Tlhagiso ya Raisin

Tlhagiso Boditšhabatšhaba

©Glenneis Kriel

Turkey ke motlhagisi yo mogologolo wa raisins mme e santse ele naga e e tlhagisang raisin ka bontsi go feta mo lefatsheng. E selwa morago ke USA. Dinaga tse dingwe tse di tlhagisang raisin ke Afrika Borwa, Australia, Chile, Greece, Iran, Uzbekistan le Afghanistan.

Tlhagiso ya Afrika Borwa

Bodirelo bo tlholegile go ikala le Noka ya Orange kwa Kapa Bokone mme bo tlhabologile go tloga ka ngwagakgolo wa bo-20. Bosa jo bo mogote bo omeletse jwa kgaolo bo siametse tlhagiso ya terebe mme bodirelo jwa raisin bo teng go bapa le go tlaleletsa bodirelo jwa diterebe tsa tafole tse di foreshe mo kgaolong. Diterebe di kotulwa kwa tshimologong goya kwa bogareng jwa selemo mme di omiswa le go phetolelwa mo kgaolong. Dipoelo tse di ntle mo mebarakeng ya selegae le ya boditšhabatšhaba di tlamela moputso go kgolô e e tsweletseng ya bodirelo. Mmaraka o mogolo go fetisa wa diromelwa-ntle tsa raisin ya Afrika Borwa ke goya kwa Yuropa kwa di rekiswang teng kwa Germany, Netherlands, United Kingdom le France. Afrika Borwa gape e romela-ntle raisins goya kwa USA le Canada.

Kgaolo ya Tlhagiso

Kgaolo-tlhagiso ya raisin e kgolo go gaisa mo Afrika Borwa ke go ikala Noka ya Orange kwa Kapa Bokone mme kgaolo eno e tlhagisa go ka nna 90% ya tlhagiso ya selegae ya raisin. Mo sešweng tlhagiso ya raisin e gola gape kwa kgaolong ya Namaqualand.

Paakanyô

©Glenneis Kriel

Raisins ka tlwaelo di omiswa ka letsatsi mme le fa komisô ka letsatsi ele mokgwa yo o seng tlhwatlhwa-godimo, setlhagiswa se tsenelelwa ke dielemente le kgonagalo ya kgotlhelego ya tikologo, microbe le ditshenekegi. Batlhagisi gape ba omisa diterebe ka go dirisa maemô a komisô ya mo moriting kgotsa ba kgadisa diterebe metsi ka metšhine ka mo gare ga mafelo a komisô ka fa tlase ga maemô a bongôla le themphoritšhara tse di laolwang. Go latela tsamaiso ya komisô, raisins di a tlhaolwa mme dilwana di sele di a ntshwa. Raisins gantsi di tlhatswa ka sulphur dioxide jaaka sesomaredi morago ga gore tsamaiso ya komisô e wetswe.

Ditiriso

©Louise Brodie

Raisins di jewa jaaka dijo tsa boiketlo kgotsa ka mo disalateng mme di diriswa ka go anama mo go apayeng le go beikheng. Raisins di humile ka fibre, carbohydrates le diminerale tse di jaaka iron le copper. Raisins gantsi di tswina mme jaaka ka ge raisins di na le glycemic index e e kwa tlase, gantsi di tshitshinngwa jaaka sejô sa boiketlo mo taolông ya bokete jwa mmele.

Translated by Nchema Rapoo