Jalô ya Cauliflower

© Louise Brodie

Jadisô

Cauliflower e jadiswa gotswa mo peong.

Mokgwa wa Jalô

Jalô ka tlhamalalô mo mmung e ka dirwa go jala cauliflower, le fa seno ese mokgwa o o tlwaelegileng go balemi ba kgwebo ka ge seno se sa dire jalô e e lekalekanang, mme maêmô a bosa a kwa ntle aa farologana mme a ka baka tiego mo melông. Jala dipeo kwa boteng jwa 12mm goya go 15mm mme o leke go tshola boteng jo bo lekalekanang go bona jalô e e lekalekanang.
Mokgwa o o tlwaelegileng thata wa jalô ke go jalelela matlhogela a cauliflower a a mediseditsweng mo kagông ya dijalo. Dipeo tsa cauliflower di jalelwa mo makiding le go bewa ka mo gare ga kagô le go medisetswa mo kagông ya dijalo e e sireleditsweng ya 20°C le bongôla jo bo kwa godimo, mme a jalololwe malatsi ale 30 goya go 35 morago ga jalô fa a le boleele jwa 15cm mme a tlhogile matlhare a le matlhano goya go thataro.
Jalô ya cauliflower gantsi e dirwa ka seatla, fela bangwe ba batlhagisi ba kgwebo ba jala ka metšhine ya jalô.

Katoganô

Dijalo di tshwanetse go ka katoganngwa ka 50cm mo meleng e e katoganeng ka 60cm. Leka go nna le dijalo tse di ka nnang 30 000 mo hekethareng. Balemi gape ba jala cauliflower mo meleng ya tramline, ka mela ya matseno e e bulegileng morago ga mela mengwe le mengwe ele mebedi. Mela ya tramline e ka katoganô magareng ga dijalo ka mola wa 40cm le wa 50cm magareng ga mela ya dijalo, le mela e go direlwang mo go yona ya 60cm goya go 100cm magareng ga mela ya tramline.

Nako ya Jalô

Le fa seno ese mokgwa o o tlwaelegile thata wa temô, dipeo tsa cauliflower di ka jalwa ka tlhamalalô mo mmung ngwaga otlhe fela fa dithemphoritšhara di dula kwa godimo ga 15°C. O seke wa jala mo dithemphoritšhareng tse di tsididi tse di kwa tlase ga 10°C ka ge seno se thatafatsa melô.

Nako ya Jalelelô

Jalelelô ya matlhogela a cauliflower e dirwa ngwaga otlhe ntle fela le mo pakeng kgotsa dikgaolong tse di mogote thata kgotsa tse di tsididi thata. Ka jalo mo bogolong jwa Afrika Borwa efoga go jala magareng ga Motsheganong le bogare jwa Phatwe jaaka molawana, ka ntlha ya maruru a mariga. Jala fela matlhogela a a nonofileng mme lekalekana, ka ge seno se tlile go isa kwa kgolông e e lekalekanang le dinako tsa kotulo tse di khutshwane.

Paka ya Kgolô

Go ya ka sejadi le bosa, kgolô go tloga ka nako ya jalô ya matlhogela a cauliflower go fitlha mo go butsweng ke magareng ga dibeke di le 8 le di le 12. Dijadi dingwe tsa cauliflower di ka siamela kotulo mo nakong ya bokhutshwane jwa dibeke di le 6 gotswa kwa jalông ya matlhogela a a nonofileng a godile sentle fa maêmô ele a a eletsegang.

Kumiso

Mokgwa-tiriso o o siameng ke go sala morago dikaelo tse di neilweng ke mogakolodi wa gago goya ka dipholô tsa disampole tsa mmu wa gago, le goya ka maele a a reboletsweng mofuta wa sejalo se o tlileng go se jala. Cauliflower e rata thebolo e e siameng ya dikotla mme paka ya kgolô ya yona e khutshwane e tlhoka tshêlô ya monontsha e e kwa godingwana.
Pele o jala tshela 250kg goya go 300kg ya motswako o o tshwanang le 3:1:5 (35) mo hekethareng, mme o o tswaketswakanye le mmu o o fa bogodimong wa karolo ya jalô. Fela fa matlhogela a maša a sena go tsepama, malatsi a ka nna lesome morago ga jalô, apesa mo matlhakoreng ka 200kg goya go 250kg ya 3:1:5 (35) mo hekethareng go ikala le mela ya jalô mme o noseletse mo mmung. Boeletsa seno mo malatsing ale 18 goya go 21 morago ga jalô, mme gape le mo malatsing a ka nna 30 goya go 35 morago ga jalô. Seno se tlabe se lekane gore sejalo se gole.
Matlhare a cauliflower a tshwanetse go nna botala jo bo fifetseng jo bo itekanetseng, mme fa matshwao a botala jo bo timpetseng kgotsa matlhare a a nnang serolwana a tlhagelela, seno se ka kaya gore tshêlô e a tlhokega.

Nosetsô

Netefatsa fa mmu o noseditswe pele o ka jala cauliflower mme gape le morago ga jalô gore matlhogela a tsepame sentle. O seke wa nosetsa botlhaswa ka ge seno se ka gogola dikotla tsa ntlha tse di tshetsweng gotswa mo karolong ya medi ya sejalo. Go dira seno, nosetsô e e ka nnang 10mm letsatsi pele ga jalô le gape 10mm morago ga jalô e ka dirwa.
Morago ga fao 15mm goya go 20mm ka beke mo dibekeng tsa ntlha tse pedi mme magareng ga 25mm goya go 30mm ka beke, ntle fela le fa dithemphoritšhara di le kwa godimo, ka fao seno se ka oketswa goya go 35mm goya go 45mm ka beke.

Translated by Nchema Rapoo