Jalô ya Beetroot

© Marinda Louw

Jadisô

Jadisô ke gotswa peong.

Mokgwa wa Jalô

Jala dipeo tsa beetroot ka tlhamalalô mo mmung kwa boteng jwa 20mm. Dipeo di jalwa mo meleng e e katoganeng ka 20cm, mme kwa tshimologong ka katoganô ya 2cm, mme fa di sena go mela di a kitlanngwa mme dijalo tseno di ka diriswa go tswala diphatlha. Dipeo gape di ka jalelwa mo makiding, mme fa matlhogela a sena go tlhoga le go golela kwa boleeleng jwa 10cm a ka jalololwa. Seno ga se dirwe ke balemi ba ba golo ba kgwebo ka ntlha ya gore ntshô-tlhagiso e e siameng e tlhoka dijalo tse di ka nnang 500 000 mo hekethareng, mme mokgwa ono o tlhwatlhwa-godimo.

Katoganô

Dijalo kwa bofelong di tshwanetse go ka katoganngwa ka 5 goya go 10cm goya ka bogolo jwa bete jo bo eletswang. Di jalwa mo meleng e e katoganeng ka 20cm. Ka ditselana tse di diretsweng maotwana a didiriswa le badiri, o tshwanetse go sala ka dijalo tse di ka nnang 600 000 goya go 800 000 mo hekethareng. Seno gape se farologana gotswa go motlhagisi goya go yo mongwe, goya ka gore sejalo se tlile go dirisetswa eng.

Nako ya Jalô

Beetroot e ka jalwa ngwaga otlhe mo boseng jwa dithemphoritšhara tse di eletsegang tse di mo magareng. Fela dijalo tse di gaisang mo Afrika Borwa di jalwa go simolola ka Phatwe go fitlha ka Sedimonthole.

Paka ya Kgolô

©Louise Brodie
Dikgwedi di le pedi (Dibeke di le robedi) mo lobakeng lwa dibete tse potlana tsa bomolagare jwa 40 goya go 50mm, le dikgwedi di le 3 (dibeke di le 12) mo lobakeng lwa dibete tse kgolo tsa bomolagare jwa 60 goya go 70mm. Fa di tlogelwa sebaka se se telele mo mmung di ka simolola go thatafala mme boleng jwa thekiso-boforeshe bo a nyelela.

Kumiso

Pele ga jalô le ka motsi wa paakanyô ya mealô ya jalô e e tlhatlhogileng, motshotelo le mosutele wa dikgogo di ka tlhakanngwa mo mmung o o fa bogodimong jwa 200mm. Morago ga jalô, kobelo ya tlhokakhabone e ka tshelwa mo godimo ga karolo e e jadilweng. Fa dijalo di setse di tsepame, mo sebakeng se se ka nnang dibeke di le tharo morago ga go tlhoga, tshela 400kg ya LAN kgotsa monontsha wa seeledi o o lekanang le seo. Dibeke di le tharo morago ga tshêlô ya ntlha tshela seelo sa Nitrogen se se lekanang le sa tshêlô ya ntlha ka go dirisa Potassium Nitrate.

Nosetsô

©Marinda Louw
Nosetsa ka bosesane morago ga jalô go netefatsa fa mmu o metsifetse ka tshwanelo. O seke wa nosetsa go feta selekano ka ga seno se tlile go ama melô. Seelo se se ka nnang 25mm ka malatsi ale lesome a ntlha se tla siama. Fa dijalo di sena go tlhoga, magareng ga 35 le 50mm ka beke e tla nna seelo sa nosetsô. Nosetsô tse di kwa godimo tse di ka fitlhang go 50mm ka beke di a tlhokega fa dithemphoritšhara le seelo sa mowafatso di le kwa godimo.

Translated by Nchema Rapoo