Jalô ya Eiye

© Louise Brodie

Katisô

Dieiye di atiswa gotswa mo peong, e ka nna ka go godisa le go jalalela matlhogela kgotsa ka go jala peo. Katlego gantsi e bonwa ka go godisa le go jalalela matlhogela gona le ka go jala peo. Mmu wa lekidi o tlhoka go nna le phopholego e e borethe. Dipeo di tshwanetse go jalwa ka mela go netefatsa fa gona le pulelomowa e e lekaneng le go tlhofofatsa taolô ya moferô. Mesele e tshwanetse go katogana ka sekgala sa 15cm mme peo e tshwanetse go jalwa mo boteng jwa 10 mm go ya go 15 mm.
Kitlano ya jalô e tshwanetse go nna mo magareng ga dipeo tse 1500 le 2500 ka 1 m². Fa themphoritšhara e le kwa godimo ka motsi o, khurumetsa lefelo le o jadileng mo go lona ka boalô jo bo sesane jwa kobelo ya bojang. Ntsha kobelo eno fa dijalô di simolola go tlhagelela matsatsi a le 7 go ya go 14 fa morago ga jalô. Fa matlhogela a le molagare wa 8mm go ya go 9 mm le 12 cm go ya go 20 cm ka boleele, a siametse go ka jalalelwa. Dieiye tsa letsatsi le le khutshwane di siamela go jalalelwa mo dibekeng tse di mo magareng ga 6 le 7.

Mokgwa wa jalô

Go jalalela, dira mesele ya boteng jwa 2 cm le 4 cm mo mmung mme o beye karolwana e tshweu ya letlhogela mo moseleng. O seka wa sega matlhare. Khupetsa medi ka haraka mme o papatlelele mmu o o e dikaganyeditseng. O seka wa jala matlhogela kwa boteng thata ka seno se ka baka gore digwere di nne telele. Tshola mmu o le metsi matsatsi a le matlhano fa dijalo di setse di le mo tshimong go letla gore thulaganyo ya medi e tsepame.

Go katogana

Dijalo di tshwanetse go jalwa ka go katogana ga 8 go ya go 10 cm mo meleng e e katoganeng ka 20 go ya go 25 cm. Seno ke mo magareng a dijalo di le 50 le 60 ka m².

Nako ya jalô ya peo

Nako e e elediwang: Tlhakole - Mopitlwe
Nako e e kgonegang: Ferikgong - Moranang

Nako ya jalô

Peo e tshwanetse go jalwa pele ga bokhutlo jwa Mopitlwe gore dijalo di kgone go jalalelwa kwa masimong ka Motsheganong le Seetebosigo.

Nako ya kgolô

Kotulô e diragala matsatsi a le 180 go ya go 230 morago ga go jala peo kgotsa mo magareng ga matsatsi a le 100 le 120 morago ga jalalelo ya dijalo. Kotulô e tshwanetse go simolola fa diphesente di le 50 go ya go 60 tsa matlhare di sena go ipeya fatshe.

Kumisô

Fa go baakanngwa mmu gore go jalwe mmu o ka tlhoka Phosphorus (P) ya tlaleletsô ka popegô ya super phosphate. Gantsi motswako o o lekalekanang wa N:P:K jaaka 2:3:4 o ka diriswa ka selekanyetso sa 1000 kg ka heketara mme o tlabe o lekane. Morago ga dibeke tse 3 fa go sena go jalwa mme gape morago ga dibeke tse 6 fa go sena go jalwa, motswako o o siameng wa Potassium (K) nitrate (N) o ka diriswa ka 150 go ya go 250kg ka heketara.

Go nosetsa

Nosetsô e e ka nnang 500 go ya go 600 mm e a tlhokega ka motsi wa setlha sa go gola ga eiye. Seno e ka nna 35 go ya go 40 mm ka beke. Fa mebu e na le motlhaba ka bontsi nosetsô e ntsinyana kgapetsa kgapetsa e ka tlhokega. Medi ya eiye e kokoane kwa bogodimong jwa 30mm jwa mmu mme ka lebaka leno mmu o tshwanetse go tsholwa o le metsi. O seka wa nosetsa dieiye dibeke di le tharo pele ga kotulô.

Translated by Nchema Rapoo