rebolwa morago fela ga gore matlhogela a mele mme a nne boleele jwa di-centimetre di le tlhano. Leka go kokoanya ditshêlô tseno go ikala le mela ya dijalo, gaufinyana le karolwana ya medi gore di se fepe mefero. Mefero e tshwanetse go nna ka fa tlase ga taolô mo dibekeng tseno tsa ntlha. Tshêlô ya bobedi ya kilograms di ka nna 300 tsa LAN mo hekethareng e ka tshelwa dibeke di le 6 goya go 8 morago ga jalô.

Nosetsô

Bometsi jwa mmu bo tshwanetse go ka lekolwa ka bonnye gabedi mo bekeng. Seno se dirwa ka letsogo ka go dirisa garawe kgotsa auger kgotsa ka go lokela dilekanya-metsi go ralala tshimo. Kgatelelô ya metsi e tletse tshenyô mme e ka fokotsa ntshô-tlhagisa thata.
Gantsi 30mm goya go 35mm ya nosetsô ka beke e lekane. Fa dithemphoritšhara di oketsega lenaane la nosetsô le tshwanetse go fetolwa ka maleba. Ka gonne medi e kokoane gaufi le boalô jwa mmu, nosetsô e ka kgaoganngwa ka bobedi mo bekeng. Seno se rotloetswa thata mo mebung e e motlhaba le fa dithemphoritšhara di le kwa godimo.

Translated by Nchema Rapoo