Lephutshe le Lekaso la Hubbard

© Louise Brodie
Green and orange pumpkins.
Leina la Bonetetshi: Cucurbit Maxima
Leina la Tlwaelô: Lephutshe le Lekaso la Hubbard

Tlhalosô ya Sejalo

Lephutshe le Lekaso la Hubbard ka bobedi ke mefuta kgotsa dijadi tsa lekaso. Dijalo di ka nna botlhatshana kgotsa mo mabakeng ka bontsi ke merara e e gagabang fa godimo ga lefatshe. Dijalo tsa Lephutshe le Lekaso la Hubbard di tlhagisa dithunya tsa tona le tsa tshegadi. Maphutshe a ka kgaoganngwa ka mefuta ya letlapi le le mmala wa namune, le lesweu le le lesetlha. Hubbard ke tse di ntsi fela tse di tumileng thata ke mefuta e e botala jo bo fifetseng le ya mmala wa namune. Go na le mefuta e mekima le e mennyennyane e e bonang serodumo ga jaana.

Ditiriso

Lephutshe le Lekaso la Hubbard ka bobedi di diriswa mo kapeông ka go bediswa, go apewa ka mosi wa metsi a a mogote, go beswa kgotsa go gadikwa. Di ka silwa le go dirwa sopo, tsa diriswa mo diphaeng kgotsa tsa dirwa disomarelwa. Merogo eno ke motswedi o o siameng wa beta-carotene, Vitamin A le Potassium. Dithôtse di na le Zinc e e kwa godimo mme di ka diriswa mo senkgweng, disalateng kgotsa tsa jewa di le jalo.
Maphutshe le lekaso gape di neya sefepi se se siameng go diphologolo, jaaka nako dingwe balemirui ba dirisa karolo ya sejalo seno e e sa siamelang go ka rekiswa, go fepa diphologolo.

Ditlhokegô le Paakanyô ya Mmu

Mmu o o motlhaba goya go wa serokwa o a gaisa. Mmu o tshwanetse go tswa metsi sentle mme o nne le seelo sa monontsha wa tlhokakhabone se se kwa godimo. pH ya mmu e tshwanetse go nna magareng ga 6 le 7.
Fa sejalo-khurumetsa se se tala se tlile go ka jalelwa nontshô ya tlhokakhabone, seno se tshwanetse go ka dirwa dibeke di ka nna 12 goya go 16 pele ga jalô, mo nakong e masaledi a jalô e e fetileng le mefero di lemelelwang ka yona. Lema lefatshe ka mogoma wa papetlatsheko go lekalekantsha mmu morago ga go lemelela masaledi a jalô.
Jala dipeo tsa sejalo-khurumetsa mme o êge dipeo ka tlhamalalô morago ga seno. Seno gantsi se dirwa pele maruru a mariga tsenelela go neela sejalo-khurumetsa nako ya go itsetsepela. Gore kgolô ya sejalo-khurumetsa e nonofe, go botlhale go dira tshêlô ya nitrogen ya kilograms di ka nna 150 tsa LAN (28) mo hekethareng, morago fela ga gore e itsetsepele mme ele boleele jwa 10cm. Dibeke di ka nna lesome pele ga jalô, isa mmu gore o sekasekwe. Mo dibekeng di le tlhano goya go thataro pele ga jalô, kgaola sejalo-khurumetsa mme o tshele dikotla tse di ka tlhokegang goya ka dipholô tsa diteko tsa mmu.
Seno e ka nna Gypsum, lime ya pH kgotsa superphosphate. Mo nakong eno tsenya monontsha ka mokgwa wa mosutele kgotsa motshotelo, fa go tlhokega. Sela seno morago ka go lema mmu kwa boteng jwa 500mm go tswakanya didiro. Beke pele ga jalô tshela monontsha wa pele ga jalô mme o êge mmu o o fa bogodimong jwa 20cm ka êga ya papetlatsheko mme o baakanyetse dipeo kgotsa matlhogela boalô jwa bofelo jwa jalô.

Bosa

Lephutshe le lekaso di dira bontle mo boseng jo bo bothitho jwa dithemphoritšhara tse di eletsegang tsa magareng ga 20°C le 30°C mo pakeng ya kgolô. Dithemphoritšhara tsa mmu di tshwanetse go nna bonnye 18°C gore melô e e gaisang ya dipeo e diragale.
Jaaka sejalo se tlhagisa dithunya tsa tona le tsa tshegadi ka bobedi, go a eletsega go nna le percentage e e kwa godimo ya dithunya tsa tshegadi ka fa seno se oketsa ntshô-kungô. Dithemphoritšhara tsa 35°C kgotsa go feta goya gaufi le thunyô kgotsa ka motsi wa thunyô, di oketsa percentage ya dithunya tsa tona mme seno se fokotse ntshô-kungô.

Dijadi

Go na le dijadi tse di fetang lekgolo tse di farologaneng tse di ka tlhophiwang. Go botoka thata go bona kgakololô gotswa go moitseanape wa peo wa gago wa selegae le motlhankedi wa tsa temô. Go botlhokwa gape go batla kgakololô gotswa kwa mmarakeng wa gago wa selegae le kwa bareking. Jala se mmaraka o se batlang.
Mefuta mengwe e kwadilwe fa tlase fa:
Pumpkin: Crown Prince, Flat white Boer, Ford, Jarrahdale, Long Island Cheese, Queensland Blue, Star 7001 le 7022
Hubbard Squash: Green Hubbard, Chicago Warted, Golden Hubbard, Essex Red le Blue Hubbard.

Translated by Nchema Rapoo