Dielô tsa Antioxidant tsa Maungo a Selegae

Dipatlisiso tse di kgatlhisang di sekasekile maungo a selegae a Afrika Borwa ale lesome go bona tiragatso ya ona ya bo-antioxidant, mme ya bapisa dipholô le tsa blueberry le cranberry. Bogale jwa antioxidant e ne ele jo bo simololang kwa godimo goya kwa tlase: Mosalasaia, motlhware, Cape sumach (colpoon), blueberry, Christmas berry, mokukutu, kowa, cranberry, mmaba, bietou, mothokolo, Mhawa. Blueberry le cranberry tse di humileng ka antioxidant di tswile mo maêmông a botlhano le borobongwe, ka tatelano.
Go supilwe gore go ja bonnye jo bo ka nnang 25g jwa mosalasaia, kowa, mothokolo kgotsa mhawa go ka nonotsha tsêô ya gago ya tsatsi ka tsatsi ya antioxidant. Maungo otlhe ano a tlwaetse ke go jewa ke merafe ya kwa metse-selegaeng mo Afrika Borwa.
Antioxidants di bomolemô mo mmeleng ka di koafatsa le go ntsha ditlhasedi mo mading. Go oketsa antioxidants mo phepông ya gago go ka sireletsa mmele kgatlhanong le malwetse a pelo, matlho le mogopolo, ga mmogo le matsapa a maikutlo le go fokotsa kotsi ya ditshwaetsego.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo