Broccoli ka Kakaretso

© Louise Brodie

Leina la Bonetetshi: Brassica oleracea
Maina a Tlwaelô: Broccoli, Italian Broccoli kgotsa Calabrese Broccoli

Tlhalosô ya Sejalo

Broccoli e tlhoga jaaka ngatana e e bulegelang goya godimo ya matlhare ale 8 goya go 12 a matala a a dirang sebopego ya mogope, ka tlhogwana ya sethunya kgotsa ya broccoli e e tlhogang gotswa mo bogareng. Tlhogwana eno ke morogo o o dikotla o o jewang. E dirwa ke manono ale mantsi a a dirang dikalana tse di kokoaneng ka kitlano, nngwe le nngwe ka tlhogwana ya sethunya, mme mmogo di dira tlhogwana-kgolo. Broccoli ya thitô e e boleta ke mofuta o o nang le dithitô tsa tshesanyana di le telejana ka ditlhogwana tse di nnye, mme go na le mefuta ya broccoli e mengwe e e jalelwang fela tiriso ya matlhare a yona.

Ditiriso

E jewa jaaka morogo, e a gadikwa, e a bediswa mme ka nako dingwe e jewa ele tala mo disalateng. Broccoli e kaiwa fa ele mongwe wa merogo e e dikotla go gaisa. E na le seelo se se kwa godimo sa vitamin A le C. Broccoli gape e na le seelo se se kwa godimo sa esiti ya folic, magnesium, calcium le iron. Broccoli e na le fibre e e kwa godimo mme e na le dimelô tse go begwang di lwantsha dibaka tsa kankere mo mebeleng ya rona.

Ditlhokegô le Paakanyô ya Mmu

Broccoli e dira sentle mo mebung e e motlhaba ya serokwa e e nang le kelometsi e e siameng, e e nang le seelo se se kwa godimo sa monontsha wa tlhagô kgotsa e e tsentsweng motshotelo sentle. Broccoli e tlhoka pH ya mmu e e mo magareng ga 6 le 6.8, mme tshiamiso nngwe le nngwe ya pH e e tlhokegang e dirwa ka yona nako e. Mebu e baakanngwa ka go peta mme e lengwe kwa boteng jwa 600 mm. Ka nako eno, lime, mosutele kgotsa motshotelo mongwe le mongwe o o tlhokegang pele ga jalô o ka lemelelwa mo mmung. Mogoma wa papetlatsheko o ka diriswa go baakanya le go lekalekantsha lefatshe le go tlileng go jalelwa mo go lona.

Bosa

Broccoli ke sejalo sa bosa jo bo rurufetseng mme e gola ka go gaisa fa dithemphoritšhara di fetofetoga magareng ga 14°C le 20°C. Ga e dire sentle mo dithemphoritšhareng tse di kwa godimo ga 24°C. Broccoli e tlhagiswa gantsi mo Afrika Borwa ka mariga le tshimologong ya dikgakologo.

Dijadi

Valiant, Ares, Romanesco, Early Pearl, Pharos, Calabrese, Imagine, Waltham, Naxos le Rapini.

Translated by Nchema Rapoo