Jalô ya Leek

© Louise Brodie

Jadiso

Jadiso ke gotswa mo peong

Mokgwa wa Jalô

Leeks di ka jalwa ka peo ka tlhamalalo mo tshimong kgotsa di ka jalwa mo makiding a matlhogela le go medisetswa mo mantlong a a sireleditsweng a dijalo. Fa matlhogela a ka nna boleele jwa 15cm morago ga dibeke di le 6, a jalololwa le go jalelelwa mo tshimong. Bontsi jwa balemi ba kgwebo ba itlhophela jalô ya matlhogela ka ge seno se fana ka netefatso e e botoka ya bogolo jwa ntshô mo hekethareng mme dijalo di kotulwa ka bonako mme di lekalekana go feta.
Go jala leek ka seatla ke tiro e kgolo thata mme ka jalo go tlhwatlhwa-godimo. Go jala peo ka tlhamalalo le go jalelela matlhogela, ka bobedi go ka dirwa ka motšhine. Go bona dithito tse tshweu tse di gaisang le tse di telele go gaisa, go botlhokwa go epa diforo tsa boteng jwa 15cm le go jala matlhogela kwa boalông jwa mesimana enô le go khurumetsa medi le botlase jwa dithito morago ga go jala. Dibeke di le nnè morago ga fao, fa dijalo di setse di tshwareletse, mmu o ka kokomoswa go khurumetsa thito go feta. Boleele jo bo eletsegang jwa karolo e e tswileng mmala kgotsa e tshweu ya thito ke 15cm goya go 20cm.
Fa go diragatswa jalô ya peo ka tlhamalalo, taolô ya mofero ke kgwetlho e kgolo ka paka ya kwa tshimologong ya kgolô. Ka ntlha ya lebaka le, jalô ya matlhogela a leek e rategile go feta go balemi ba kgwebo ka ge seno se letla taolô-mofero e e matsetseleko pele ga jalô.

Katogano

Dijalo di ka katoganngwa ka sekgala sa 15cm mo meleng e e katoganeng ka 30cm kgotsa 50cm, ka go tlogela mela e e bulegileng ya motsamao wa terekere le didiriswa fa go tlhokega. Seno se tshwanetse go fana ka tshimo ya dijalo tsa leek tse di ka nnang 120 000 goya go 200 000 mo hekethareng.
Bana ba leek ba jalwa ka go atumelana ka ntlha ya gore paka ya bona ya kgolô e khutshwanyane mme mefero e ka se nne bothata go le kalo.

Nako ya Jalô

Jalô ya dipeo tsa leek mo makiding a peo e dirwa magareng ga dibeke di le thataro le di le robedi pele ga nako e e beilweng ya jalô ya matlhogela.
Mo Afrika Borwa, dinako tse pedi tse di rategang tsa jalô ke go sale gale ka letlhabula, go simolola kwa tshimologong ya Mopitlwe go fitlha kwa tshimologong ya Moranang, mme le gape thari ka mariga ka Phukwi le Phatwe.

Nako ya Jalelelo

Matlhogela a leek a jalelelwa ka Moranang le Motsheganong, le gape thari ka Phatwe le Lwetse.

Paka ya Kgolô

Leeks tse di jetsweng ka dipeo ka tlhamalalo mo mmung di tsaya dikgwedi di le thataro go siamela kotulo. Ka jalo fa dipeo di jetswe go sale gale ka Mopitlwe di siamela kotulo ka Phatwe kgotsa Lwetse.
Fa letlhogela le le godisitsweng sentle le jalelelwa mo bogareng jwa Moranang kgotsa go sale gale ka Motsheganong, le ka siamela kotulo kwa bofelong jwa Phukwi kgotsa tshimologo ya Phatwe. Jalô ya matlhogela a leek go na le ya dipeo e somarela nako le madi a taolô-jalô tse di etsang sebaka sa kgwedi. Leeks tse diša tse di boleta di kotulwa ka pejana mo dibekeng di le robedi goya go lesome morago ga jalelelo ya matlhogela.

Kumiso

Jaaka go kailwe ka paakanyo ya mmu, go gakololwa thata go tsaya sampole ya mmu le go senka dikgakololô tsa baitseanape go netefatsa tshelô ya dikotla e e matshwanedi mo karolong e go ikaeletsweng go jalelwa mo go yona.
Kgakololô e e latelang e ka selwa morago fa go ungwiswa leeks. Mo bekeng ya pele ga jalô ya matlhogela, tshela 250 goya go 300kg ya 2:3:4 (30) mo hekethareng fa o baakanyetsa boalô jwa sejalo mme o dirise ege ya papetlatsheko go lemelela motswako mo mmung o o fa bogodimong jwa 20cm. Seno se neelana ka dikotla ka gangwe morago ga jalô ya matlhogela a leek, mme se tlile go tlamela sejalo ka maatla go bona tshimologo e ntle mme gape go thuse go imolola kgatelelô e e itemogetsweng ka motsi wa jalelelo.
Fa o jala dipeo tsa leek, tshela monontsha wa ntlha go ikala le mela ya dijalo fela fa dijalo tse diša di sena go tlhoga. Dibeke di le pedi goya go tharo morago ga fao, gasagasa tshelô e e tshwanang le ya ntlha go ikala le mela ya jalô.
Morago ga dibeke tse dingwe di le pedi goya go tharo, tshelô ya boraro ya 250kg mo hekethareng ya LAN (28) e ka gasagaswa go ikala le mela ya jalô. Seno se tlabe se lekane gore sejalo se fitlhe kwa go butsweng mme se siamele go ka kotulwa.
Gopola go tsenya tirisong taolô ya mofero ka ge mefero e tla tseela sejalo dikotla tse se di reboletsweng.

Nosetso

Tshela 10mm letsatsi pele o jala matlhogela a leek, le 10mm fela fa o sena go jala. Nosetso ya beke le beke ya magareng ga 20 le 30mm e e kgaogantsweng ka dinosetso tse pedi kgotsa tharo mo bekeng yotlhe e lekane go tsweletsa kgolô e e siameng mo pakeng yotlhe ya kgolô. Go botlhokwa go tshola mmu o le metsi fela o sa tama.

Translated by Nchema Rapoo