Tsamaiso ya Ditlhare tsa Maungo a Digaranata

© Mahdi Karimi
Ntshokuno ya bogwebi ya digaranata e tlhoka tiro ya diatla ya gangwe le gape go netefatsa kgolo ya maungo a mmala o o siameng. Mekgwatiriso ya tsamaiso ya digaranata e akaretsa go poma, go tshegetsa, go tsha maunga a mangwe, tshireletso kgatlhanong le phiso ya letsatsi le tsamaiso ya disenyi.

Go Poma Digaranata

Digaranata di ka mela jaaka ditlhatshana tsa dikutu di le mmalwa (dikutu di le tharo go ya go tse thataro ke tse di gaisang) kgotsa kutu e le nngwe. Go tlhokomela go lekanyetsa botelele jwa go 2 - 2,5 m jaaka se se le bonolo go dira ka sona ka diatla. Fa go tlhoma tshimo ya maungo digaranata e ntšhwa, balemirui ba tshwanetse go leka gore e ka nnang 80% ya tiro ya diatla mo ditlhare e tshwanetse go dirwa kwa ntle ga go dirisa dillere, go gakolola Jorrie Mulder, mogakolodi wa setegeniki ya Mokgatlho wa Ntshokuno ya Digaranata mo Aforika Borwa - POMASA.
Ditlhare tsa dikutu tse di mmalwa di na le go butswa ka bonalo mmme go le gantsi se na le makala a go ntsha maungo mo kutung e le nngwe fa ditlhare tsa kutu e le nnngwe e le bonolo go tlosa motlhagela go tswa mo botlaseng jwa kutu. Bobedi ditlhare tsa dikutu tse dimmalwa le tsa kutu e le nngwe di ntsha le bokana ba kumo jo bo tshwanang le jwa maungo.

Go poma ga setlhare sa maungo go tla akaretsa thata go tlosa ga kgolo e e fetelelang, dikala tse di suleng le matlhogela.
Go kgona go bopa sebopego sa setlhare le botelele, se tshwanetse go pomiwa ka nako ya mariga. Go tshola magareng a ditlhare a bulegile (go fitlhela tsenelelo e e botoka marang a letsatsi le go fokotsa bongola) pomo ya selemo e atlanegisitswe.

Go Tshegetsa Digaranata

©Marinda Louw
Go tshegetsa ditlhare tsa digaranata go atlanegisiwa go tshegetsa dikala tse di tshotseng maungo a a bokete. Jaaka maungo a butswa, a wisa makala. Se se tla tsweledisa maungo kwa letsatsing mme go ka tlisetsa phiso ya letsatsi e e boitshegang. Thulaganyo ya tshegetso ya sebopego sa V e tla tshegetsa makala, bula bogare jwa setlhatshana go letla tlhagelelo letsatsing e e botoka mme gape e tla letla kgasetso e e botoka.
Mosola e e meraro ya go feta ya tshegetso ya digaranata ke:
Tshegetso e fokotsa phefo mo maungong. Maungo a mo ditlhareng tse di tshegeditsweng ga se gantsi a kgotlhana le a mangwe mo malatsing a a nang le phefo.
Phiso ya letsatsi ke e kwa tlase. Tshegetso e letla makala go gola ka tsela e e sireleditseng maungo ke matlhare.
Tshegetso e okeletsa boalogodimo go ntsha maungo.

Go Fokotsa Maungo

Digaranata di ntsa dithunya mo dinakong di le tharo go tloga ka kgwedi ya Lwetse go ya Ngwanaitsele, se se rayang gore maungo a tla butswa mo dikgatong mme di tla tshwanela ke go robiwa ka dinako di le mmalwa. Ka kakaretso, dithunya tsa pele di tla uma maungo a magolo (nako e telele ya go tlhoga).
Maungo a mantsi mo ditlharenga tla nna le seabe se se sa siamang mme ama bogolo jwa maungo le go fokotsa bokana ba kumo mo gammogo le maungo bokana ba kumo ya setlha se se latelang. Go tila seno, fokotso ya maungo kgwedi morago ga go thunya go mosola.

Go botlhokwa gape go mosola go fokotsa ditlhare tse di golang ka go kitlana - tlosa maungo a mannye. Kitlano ya maungo e tlhola tikologo e e siameng ya ditshenekegi le malwetse go tswelela pele. Mme gape tlosa maungo a a senyegileng le maungo a melang mo makaleng a a senyegileng.

Marang a Letsatsi mo Digaranateng

©Marinda Louw
Digaranata di gola gagolo mo dikgaolo tse di bollo ka dithemperetšha tsa tekatekanyo magareng ga 32℃ le 35℃. Mo ditlhareng tsa bašwa tse di nang le matlhare a a mmalwa, marang a a letsatsi a a tseneletseng a tlhola phiso ya letsatsi ka go bopa dipatso tse dintsho mo matlalong a maungo a a boitshegang. Seno se tla dira gore maungo a se kgone go rekisega mme go ka isa g maungo a a phanyegileng.
Dikgato di le mmalwa di ka tsewa go thibela phiso ya marang a letsatsi:
Baakanya go nosetsa le monontsha.
Tiriso ya tshireletso ya baemedi ba UV.
Dikgetsana tsa dipampiri: Dithapolo di akaretsa go kgobolwa (e e tlholwang ke go gotlha pampiri mo letlalong), disenyi di sa ntse di kgona go tsenelela go senya maungo le ditshenyegelo.
Go Tsenya Moriti wa Letlowa: Tekolo ya meriti e e farologaneng ya letlowa kwa Mokgatheng wa Riebeeck e santse e dirwa le ga jaana (2019).
Dirisa tsamaiso ya tshegetso.

Tshireletso ya Dijalo mo Digaranateng

Ga go tshekatsheko e ntsi e e dirilweng mo Afrika Borwa ka disenyi le malwetse a digaranata, mme dijalo tse dintšhwa di le mmalwa tse di kwadiseditsweng go dirisiwa dikgatsha mo digaranateng magareng ga 2014 le 2018. ‘Letlole la Dijalo tse Dingwe’ la Lefapha la Temothuo la kwa Kapa Bophirima le abilwe matlole a thulaganyo ya go ikwadisa ga dimela tse. Seno se thusitse go oketsa dintshetsontle tsa digaranata, jaaka e thusitse go bula mebaraka e mešwa go digaranata tsa mo Afrika Borwa.

Tshenyego e kgolo ya garanata ke false codling moth. Disenyi tse dingwe di akaretsa aphids, mealy bug, scale, fruit fly le thrips. Thrips e tlhola gore letlalo gore le senyege e e bakang go phanyega le ditshwaetsego tsa di latelang.
Malwetse a a botlhokwa a digaranata ke botrytis (polo ya korone), Alternaria (pelo e ntsho) Phytophtera le ka kgobalo ya ditwatsi.
Mmele o o golofetseng go akaretsa tshenyo ya kwa gare, phanyego ya maungo le kgobale ya serame le maungo a a golofetseng.
Go le gantsi, maungo a anang le bothata e a bonwa kwa ditlahreng tsa maungo, e e tlhokang go tlhopiwa go gonnye fela go go dirwa mo setorong sa go phuthelwa.
Tshenyego e kgolo ya digaranata ke go bulega ga leungo le le budule mme le ka senya kumo e e ka nnang 50% ya thobo. Nosetso ya ka metlha le thulaganyo ya menontsha e e lolameng e ka fokotsa tshenyego.

Translated by Lawrence Ndou