Taolô-Jalô ya Leek

© Louise Brodie

Tikoloso ya Sejalo

Leek ke moja-bonnye mme o tlhoka kotlô e nnye go na le dijalo tse dingwe. Leeks ka jalo di ka jalwa morago ga bontsi jwa mefuta e mengwe ya merogo. Bontsi jwa dijalo bo ka sala leeks morago ntle fela le dinawa le dieiye.

Thôbô (di-tonne mo hekethareng)

Leeks tse di butswitseng tsa bogolo jo bo feletseng ka dithito tse tshweu tsa boleele jwa 12cm goya go 15cm le molagare wa 2cm goya go 3cm.
E e lekaneng: 15 tonnes
E e magareng: 25 tonnes
E e siameng: 40 tonnes

Kotulo

Nako ya kotulo e ikaegile ka bogolo mo mofuteng wa leek e e tlhokwang ke mmaraka. Mo lobakeng lwa leeks tse di butswitseng tsa bogolo jo bo feletseng, e tlile go nna fa dithito tse tshweu tsa leek tse di tswileng mmala di nna boleele jo bo ka nnang 150mm le go nna le molagare wa magareng ga 20mm le 30mm. Bana ba leeks gantsi ba kotulwa fa ba le molagare wa 10mm goya go 15mm.
Kotulo ya madirelo a magolo a temô ya leek e dirwa ka motšhine. Metšhine ya sešweng e repisa mmu le go sega medi ya leek fela fa tlase ga thito e tshweu mme e kuke leeks gotswa mo mmung le go isa matlhare a leek kwa godimo.
Seno se ka dirwa gape ka seatla fa badiri ba ba lekaneng ba le teng, ka go repisa mmu o o dikaganyeditseng medi ka foroko kgotsa garawe le go tomola sejalo ka seatla.
Morago ga go tomola leeks, medi e a fokotswa go nna 10mm mme leeks di a tlhatswa le go pakwa mo dikereiting gore di bolokwe mo lefelong le le rurufetseng pele di ka tlhaolwa le go pakelwa go rekiswa.

Poloko

Leeks di ka bolokwa sebaka sa dikgwedi di le tharo, mo themphoritšhareng ya 1°C goya go 2°C le bongôla jwa 85%+.
Leeks tse di tlileng go bolokwa di tshwanetse go ka bewa mo bobolokelong jo bo tsididi ka bonako jo bo kgonegang morago ga kotulo.

Disenyi

Aphids, Cut worms, Snails, Thrips

Malwetse

Phytophthora, Rust, White rot,
Ke mokgwa-tiriso o o gaisang go bona kgakololô gotswa go motlhankedi wa tsa temô wa selegae kgotsa moitseanape wa tshireletso ya dijalo ka ga ditiragatso le dikalafi tsa thibelo ya malwetse a sejalo.

Translated by Nchema Rapoo