African Ginger Oil

© Ton Rulkens
Oli ya African Ginger oil (Siphonochilus Aethiopicus) e tlwaelegile that mo setshabeng sa baZulu ka ga ba e dirisa jaaka pheko e e sireletsang kgatlhanong le dinoga le tladi. Gantsi e dirisediwa phekola ya mala ka gore e thusa tshilo ya dijo, e phekola bolwetse jwa mafatlha, mme e thusa motho ka go hema le go fodisa febere (fever) le gofufula go go tseneletseng. Ke pheko ya borurugi, e bile ke molemo o o bolayang megare, le go fokotsa matlhoko a mmele. BaSwati bone ba ne ba e dirisetsa go phekola Malaria, mme e kgona le go thibelela bolwetse jwa dipere.
Unibesiti ya Cornell Medical school, fa e dira dipatlisiso, e fitlhetse enzyme e e bidiwang “Gingerol” mo go yone, mme go dumelwa fa e kgona dira gore di-cells, di kgone go ipopa kgotsa “clot”. E thusa go thibelela bolwetse jo bo tlisang bogatsu (strokes). Ginde oil e dirisediwa go phekola ramatiki, bolwetse ba marapo, matlhoko a mala, go feroga dibete le bolwetse ba selatsa kgotsa babalase. E thusa kgatlhanong le mofikela, matlhoko a mometso, go thibana ga mafatlha, go gotlhola le sinusitis.
Mathata a letlalo a a tshwanaang le diso le matsadi a ka alafiwa ka Ginger oil. Boleng jwa yone jwa go futhumatsa, bo thusa kgatlhanong le manyaapelo a mariga (winter depression), e bile bangwe ba e dirisa jaaka aphrodisiac. E ka tsentshiwa mo di-lotlotsi tsa mmele, kgotsa e dirisediwe hot compression go alafa ramatiki, matlhoko a mesifa le go thusa phallo ya madi (blood circulation)
Sejalo se se golela kwa tlase, ka dithunya tse dintle tsa mmala o o phephole, mme kutu ya sone ke yone fela e e dirisiwang. E na le boleng ba diminirale tse di kwa godimo, ga mmogo le di-vitamin tsa B3 le B5. African Ginger ya naga, e mela kwa Mpumalanga le kwa profinsing ya Northern Province. Phatudi e e fetelletseng ya kutu e, e dirile gore sejalo se se nyelele kwa profinsing ya KwaZulu-Natal. Ginger e tlhoka mmu o o nonofileng thata (well-composted), mme katiso ya yone, e ka kgonagala ka tsela ya go kgaogantsha ‘Rhizone” ya yone ka paka ya mariga.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Ikalafeng Maedi