Tlhagiso ya Phaenapole

©Roger de la Harpe

Phaenapole e e bopegileng jaaka khounu ya phaene (Ananas cosmosus) ke leungo la boboatsatsi mo Afrika Borwa mme le jalwa kwa dikgaolong tsa boboatsatsi go ralala lefatshe. Leungo ke leloko la lolapa lwa Bromeliaceae, lo lo tlholegang kwa Amerika ya boboatsatsi. Ke lolapa lwa dimela lo lo mefutafuta ka mefuta e e fetang 3470, e bontsi jwa yona eleng dijalo tse di rategang tsa mo ditshingwaneng.

Phaenapole e tlotlomaditswe ka dingwao tsa bogologolo tsa kwa Amerika kwa e neng e diriswa jaaka leungo le le foreshe, mo melemong ya batsogapele, mme ditlhale tsa matlhare di ne di diriswa jaaka lesela.

Go Lema Diphaenapole

©Louise Brodie

Diphaenapole tse di humileng ka Vitamin C, leungo-tswako la meretlwa e mennye e e papetletsweng mmogo, di tlhagiswa jaaka leungo le le esi le le bopilweng mo gare ga setlhopha se se dikologang sa matlhare se se melang gotswa mo thitong e kima. Semela se sa boboatsatsi se rata bosa jo bo bothitho jwa phefo e e bongola jo bo senang segagane, mme se gola bontle mo mmung o o motlhaba ole esiti go se nene.

Diphaenapole di kotulwa gabedi mo dingwageng dingwe le dingwe di le tlhano. Kotulo ya ntlha ke mo dikgweding di le 26 goya go 30 mme kotulo ya bobedi ke dikgwedi di le 18 morago ga fao. Jalo ya diphaenapole e a thetheekêdiswa go netefatsa fa diphaenapole di kotulwa tsatsi le tsatsi gantsi mo ngwageng. Kotulo ya diphaenapole mo Afrika Borwa e simolola ka Mopitlwe mme e tswelele go fitlha mo bogareng jwa Sedimonthole.

Go na le mefuta-mogolo ele mebedi ya diphaenapole tse di jalelwang kgwebo mo Afrika Borwa, Cayenne ya letlhare le le borethe (e tlhagiswa thata kwa Kapa Botlhaba) le Queen ya letlhare le le mebitlwa (e tlhagiswa thata kwa KwaZulu-Natal).

Queen e tswina go feta mme gantsi e rekiswa jaaka leungo le le foreshe, fa bogolo le seelo sa matute se se kwa godimo tsa Cayenne di e dira gore e tshwanele phetolelo go senomatute le ditlhagiswa tsa bobolokela-motemeng tsa phaenapole.

Histori ya Tlhagiso ya Phaenapole

©FarEnd2018

Motsamai wa moithuti Christopher Columbus o ‘lemogile’ lantlha phaenapole ka 1493 mo setlhaketlhakeng sa Guadalupe kwa Lesser Antilles kwa lewatleng la Caribbean.

Mmogo le batsamai ba baithuti ba Bapotokisi kwa Borwa le Bogare jwa Amerika, leungo le ne la anamela goya botlhaba kwa setlhaketlhakeng sa Saint Helena, mme laya Madagascar le India ka bo-1540. Temo ya leungo e ne ya begwa kwa Nepal ka 1601, Singapore ka 1637 le Taiwan ka 1650.

Temo ya pejana ya phaenapole e ne esa tsepamela fela mo leungong le le foreshe, fela le mo tlhaleng le ditiriso tse dingwe. Ka bo-1570, naga ya Philippines e ne e dira lesela la pina gotswa mo ditlhaleng tsa matlhare a phaenapole, batho ba kwa Malaysia ba ne ba e dirisa jaaka selaola-pelegi mme baYuropa ba bahumi ba ne ba jala semela jaaka sejalo sa tshingwana se se tswang nageng esele, go akaretsa Kgosi Louis XV ka mo ntlwaneng-jalo ya gagwe kwa Versailles.

