Taolô-Jalo ya Cauliflower

© Louise Brodie

Tikoloso ya Sejalo

Jala menawa pele o jala cauliflower. Sela morago ka go jala sejalo-khurumetsa mme o sale seno morago ka sejalo gotswa lolapeng lwa tamati. Fa mmu o diriswa gangwe le gape go tlhagisa mefuta ele mengwe ya dijalo, fokotsa bokotsi jwa disenyi le malwetse ka go tsenya tirisong manaane a a gagametseng a tshireletso-jalô, mme go rotloediwa tiriso ya mekgwa-tiriso ya phepafatso-mmu ka khemikhale. Netefatsa fa mmu o ungwisitswe sentle ka motshotelo.
Thôbô (di-tonne mo hekethareng)
E e lekaneng: 12 tonnes
E e magareng:18 tonnes
E e siameng: 25 tonnes

Kotulo

Kotulo ya cauliflower gantsi e dirwa ka seatla ka go dirisa dithipa tse di bogale go kotula tlhogwana/curd ka go sega thitô fela fa godimo ga lefatshe, le go akaretsa mangwe a matlhare a a e dikaganyeditseng go sireletsa tlhogwana kgotsa curd.
Go na le metšhine e e thusang go kotula e e thusang ka go fetisetsa cauliflower gotswa tshimong goya kwa e pakelwang teng. Jaaka kgetlhô ya cauliflower ele ka go tlhopha, mme ditlhogwana di le boleta, kotulo gantsi e dirwa ka seatla mme ga ise go nne le metšhine e e kgonang go “kgetlha ka botlhale”. Jaaka technology e kaonafala, go na le maiteko a a dirwang go dira metšhine e e botlhale e e kgetlhang. Fela ga jaana, kotulo ke tiro e e tlhokang maatla e e tlhwatlhwa godimo. Fa makgetlhô a go boela kwa tshimong go fokotsa sejalo a ntse a ya tlase, le tlhwatlhwa ya go dira kotulo eno e wela tlase. Ka jalo, fa go lekalekana ga jalô go le kwa godimo, percentage ya kotulo ya ntlha le yona e nna godimo.
Fa go sena go kgetlhwa, isa cauliflower kwa lefelong le le rurufetseng gore e tshwarwe kgotsa e bolokwe. Tshola ditlhogwana kgotsa di-curd ka tlhokomelo ka ntlha ya gore tshenyego nngwe le nngwe e tla isa kwa dipatsong le pôlông tse di tla bakang gore setlhagiswa se seke sa rekisega.

Poloko

Fa go bolokwa cauliflower ka paka tse khutshwane mo motlaaganeng o o rurufetseng, themphoritšhara e tshwanetse go nna magareng ga 2°C le 4°C ka bongôla jwa mowa jo bo mo go 95% (kgotsa go feta) pele e ya mmarakeng. Fa go na le tlhokego ya go boloka setlhagiswa sebaka se se telele se se fitlhang go kgwedi ele nngwe, seno se tshwanetse go nna mo +0.5°C goya go 2°C, le bongôla jwa 95% kgotsa go feta.

Disenyi

Aphids, Army worm, Cabbage worm, Diamondback moth, Loopers, Nematodes, Thrips le white fly.

Malwetse

Alternaria, bacterial leaf spot, Black rot, Clubroot, Phori, Phytophthora, Verticillium le Wire stem.
Go tota go le botlhale ka metlha go bona kgakololô le go tsenya tirisong lenaale la tshireletso-jalô le le maleba le le rebotsweng ke mogakolodi wa selegae wa dikhemikhale le motlhankedi wa tsa temô wa kgaolo.

Translated by Nchema Rapoo