Corchorus ke Jew's Mallow

Thelele (Corchorus olitorius) ke morogo o o matlhare ole dikotla mme o jewa mo Afrika Borwa, o wela mo setlhopheng sa merogo e e matlhare e e itsagaleng jaaka morogo kgotsa imifino.
Go dumelwa fa e lemilwe lantlha kwa Egepeto ya bogologolo mme nako dingwe e bitswa sepinatšhe sa kwa Egepeto kgotsa molokhia ka se-Arabic. E tshamikile gape karolo mo ngwaong ya bogologolo ya Sejuta, ke ka fao leina le lengwe la yona ‘Jew’s Mallow’. Sejalo se itsagale mo Afrika Borwa jaaka wild jute, wilde jute (Afrikaans), thelele (Sepedi), delele (Tshivenda), gushe kgotsa bush okra, mme se fitlhelwa ka go anama kwa dikgaolong tse di senang dipula tsa Afrika le Botlhaba Gare. Thelele e fitlhelwa kwa nageng kgotsa gaufi le metse-magae kwa diporofenseng tsa Afrika Borwa tsa KwaZulu-Natal, Limpopo, Kapa Botlhaba le Mpumalanga.
Thelele ke more wa ngwaga le ngwaga o o golang ka go tlhamalala kwa boleeleng jwa magareng ga 20cm le 1.5m, goya ka sejadi. Matlhare a a foreshe le matlhagola a a foreshe a kotulelwa dijo. Matlhare a diriswa mo kalafong ya kgotelô ya setlha, gonorrhoea le go rota go go botlhoko. Dithito tse di magwata di diriswa jaaka motswedi wa tlhale ya jute e go dirwang masela le pampiri ka yona, fa logong le le botlhofo le ka dirisetswa go dira mokgwaro. Dipatlisiso ka University ya Fort Hare di bontshitse fa matlhare a thelele a le kwa godimo ka dikotla fa go bapiswa le khabetšhe le sepinatšhe.

Go Ja Thelele

Matlhare a thelele a dikotla thata, a na le protein e e kwa godimo ya 4.5%, e humile ka beta-carotene, iron, protein, calcium, B-vitamins, folate, vitamin C le E, le fibre ya phepô. Le fa thelele nako dingwe e tshwantshwanngwa le sepinatšhe, phopholego le tatso ya yona e a farologana; e ‘bommu’ go fetisa. Tatso ya yona e tlaleletswa ke garlic le ratsuru e e foreshe. Matlhare a thelele gantsi a bedisetswa mo morong wa kgogo, mme a tsenngwe tatso ka garlic le coriander e e omisitsweng mme e tshôlwe ka reise.
Matlhare a ka jewa a le matala kgotsa a apeilwe, fela a nna bolele fa a apeilwe, go tshwana le okra. Fa go apewa matlhare a phopholego e e magwata, jaaka a cowpeas, go tsenya matlhare a thelele go dira gore go nne bonolo gore batho ba ba tsofetseng ba kgone go metsa. Go fokotsa bolele, bicarbonare soda e ka tshelwa mo seeleding se se belang.
Matlhare a maša a tsenngwa mo disalateng. Matlhare a a omisitsweng a diriswa go kgotlaganya disopo kgotsa a ka silwa go nna bopi gore a bolokwe sebakanyana. Le fa a gaisa fa a jewa a le foreshe, go bolokega ga matlhare a thelele go ka atoloswa ka komisô; matlhare a a foreshe kgotsa a a apeilweng a bopiwa go nna dikgwele mme a omiswe ka letsatsi. Maungo a a sa butswang a ka omiswa le go silwa go nna lorole lo lo dirang sauce.

Go Jala Thelele

Thelele e mediswa bontle gotswa mo peong, e jalwa ka katoganô ya 10 cm mo meleng, ka seelo sa 5 - 6 kg mo hekethareng. Inela dipeo mo metsing a a bothitho diura di le 24. E jalwa bontle kwa tshimologong ya paka ya dipula. Thelele e itshokelana thata le maêmô a mmu. E ithatela maêmô a a bothitho le dithemphoritšhara tse di mo magareng ga 16°C le 25°C, fela e tshaba komelelô mme ga e a tshwanela go jalelwa mo moriting. Nosetsô e botlhokwa morago ga jalô le jalelelô.
Dipatlisiso ka Agriculture Research Council (ARC) di bone fa ntshô ya thelele e tokafala ka tshelô ya monontsha, segolo thata nitrogen. Nitrogen go begwa gape fa e rotloetsa boleng jwa dikotla jaaka nitrogen (N), calcium (Ca) le phosphorus (P) fa go tsenngwa ga calcium (Ca) le magnesium (Mg) mo mmung go ka tokafatsa popego ya tlhale mmogo le ntshô le boleng jwa matlhare a thelele.
Disenyi tse di tlwaelegileng thata tsa thelele ke motlhwa, ditsie, maritshe, diboko le matsêtsê. Pôlô ya thito (Sclerotium rolfsii) e ka laolwa ka tikoloso-jalô le tiriso ya mealô e e tlhatlhogileng.
Matlhare le matlhogela a a boleta a ka kotulwa go simolola mo malatsing ale 30 - 60 morago ga jalô (kgotsa pele maungo a butswa) goya ka mofuta. Kotulo ya kgapetsa-kgapetsa (dibeke dingwe le dingwe di le pedi kgotsa tharo) e atolosa setlha.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo