Jalô ya Broccoli

© Louise Brodie

Jadisô

Jadisô ke gotswa mo peong.

Mokgwa wa Jalô

Balemi ba bangwe ba jala peo ka tlhamalalô mo mmung, fela tsela e e atlegileng thata ya go jala broccoli ke ya go dira matlhogela mo makiding mme fa matlhogela a nna boleele jo bo ka nnang 150 mm a jalelelwa mo tshimong.

Katoganô

Dijalo tsa broccoli di tshwanetse go ka katoganngwa ka sekgala sa 40 goya go 50 cm mo meleng e e katoganeng ka 50 cm. Seno ke magareng ga dijalo di le 30 000 le 40 000 mo hekethareng. Gape go molemo go thetheekêtsa mela ya sejalo sa broccoli ka ge seno se neela dijalo lesedi le kelomowa tse di botoka mo gare ga dijalo.

Nako ya Jadisô

Dipeo tsa broccoli gantsi di jalwa thari ka selemo fa dithemphoritšhara di simolola goya tlase. Mo Afrika Borwa seno ke go simolola thari ka Tlhakole kwa dikgaolong tse di rurufetseng go fitlha go sale gale ka Motsheganong kwa dikgaolong tse di thutafetseng.

Nako ya Jalô

Dibeke di ka nna nne goya go tlhano morago ga jalô ya dipeo, matlhogela a broccoli a tshwanetse gobe a siametse go ka jalololwa. Mo Afrika Borwa jalelelo e diragala go simolola go sale gale ka Moranang go fitlha ka tshimologo ya Seetebosigo. Kwa dikgaolong dingwe kwa dithemphoritšhara tsa dikgakologo le tsa tshimologo ya selemo di leng tlase mo go lekaneng, jalô ya go sale gale ka dikgakologo e ka dirwa fela fa sejalo se ka kgona go kotulwa pele bosa jo bo mogote bo goroga.

Paka ya Kgolô

Broccoli e golela ka bonako go feta lotso le lengwe la Brassicas jaaka khabetšhe. Broccoli e ka kotulwa ka bonako jo bo ka nnang dibeke di le thataro morago ga jalelelô ya matlhogela. Fa e jadilwe kwa kgolô e ntsi e diragalang teng ka dikgwedi tse di rurufetseng tsa mariga, seno se ka diegisa kgolô mme seno se atolose paka ya kgolô goya go dibeke di le robedi goya go di le lesome morago ga jalelelô ya matlhogela. Selo se se botlhokwa se se laolang paka ya kgolô le kotulo ya broccoli ke go netefatsa fa o kotula pele ditlhogwana di simolola go thunya.

Kumiso

Tshekatsheko ya mmu e tshwanetse go ka dirwa. Broccoli ke seji se se mo magareng goya go se se jang thata. Kopanya lenaane la gago le le tlwaelegileng la monontsha le mosutele le/kgotsa motshotelo ka ge broccoli e rata mebu e e humileng ka monontsha.

Kgakololô ya kakaretso ke gore pele ga jalô, lemelela bonnye jwa 800kg ya 2:3:4 ka mogoma wa papetlatsheko go netefatsa fa broccoli ya gago e bona thagogô e e siameng. Balemi bangwe ba rata go tsenngwa ga mosutele wa kgogo pele ga jalô. Broccoli e golela ka pele, ka jalo go botlhokwa gore go nne le dikotla tse di lekaneng mo mmung mo dibekeng tsa ntlha tsa kgolô, ka ge seno se rotloetsa popego ya tlhogwana ya bogareng ya sethunya e e itekanetseng.

Tshêlô ya 350kg LAN mo hekethareng go ikala le mela ya dijalo e ka rebolwa mo dibekeng di le pedi morago ga jalô, mme 400kg LAN e nngwe mo hekethareng e ka rebolwa mo dibekeng di le nne goya go di le tharo morago ga jalô.
O seke wa tshela monontsha gautshwane thata le letlha le o solofetseng thôbô ya gago ka lona.

Nosetsô

Nosetsa matlhogela a broccoli gangwe ka letsatsi go fitlha fa a siametse go ka jalololwa. Nosetsa le go metsifatsa karolo e e tlileng go ka jalwa gore matlhogela a tle a jalelwe mo mmung o o metsi. Fa a sena go jalwa, nosetsa ka gangwe gore dijalo di kgone go tsepama mo tikologong ya tsona e ntšhwa. Morago ga fao, nosetsa metsi a a magareng ga 25 mm le 35 mm ka beke goya ka themphoritšhara, tshologo ya pula le mofuta wa mmu.

Translated by Nchema Rapoo