Cauliflower ka Kakaretso

© Louise Brodie
Leina la Bonetetshi: Brassica Oleracea var. Botrytis Leina la Tlwaelô: Cauliflower

Tlhaloso ya Sejalo

Cauliflower ke karolo ya lapa le le lengwe le dijalo tsa broccoli, Brussel sprouts, khabetšhe le kale. Cauliflower go kaiwa fa e tlholegile kwa Borwa Bophirima jwa Asia kgotsa Turkey.

E tlholegile gotswa mo khabetšheng ya naga mme morago ga diphetogo tse di farologaneng, e tlhageletse jaaka morogo o re o itseng gompieno dingwaga tse di fetang 2000 tse di fetileng.

Sejalo se na le matlhare a botala jo bo fifetseng a a mengapongapo, ka makeketo a a dikaganyeditseng tlhogo ya kgwele ya ditlhogwana tsa maloba a masweu tse di pitlaganeng, e e dirang bogolo jwa karolo ya sejalo e e jegang. Tlhogo e e jegang ya maloba a maša e bitswa gape “curd”.

Ditiriso

Sejalo ke motswedi o montle wa Potassium le Vitamin B le C. Se diriswa jaaka motswedi o o tletseng phôlô wa di-carbohydrates le fibre.

Matlhare le maloba ka bobedi aa jega, le fa karolo-kgolo e e jewang ele tlhogo ya maloba kgotsa curd. Curd e a tlhatlhamololwa mme maloba a bediswe nako e khutshwane. Maloba a jewa a le matala mo disalateng. A diriswa gape go dira sopo.

Ditlhokegô le Paakanyô ya Mmu

Go botoka thata go jala cauliflower mo mmung wa serokwa o o motlhaba o o humileng ka monontsha mme o tswa metsi sentle. pH ya mmu e tshwanetse go nna magareng ga 6.5 le 7. Baakanya mmu sentle pele ga jalô go neela monontsha mongwe le mongwe o o tsentsweng nako ya go tsepama. Simolola ka go tsaya disampole tsa mmu.

Fa go na le ditlaleletsi tse di tlhokang go ka tsenngwa jaaka lime ya pH kgotsa monontsha wa tlaleletso jaaka motshotelo kgotsa mosutele, tsona jaanong di a gasaganngwa goya ka dikaelo tsa disampole tsa mmu. Seno se dirwa dibeke di ka nna nne pele ga jalô.

Fa sejalo-khurumetsa se se tala se tlile go ka jalwa pele ga sejalo sa cauliflower, seno se tshwanetse go dirwa dibeke di le 12 pele ga jalô ya cauliflower go neela sejalo-khurumetsa nako ya go tlhoga. Dibeke di ka nna nne pele ga jalô, sejalo-khurumetsa se se tala se a segwa.

Mme sona se lemelelwe mo mmung o o fa bogodimong jwa 500mm mmogo le motshotelo, mosutele, lime le superphosphate, fa go tlhokega. Sela seno morago mo sebakeng sa beke ka egê ya papetlatsheko e e tlileng go lekalekantsha mmu le go kgaola le go tsenya gape masaledi mangwe le mangwe a dimela mo mmung o o fa bogodimong jwa 20cm.

Mo bekeng ya bofelo ya pele ga jalô, gara mo godimo ga karolo ya jalô ka egê ya papetlatsheko la bofelo. Seno se tsenya tshêlô ya monontsha wa pele ga jalô mme ka nako ele nngwe se bolaya mofero mongwe le mongwe o o ka tswang o simolotse go mela, le go lekalekanya karolo ya jalô mo paakanyông ya go jala.

Bosa

Cauliflower e na le motseletsele wa themphoritšhara ya kgolô o o atologileng gotswa go 15°C goya go 24°C, mme gape e ka jalwa mo dikgaolong tse di rurufetseng.

Fela ga e dire sentle mo dithemphoritšhareng tse di tsididi thata tse di kwa tlase ga 5°C kgotsa mo dikgaolong tse di mogote thata tse di nnang kwa godimo ga 30°C sebaka se se telele. Ka motsi wa dithemphoritšhara tse di jalo, kgolô ya curd e kgoreletsega thata.

Dijadi

Go na le mefuta e meša ele mentsi e e diretsweng botwantsho le go fana ka botêmêtêmê jo bo oketsegileng mo boseng jwa ntshô-tlhagiso.

Go botlhale ka metlha go bona kgakololô ya mogwebi wa selegae wa gago wa tsa peo kgotsa motlhankedi wa tsa temô, ka ge ba tlile go kgona go go gakolola gore maêmô a tlhagiso a kgaolo ya gago a siametswe ke eng.

Mefuta e mengwe e o ka e lekang: ke Arano, Huntsmen, Juneau, Sabadel, Synergy, TSX C22, TSX C40 le White Gold.

Translated by Nchema Rapoo