Taolô ya Disenyi tsa Korong

© Chris Daly

Balemirui ba tshwanetse go lekola mafatshe a bona go supa mathata a ditshenekegi le malwetse pele a tswa mo taolông. Disenyi le malwetse mangwe di ka alafiwa, fa tse dingwe di ka thibelwa fa maêmô a thusa kgolô ya tsona.

Fela, dibolaya-senyi ga di a tshwanelwa ke go tsewa jaaka makgonatsotlhe, fela di tshwanetse go diriswa ka tshwaraganelo le mekgwa-tiriso ya temô-somaredi, e e jaaka tikoloso-jalô, kgoreletso e e kwa tlase ya mmu le tshadiso-masalela a sejalo, ga mmogo le tiriso ya dijadi tse di kgonang go itshokela disenyi, peo e e kwadisitsweng semmuso, paakanyô ya mmu le mekgwa-tiriso ya bolaodi tse di matshwanedi. Tumalano-kakaretso ke gore dijalo tse di jadilweng mo mebung e e siameng di kgona go itshokela kgatelelô e kgolonyana ya tikologo le malwetse gona le dijalo tse di jadilweng mo mebung e e bokoa.

Fa go tliwa mo taolông ya disenyi, go fa tlhogo go bopa botsalano le mogokaganyi wa tsa dikhemikhale kgotsa motegeniki wa tsa temô go go thusa go supa le go laola disenyi ka tshwanelo. Tota le balemirui ba kgwebo ba ba itlhomileng ba dira seno, ka ge ba lemoga gore ga go kgonege go itse sengwe le sengwe mabapi le tlhagiso. Diphetogo mo maêmông a bosa le tsona di isa kwa go suteng ga ditshenekegi le malwetse, mme seno se ise kwa goreng di bonagale kwa dikgaolong tse di neng di seo kwa go tsona, mme nako dingwe kwa di neng di sa itsiwe teng.

Ditshenekegi tse di farologaneng di tlhasela dikarolo tse di farologaneng tsa sejalo sa korong, fa godimo le fa tlase ga mmu. Agricultural Research Centre e supa ditshenekegi tse di latelang jaaka tse di botlhokwa thata mo taolông ya disenyi tsa korong:

Ditshenekegi tse di Senyang Peo le Kutu

Black maize beetle, greater false wireworm le lesser false wireworm di runya gangwe le gape go ralala kgaolo ya tshologo-pula ya selemo. Ditshenekegi tseno di iphepa ka peo le dikutu tsa matlhogela a korong fela fa tlase ga boalô jwa mmu, mme di bake gore dijalo di swabe le go swa.  Wireworms di baka tshenyô fa di santse di le mo legatong la tsona la seboko, fa black maize beetles di baka tshenyô fa di le mo legatong la bogodi.

Seboko sa Porofense ya Bophirima grain worm le Sandveld grain worm di baka ditshenyô tsa peo le kutu kwa Kapa Bophirima. Ditlhaselo tsa grain worm ya Porofense ya Bophirima gantsi di diragala morago ga dipula tse di maatla.

Diphekolo tsa peo le mekgwa-tiriso ya setso e e tshegetsang mediso le kgolo e e bofefo ya matlhogela a korong di thusa go fokotsa go tlhaselega bonolo ga dijalo ke ditshenekegi tseno. Ga jaana ga gona dikhemikhale tse di kwadisitsweng tse di laolang Western Province grain worm kgotsa Sandveld grain worm.

Ditlhasedi tsa Letlhare le Kutu

Russian wheat aphids di runya mo kgaolong ya tshologo-pula ya selemo ya Afrika Borwa. Di tlhasela matlhare le dikutu tsa dijalo, mme di bake matlhare gore a fetogele kwa bosweung, boserolwaneng kgotsa bophepôleng. Tiriso ya dijadi tse di kganetsang ditlhasedi tseno ke tlhopho e e gaisang ya taolô. Fa taolô ka khemikhale e diriswa, balemirui ba tshwanetse go netefatsa fa ba dirisa setlhagiswa se se totanang le biotype e e totilweng e e bakang tsenyô mo polaseng ya bona.

Ditlhasedi tsa Tsebe

Bollworm, brown ear aphid le oat aphid go le gantsi di tlhasela ditsebe tsa korong. Bollworm sentle sentle ke bothata kwa Kapa Bophirima go le gantsi, ga mmogo le kwa masimong a korong a a ka fa tlase ga nosetsô. Seboko se iphepa ka chlorophyll ya matlhare mme seno se bake didibô le ditselana tse tshweu. Seboko se tsamaela goya kwa tsebeng ya korong fa sejalo se ntse se gola, mme seno se bake tatlhegelô mo thôbông ga mmogo le boleng jo bo kwa tlase. Tsereganyo ka khemikhale e tshwanetse go ka akanngwa fa 10% ya ditsebe e tlhasetswe ke seboko se le esi kgotsa go feta mo tsebeng nngwe le nngwe.

Translated by Nchema Rapoo