Tshobokanyo ya Merogo ya Selegae ya Afrika Borwa

© Chris Daly
Le fa e ikgatholositswe le go sa diriswe ka botlalo mo Afrika Borwa, merogo ya selegae e ka atolosa dithulaganyo tsa temô, ya netefatsa fa go nna le dijo ka metlha mme e thuse go fokotsa khumanego, fa e ntse e oketsa lotseno le go tokafatsa boitekanelo jwa batho.
Merogo ya selegae e kgona go itshokela maêmô a tikologo a a makgwakgwa, ka e setse e itlwaeditse maêmô a selegae a Borwa jwa Afrika (ka ge bontsi jwa yona e gola kwa sekgweng) mme ka jalo a siametse tlhagiso e e senang nosetsô. Mo godimo ga fao, merogo enô ke karolo ya ngwaoboswa ya kgaolo.
‘Merogo e e matlhare ya Afrika’ e kaya setlhopha sa mefuta ya sejalo se se diriswang jaaka merogo ya matlhare mme se bitswa gape morogo kgotsa imifino ke batho ba selegae mo Borwa jwa Afrika. Merogo e e matlhare ya Afrika e bopa karolo ya phepô ya tsatsi le tsatsi go di-million tsa maAfrika-Borwa (gantsi ba kwa magaeng) mme e humile ka dikotla tse di jaaka vitamin A le iron.
Dikalana tse diša tse di hupang metsi, dithunya le maungo a a santseng ale maša thata, di diriswa jaaka merogo. Dijo di ka dirwa gotswa mo morogong o le nosi kgotsa gotswa mo go kopanngweng ga mefuta e e farologaneng. Go tsenya tatso, ditswakwa tse di jaaka ditamati, dieiye, bopi jwa matokomane le dinoki di ka diriswa. Bontsi jwa dijalo tseno bo kgetlwa kwa nageng, fa di le mmalwa di lengwa, segolo bogolo go fepa malapa a kwa magaeng.
Ga jaana, Agricultural Research Council (ARC) e dira maiteko a go rotloetsa jalô le tiriso ya merogo enô ke balemi, basadi le ditlhopha tse di mo kotsing. Manaane a dipatlisiso a ARC a tsepamisa megopolo mo tlhamong ya mekgwa-tiriso e e botoka ya temô, mekgwa ya jalô le kotulo e e tokafatseng, go bona ditlhokegô tsa metsi le monontsha tse di eletsegang, tlhamô ya setlhagiswa se se ntšhwa le togamaano ya tekatekano ya mmu le metsi. Tshedimosetso enô e tlile go diriswa go tlhama ditaelo tsa tlhagiso ya merogo e e matlhare ya Afrika.
Lenaane la dipatlisiso le batlisitse dijalo tse di latelang:
Thepe
Lerotho (Cleome gynandra)
Lešwe
Lethotho (Solanum retroflexum)
Maphutshe le lekatane
Cowpea (Vigna unguiculata)
Amadumbe (Colocasia esculenta)
Thepe, lešwe le lerotho ke dimela tsa setso tsa merogo e e matlhare tse di nang le boleng jo bo kwa godimo jwa dikotla, ka seelo se se kwa godimo sa calcium, iron le di-vitamin A le C. Thepe le lešwe di humile gape ka protein le fibre. Le fa dimela tseno di ka kaiwa ele dimela tsa taolo e e kwa tlase mme di kgona go tlhoga mo mebung e e bokoa, dipholô tsa dipatlisiso di bontsha fa thôbô e ka oketswa ka go tshela monontsha kgotsa go ungwisa mmu ka motshotelo.

Thepe

©Dinesh Valke
Sejalo se se mere-mentsi se se golelang kwa boleeleng jwa 30 cm goya go 2 m. Matlhare a maša, dintlhana tsa kgolô le matlhogela a a feletseng tsotlhe tseno di diriswa jaaka merogo. Dithôtsê di apewa jaaka dithoro, di silwa go dira bopi le go omiswa. Matlhare le dikalana di a silwa go dira motsoko. Go ‘mefero’ yotlhe e e kaiwang ele merogo e e matlhare mo Afrika Borwa, thepe ke yona e e nang le bokgonegi jo bo gaisang go nna sejalo sa kgwebo.

Lerotho

Sejalo se se mere ka matlhare a a moritshana le dikalana, matlhare a lerotho a momagane - jaaka menwana mo seatleng - mme a diriswa fa a sale maša. Nako dingwe le na le botlha, le ka apeelwa mo mašwing ka ditamati mme a tshôlwe jaaka sepinatšhe, go tsenya tatso e e bogale mo dijong.

Mefuta ya Corchorus

E tsigale thata jaaka thelele (Corchorus olitorius le Corchorus tridens), semela seno ke more wa ngwaga le ngwaga, ka dithunya tse di nnye tse di serolwana. Thelele e e apeilweng e na le moutlwalo o o bolele, go tshwana le okra. Go fokotsa go nna bolele, bicarbonate soda (kgotsa le moroto wa kgomo tota) e ka tshelwa mo metsing a go apewang ka ona.

Lethotho

Lethotho ke sejalo se se mere se se golelang kwa boleeleng jwa 75 cm, mme le itsagale gape ka ntlha ya leungo la lona le le nnye mme le phatsima ka mmala o o phepôle-bontsho, le le ka jewang le le foreshe fela le diriswa gantsi mo dijêmêng. Leungo le le tala le botlhole. Matlhare le matlhogela a maša di a apewa, fela matlhare a ka jewa a le matala.

Maphutshe le Lekatane

Matlhare a maphutshe le makatane (Citrullus lanatus) a diriswa jaaka merogo e e matlhare. Ke maloko a lolapa lwa Cucurbitaceae, dijalo tseno di tshwana le morara ka go ipetleka, ka jalo gantsi di dirisetswa go laola mefero fa di lemilwe. Gape, di kgetlwa kwa nageng, matlhare, matlhogela, dithunya le maungo a maša tsotlhe di a apewa, fa dithôtsê tse di besitsweng di tumile jaaka dijo tsa boiketlo.

Cowpeas

©Jud McCranie
Sejalo sa cowpea ke semela sa letlhare le nawa se se tlholegileng mo Afrika. Matlhare a a foreshe le ‘dithôtsê’ ka bobedi di jewa jaaka merogo, fa sejalo ka bojotlhe se diriswa jaaka sefepi sa diphologolo, se le foreshe kgotsa jaaka furu kgotsa silage. Bopi jwa cowpea bo diriswa mo go beikheng ga mmogo le mo bodirelong jwa nama e e phetotsweng jaaka mo manathwaneng a kgogo. Cowpeas di na le protein e e kwa godimo (18 goya go 35%) le carbohydrate (50 goya go 65%) le B vitamins.

Amadumbe

©David J. Stang
Amadumbe, a a bitswang gape taro, ke morogo wa modi o o itsagaleng jaaka ‘tapole ya di-tropic’. Ga e tsalane le tapole e e tlwaelegile, medi ya amadumbe e e statch e apewa ka go tshwana, fa matlhare le dithunya tsa ona di itumelelwa jaaka merogo e metala, e tumile thata kwa Afrika Bophirima.

Translated by Nchema Rapoo