Eiye

© Louise Brodie

Leina la bonetetshi: Alium cepa
Leina la setlwaedi: Eiye
Dieiye di ntse di diriswa jaaka dijo dingwagakete mme go dumela fa di tswa kwa dikgaolong tse di omeletseng tsa kwa Asia Bophirima.

Thanololo ya sejalô

Eiye ke setlhatshana sa losika looselele mo lolapeng lwa Liliaceae se se godisetswang segwere sa sona se se jegang. Kala ya sejalô seno ke papetlatsheko e e phaphathi kwa beising mme matlhare-tšhupu a bopa seka-kala fo dikgatla tsa ona di tlhatlaganang gona. Matlhare a ka tsepalala kgotsa a sekama mme sejalô segwe le sengwe sena le matlhare a a ka nnang tharo go ya go robedi.

Ditiriso

Dieiye di lemelwa gore go dirisiwe segwere sa tsona. Dieiye tse di godileng ka botlalo le tse di iseng di gole di jewa di le foreshe kgotsa di apeilwe mme di tsena tatsô mo dijong. Di dirisiwa gape mo go direng pickles le sopô, mme gape di omisiwe go dira matlhotlhora. Dijalo di na le go diriswa jaaka sekobi sa ditshenekegi tse di tlhaselang merogo e mengwe.

Ditlhokego le paakanyô ya mmu

Dieiye di gola sentle mo mmung o o motlhaba go ya kwa go o o seloko mme o tswile metsi. Di ithatela maemô a a nang le esiti go se kalo ka tlhokegô ya pH e e mo bogareng jwa 5.5 le 6.5. Boteng jwa paakanyô ya mmu bo tshwanetse go nna 600mm.

Seemo sa bosa

Dieiye di kgona go itshokela segagane. Di tlhoka seemo sa bosa se se rurufetseng ka motsi o morogo o golang ka ona, mme go latele seemo se se bothitho fa di le gaufi le go gola ka botlalo pelenyana mo selemong. Dithemphoritšhara tse di siametseng kgolô ke 12°C go ya go 24°C, ka themphoritšhara-bogare ya mo magareng ga 7°C le 29°C mo kgweding. Dithemphoritšhara tse di kwa godimo di itlhaganedisa go bopega ga segwere mme dithemphoritšhara tse di kwa tlase di rotloetsa thunyô. Dipula tse di nang thari ka dikgakologo le go sale gale ka selemo di fokotsa boleng, segolo-bogolo boleng jwa go boloka dieiye.

Boleele jwa letsatsi

Dieiye ga di rate lesedi. Go bopega ga segwere go rotloediwa ke boleele jwa letsatsi mme go simolola fela fa lesedi le feta tlhokego-tlase e e rileng. Dieiye tsa letsatsi le le khutshwane di na le tlhokegô ya boleele jwa letsatsi e khutshwane mme kgakololo ke gore go jalwe fela dijadi tsa dieiye tsa letsatsi le le khutshwane.

Dijadi

(Short Day) Granex 2000, Hojem, Pyramid, Texas Grano, 502 PRR, Early Copper.

Translated by Nchema Rapoo