Temo-kgwebo ya diphaenapole e simolotse ka sejadi sa Cayenne kwa West Indies le Hawaii. Phaenapole eno e theilwe leina ka Cayenne, motsemogolo wa French Guiana, kwa dijalo di le tlhano di tserweng teng le go jalelelwa kwa mafelong a mangwe. Go fitlha ka ngwagakgolo wa bo-20, sejadi sa ‘Cayenne e e Borethe’ se ne se rena mo mmarakeng wa phaenapole, go fitlha sejadi sa phaenapole sa MD-2 se ne se tsaya marapo jaaka phaenapole e e foreshe e e di gogang kwa pele.

Ka ntlha ya tshelo-poloko e e totang ele khutshwane ya diphaenapole, tsamaiso-thoto ya kgwebo, ditsela tsa kgwebisano tse di khutshwanyane le mekgwa ya tshomarelo di ne le tsona tsa tlhamiwa go bapa le tlhagisetso-kgwebo ya leungo. Ka go itshupa, bodirelo jwa bobolokela-motemeng jo bo tlhamilweng ka ngwagakgolo wa bo-19 le kgolo mo dinomatuteng tsa phaenapole ka bo-1980 di ntse le seabe mo goreng diphaenapole e nne leungo la boboatsatsi le le golo go gaisa mo lefatsheng, ka tlhagiso ya ngwaga le ngwaga ya 25 million tonnes (2018), fa morago ga dipanana le di-mango.

Diphaenapole di tlisitswe mo Afrika Borwa ka 1860 mme di jadilwe lantlha kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal, mme morago tsa iswa kwa Kapa Botlhaba.

Tlhagiso ya Phaenapole ya Lefatshe

©Hiroo Yamagata

Batlhagisi ba diphaenapole ba le bararo kwa godimo mo lefatsheng ke Costa Rica, Brazil le Philippines, botlhe ba tlhagisa go feta 2.5 millin tonnes ka ngwaga. Costa Rica le Brazil ba tlamela US le Yuropa, fa Philippine e romela-ntle diphaenapole tse di foreshe kwa Japan le Korea thata.

Mo Afrika, diphaenapole di tlhagiswa kwa Angola, Tanzania le tlhagiso e e rileng mo Afrika Borwa - kwa tlase ga 100 000 tonnes ka ngwaga. Mo go ka nnang 80% ya tlhagiso ya Afrika Borwa ya phaenapole e leba kwa phetolong (sejadi sa Cayenne), mme e e setseng (Queen ka bontsi) e rekiswa mo mmarakeng wa selegae wa maungo a a foreshe.

Ditiriso Tsa Phaenapole

©Sebastian Koppehel

Diphaenapole di kwa godimo ka vitamin C, fibre ya dijo, calcium, manganese le potassium. Leungo gape ke sethusa-thugo mme le na le bolwantsha-kgotelo ka ntlha ya go nna le bromelian. Bromelian ke setlhopha sa dithugisi tse di nang le suphur tse di thugang protein, mme e ka diriswa jaaka seletefatsa-nama, go oketsa tlhapologo ya gelatin mo dinong, mo dipenteng tse di dirwang ka latex le mo tshugong ya letlalo.

Bromelian mo sebopegong sa molora, kherimi, dipilisi kgotsa jaaka ditlaleletsi-phepo e ka alafa malwetse a kgotelo a a jaaka sinusitis le arthritis mme fa e tshaswa ka tlhamalalo, e alafa dintho le go ntsha letlalo le le omeletseng gotswa mo dinthong tsa molelo.

Go ikaegile ka sejadi, phaenapole e jewa jaaka leungo le le foreshe kgotsa la bobolokelwa-motemeng, e phetolelwa go senomatute, jeme le chutney. Go kaiwa gape fa matute a phaenapole a fokotsa ditshupabolwetse tsa bolwetse jwa mosepele. Phaenapole e e foreshe e tsenngwa mo dijong tsa khêri, mme e patagana sentle le nama ya leoto la kolobê, kana ham, le dinama tse dingwe, mme e ka bediswa go tlhagisa namatswina e e bitswang nata de pina.

Matlhare a massa a phaenapole a jewa jaaka morogo mo Afrika mme leungo le le sa butswang le le botlhole le diriswa jaaka botlhole mo dintlhaneng tsa metsu. Tlhale e e mo matlhareng a phaenapole e dirisetswa go loga lesela, go dira ditlhako, matloa a ditlhapi le megala ya dibaga.

Translated by Nchema Rapoo