Thepe e e Senang Gluten
Thepe, (lotso lwa Amaranthus) e e itsagaleng gape jaaka pigweed, cockscomb le hell's curse ka English, ke mofero o o tlwaelegileng mme gape ke semela sa bogologolo. Sentle sentle ga se thorofitlholo, fela e dirwa jaaka yona. Thepe e dirisetswa matlhare a yona a a foreshe, dipeo tse di humileng ka protein le dipeo tse di silelwang go dira bopi jo bo senang gluten. E dirisitswe kwa malobeng a a fitlhang go 6 700 BC ke batho ba Aztec kwa Amerika Borwa. Mefuta e e farologaneng e tlholegile mo dinageng tse di farologaneng, fela go dumelwa fa. A spinosus le A. thunbergia di tlholegile mo Afrika.
Thepe ke semela sa ngwaga le ngwaga se se golelang ka bonako ka ditlhogwana tsa dithunya tse di bojang. E rata dithemphoritšhara tse di kwa godimo mme e ka gola go fitlha kwa boleeleng jwa 2m. Go na le mefuta ya thepe e e fetang 60 - mefuta mengwe e jalelwa tlhagiso ya peo, e mengwe e jalelwa matlhare a yona a a jegang. Matlhare le dipeo di dirisetswa go jewa ke batho, fela sejalo ka bojotlhe se ka diriswa jaaka sefepi sa diphologolo. Botlha jwa ya mefuta e metala bo bonnye go jwa e mehibitshwana.
Dithepe tsa dithoro di ka golela kwa boleeleng jwa magareng ga 30cm le 2m, di farologana ka mmala wa sethunya, letlhare le kala, fela bommala jo bo phepôle le khibidu bo tlwaelegile mo dikarolwaneng tsotlhe di le tharo tsa semela. Dipeo di dinnye (dipeo di le 3 000 go gram) mme di dintsho ka mmala ntle fela le mo mefuteng ya thoro e mo go yona dipeo di leng mmala wa lobebe.
Go Jala Thepe
Thepe ga e lengwe ka go anama mo Afrika Borwa; gantsi e kotulwa gotswa kwa nageng fa e tlhoga morago ga dipula tsa ntlha. Dipatlisiso tsa mo Afrika Borwa mo thepeng ya maêmô a temô, di bontsha thepe fa e tlhagisa ntshô ya matlhare a a foreshe ya go fitlha go 40 t/ha. Ntshô ya thepe ya thoro e a farologana, fela 1 ton/ha e kaiwa fa ele thôbô e ntle.
Thepe e ithatela mogote (kwa godimo ga 25℃) wa diporofense tsa tshologo ya dipula tsa selemo tsa Limpopo, Mpumalanga, KwaZulu-Natal le Bokone Bophirima. E itshokela komelelô mme ga e rate mebu e e tamileng metsi.
Thepe e botoka thata fa e jalwa gotswa mo dipeong - go jala go go ka nnang 270 kg/ha go a gaisa. Tlhakanya peo le mmu ka selekanyetso sa 1:2 mme o gasagase kgotsa o jalele mo meleng e e boteng jo bo ka nnang 1cm. Mela e tshwanetse go katogana ka 1m. Mo ditshingwaneng, baakanya mmu ka go tlhakanya kgamelo ya mosutele wa kgomo kgotsa wa kgogo mo 1 m² nngwe le nngwe ya mmu.
Thepe e golela ka bonya mo dibekeng di le mmalwa tsa ntlha, mme e ka fekeetswa ke mefero. Taolô-mofero e e siameng e ka thibela mathata a mangwe ka ge mefero e dira jaaka batshodi ba disenyi le malwetse. Dibolaya-disenyi tsa botswatsheding; sekai, ditlhagiswa tsa Neem, di ka thusa.
Kgetlô ya ntlha ya matlhare a thepe e ka ntsha 1.0-1.5 kg/m² mme kgetlô e e tseneletseng e ka ntsha go fitlha go 30 kg/m² ya setlhagiswa se se rekisegang ka ngwaga. Dikgetlô tsa kgapetsa-kgapetsa di oketsa ntshô le boleng jwa matlhare.
Thôbô e oketsega mo mebung e e repileng e umisitswe sentle ya pH e e ka nnang 6.4. Nitrogen e botlhokwa mo kgolông-gape ya matlhare morago ga kotulô. Balemi ba kgwebo ba ka dirisa mosutele wa kgomo mo seelong sa 6 tons/ha, kgotsa menontsha e e rekiswang e e nang le nitrogen e e kwa godimo.
Kotulô ya Thepe
Semela se ka kotulwa ka ditsela di le pedi - sejalo sotlhe se ka segwa mo kgolông ya 20cm kgotsa se ka leswa go gola gore matlhare a kgetlwe ka seatla ka dipaka tsa ka gale. Ntsha dintlhana tsa kgolô le dithunya go rotloetsa kgolô ya matlhare.
Segodi se se lobelo, thepe e ka kgetlwa go tloga mo malatsing ale 30 goya go 55 morago ga jalô. Dipeo tsa thepe di kotulwa fa matlhare a nna serolwana. Go botoka go kotula morago ga segagane se se masisi kgotsa morago ga beke ya komelelô go netefatsa fa dipeo di omile sentle. Ditlhogwana tsa peo di kgetlwa ka seatla mme di latlhelwe mo dikgamelong. Dipeo tse di kotutsweng jaanong di omisetswa mo moalông wa polasetiki mo moriting mme di tshwanetse go sekasekwa (go tlhaola dipeo gotswa mo mmokong), di bewe goya ka maêmô mme di pakwe fa di sena go omiswa go sala ka bometsi jo bo ka nnang 11%.
Boditšhabatšhaba, tlhagisetso-kgwebo ya thepe e diragala kwa India, China, Borwabotlhaba jwa Asia, Mexico, dithaba tsa Andes le United States kwa kotulô e dirwang ka motšhine.
Translated by
Nchema Rapoo