Beetroot

© Chris Daly
Leina la Bonetetshi: Beta vulgaris
Leina la Tlwaelô: Beetroot kgotsa Bete

Tlhalosô ya Sejalo

Beetroot ke sejalo se se golang mo dingwageng di le pedi. Mo ngwageng wa ntlha o gantsi e kotulwang ka ona, e tlhagisa matlhare a sebopego sa pelo mo thitông ya bokhutshwane jwa 10 goya go 15cm, le medi e e rurugileng e e bitswang bete e eleng lobaka-logolo lo e lo jalelwang. Mo ngwageng wa bobedi wa kgolô, fa e ka tlogelwa mo mmung e tlile go thunya le go tlhagisa peo.

Ditiriso

Matlhare a beetroot a ka apewa le go dira morogo o o tatso mo boêmông jwa sepinatšhe, mme a humile ka vitamin A. Bete e humile ka vitamin C le di-antioxidant. Di ka apewa le go jewa di le bothitho kgotsa di tsidifetse jaaka salate. Gape di dirwa matute.

Ditlhokegô le Paakanyô ya Mmu

Mebu ya serokwa e e motlhaba e a gaisa. Mebu e tshwanetse go nna boteng ka go nna le kelometsi e e siameng. Mebu e e bokete ya mmopa e tshwanetse go ka tilwa. Mebu e e esiti e e nang le pH e e kwa tlase ga 6 ga e a siama. pH ya mmu e e eletsegang ke magareng ga 6.2 le 6.8.
Dibete di rata mebu e e nang le monontsha o montsi. Mebu e tshwanetse go lengwa, go phepafatswa le go lekalekantshwa pele ga jalô. Mo nakong eo, motshotelo le mosutele di ka lemelelwa mme mmu o tshwanetse go ka tlhakatlhakanngwa kwa boteng jwa 300mm. Karolo e go tlilweng go jalelwa mo go yona e ka dirwa mebotwana ka seatla kgotsa ka metšhine. Mebotwana e tshwanetse go nna bophara jwa 1200mm le boleele jo bo magareng ga 200 le 250mm. Mebotwana e tshwanetse go nna phaphathi fa godimo go dira mealô e e tlhatlhogileng e go tlilweng go jalelwa mo go yona.

Bosa

Beetroot ke morogo wa bosa jo bo rurufetseng, o o dirang ka go gaisa mo dithemphoritšhareng tsa 14°C goya go 20°C. Kgolô le kgatelopelo ya dibete e senyega mo dithemphoritšhareng tse di kwa tlase ga 5°C le tse di kwa godimo ga 26°C. Di ka falola segagane se se sesane fela seno se senya matlhare mme ka jalo se kganele kgolô le kgatelopelo ya bete ka fa tlase ga mmu.

Dijadi

Early Wonder, Osprey, Crimson Globe, Detroit Dark Red, Merlin, Globe Dark Red, le Star 1105.

Translated by Nchema Rapoo