Semillion

© Glenneis Kriel

Thanololô

Mofuta wa terebe e tshweu o o jalwang mo bontsing jwa dinaga tsa lefatshe tse di tlhagisang mofeine.

Tlhôlegô

Semillon ene e le nngwe ya mefuta e le mmalwa e e tlisitsweng mo Afrika Borwa go tswa kwa borwa bophirima jwa France ke morafe wa French Huguenots ka dingwaga tsa bo1690. Gompieno, e santse e lebiwa jaaka mongwe wa mefuta ya terebe e tshweu e e tlhagiswang kwa Bordeaux o o botlhokwa thata.

Maina A Mangwe

E itsagale gape ka leina la Hunter Riesling kwa Australia, Blanc doux, Colombier le Malaga kwa France, gape jaaka 'Terebe E Tala' mo Afrika Borwa. E ne gape e bidiwa “The Grape” mo Afrika Borwa ka dingwaga tsa bo1820, ka gonne e ne e tsaya bontsi jwa naga ya ntshô-tlhagiso ka nako eo.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

E ne e tsaya bontsi jo bo fetang 90% jwa karolo ya ntshô-tlhagiso ya terebe ya mofeine ka dingwaga tsa bo1820, fela ya tswa mo go ratiweng morago ga seru sa Phylloxera se sê sentseng ditshimo tsa morara ka dingwaga tsa bo1880 mmogo le go tsentshwa tirisong ga thulaganyo-tlhôtlhwa ya KWV ka dingwaga tsa bo1950. Ka ngwaga wa 1995, Semillon e ne e fitlhelela fela kwa tlase ga 1% ya dijalo mo nageng. Tshegetso e lebega e bowa, fela ga e ise e fetogele mo jalong e e kalo.

Dikgaolo Tsa Ntshô-Tlhagiso

Olifants River, Swartland, Klein Karoo, Paarl, Robertson, Stellenbosch, Worcester, Breedekloof le Cape South Coast.

Kgolô

E gola sentle mo mebung e e mo bogareng le e e kwa godimo, ka ntshô e e mo magareng a 10t/ha go fitlha go 15t/ha. E tlhagisa semelo sa kgale sa feie e tala, mo Afrika Borwa seno se amanngwa le mofeine wa boleng jo bo kwa godimo, fa e jadilwe mo mekgokologong e e tsedifetseng e e tlhabiwa ke diphefo tse di tsedifetseng tsa borwa bophirima.

Go Butswa

E butswa go sale gale mo setlheng.

Meretlwa

Meretlwa e kgolokwe go ya go motôpô ka bogolo jo bo mo magareng. E na le mmala wa serolwana se se talanyana. Letlapi le le sesane ebile le boleta. Leungokobolwa ga le na mmala mme le boleta le le matute. Ga le feditse go ungwa, leungo le na le tatsô e nnye ya bojang.

Matlhare

Letlhare le le godileng le bogolo jo bo mo magareng, kgolokwe, gantsi ka ditsebe di le tlhano. Matlhare a simolola a le mmala o o botala jo bo fatlhang, mme a nne botala jo bo tseneletseng fa a godile.

Disinyi Le Malwetse

Mofuta ono o tshabelelwa ke bolwetse jwa phori le botrytis, segolo bogolo fa o tlhagiswa mo mebung ya selôkô se se kwa godimo, fela ga e tshabelelwe ke bolwetse jwa anthracnose. O koafadiwa ke tshenyo ya phefo go sa le gale mo setlheng sa kgolô.

Tiriso

Semillion e ka dirisiwa ka bonosi kgotsa jaaka setswaki sa mefuta e mengwe. Gantsi e dirisiwa mmogo le Sauvignon blanc go dira motswako wa segologolo wa Bordeaux kgotsa le mefuta e mengwe ya terebe e tshweu, segolobogolo Chardonnay.

E kailwe fa e le leobu, ka ntlha ya go kgona go tsaya maemo a tatso a a farologaneng.

Mefeine

Tatsô e ikaega ka maemo a bosa, nako e maungo a kgetliwang, tsela ya kgodiso le gore tshimo e tseneletswe ke bolwetse jwa botrytis kgotsa nyaa.

Dika-mofuta tse di leng mo Afrika Borwa di na le tatsô e e utlwagalang ya bojang kgotsa feie e tala. Ke mongwe wa mefuta e le mmalwa e e letlang go fetofetolwa ga ditatsô ka mokgwa wa borulelô. Go bulwa ga borulelô morago ga gore leungo le tlhoge go dira gore le nne le tatsô e e tlhomameng, fa borulelo jo bo tswetsweng bo dira gore le nne le tatsô ya bojang.

Translated by Nchema Rapoo