Taolô-Jalo ya Broccoli

© Louise Brodie

Tikoloso ya Sejalo

Dikolosa ka di-alliums (sekai, eiye, garlic, leek) kgotsa menawa.

Thôbô - di-tonne mo hekethareng

E e lekaneng: 5 tonnes
E e magareng: 8 tonnes
E e siameng: 12 tonnes

Kotulo

Kotulo ya broccoli e santse e dirwa gantsi ka seatla. Tlhogwana ya mo bogareng e segwa ka thitô ya boleele jo bo ka nnang 10 goya go 15 cm go thibela tlhogwana go ka omelela. Ka ge broccoli e simolola go latlha metsi ka bonako morago ka kotulo, go botlhale go e isa kwa lefelong le le rurufetseng la poloko ka bonako jo bo kgonagalang. Go na le balemi ba kgwebo ba ba golo ba ba kotulang mefuta e mengwe ka metšhine ya kotulo. Seno se tlhoka gore ditlhogwana tsotlhe di kotulwe ka gangwe.

Poloko

Broccoli e e bolokilweng mo 0 goya go 1°C le mo bongôleng jwa 95% e ka bewa sebaka sa malatsi ale 14. Broccoli e e bolokilweng sebaka se se telele e latlha mogautsego wa yona mme go begwa fa e latlha dingwe tsa dimelô tsa yona tsa phôlô fa e ntse e tswelela go bewa sebaka.

Disenyi

Ka gonne broccoli e jalwa mo dikgweding tsa mariga, disenyi di nna dinnye. Fela go gakololwa gore go elwetlhoko le go sela morago tsamaiso ya tshireletso ya sejalo. Dingwe tsa disenyi tse di tlwaelegileng tse di fitlhelwang ke: Bollworm, aphids, Root fly, diamond-back moth le webworm.

Malwetse

Malwetse a a tlwaelegileng thata ke blackleg, black rot, downy mildew, cubroot, soft rot le sclerotinia rot.