Rapa ka Kakaretso

© Louise Brodie
Leina la Saense: Brassica rapa
Leina la Tlwaelo: Turnip

Tlhaloso ya Sejalo

Dirapa di tlholega kwa Yuropa Botlhaba le dikarolo tse di tsididitsana tsa Asia. Di akanbgwa gore go nnile di lemiwa ke batho mo dingwageng di le 4000 kgotsa go feta. Pele ga moo, di ne di tsewa ke bakgoboketsi ba batsumi fa di ne gola di le tlhaga kwa dikarolong tsa Asia.
Sejalo sa rapa se na le matlhare a botala jo bontsho le mathoko a a okareng a sega mo kutung e e botala jo bo bofefo. Tse di gola disentimetara tse di ka nnang 40 go ya go 50 go tswa kwa godimo ga modi o o segwere kwa botlaseng jwa kutu, se e leng motheo o mogolo wa dijo. Le gale, matlhare le ona a jewa. Modi wa rapa ke o o sedikogo wa go bolee ka moditona.
Dirapa gape go nnile motheo o o ratwang thata wa go fepa diphologolo mme gape di robiwa jaaka furu.

Ditiriso

Medi ya digwere e jewa e bedisitswe, e gadikilwe le go besiwa mme matlhare a bedisitswe le go gadikwa kgotsa e jewe e le tala mo disalateng. Medi e e bedisitsweng gape e dira e e sedilweng e e siameng.

Ditlhokego tsa Mmu le go Baakanngwa

Dirapa di rata motlhaba ka mokata go serokwa mmu o o monolang sentle e bile di na le maemo a a siameng a dilo tsa tlhago. Mmu o ka boesitinyana ka pH e e fa gare ga 5.8 le 7. Ga e dire sentle mo mebung e e bokete, e e kitlaneng e e nang le diteng tsa mmopa o o kwa godimo ka se se ka baka medi gore e se bopege sentle, se se tla amang ntshokuno.
Fa dijalo tsa rapa di sa ntse di le dišwa, mefero mo kgaolong ya sejalo e ka tlhola ditatlhegelo tsa dijalo tse dikgolo jaaka dijalo tse dišwa di kgaratlha go itlhoma. Ka jalo, mo dikgweding tse di elang go jala, lenaneong la taolomofero e e tseneletseng e tshwanetse go latelwa. Sekaommu se tshwanetse go tsewa pele ga nako ya go jalwa ga dirapa, dilo tsa tlhago tse di tlhokegang, kalaka le foseforo di tshwanetse go dirisiwa mo lefelong mme di tsenngwe mo mmung ka go lema go ka nnang disentimetara tse 500, go fetolela le go tswaka mmu mo dibekeng tse di ka nnang tse nne go ya go di le tlhano pele ga go jalwa go fa mmu nako ya go ikhutsisa. Se se ka latelwa ka ponyo ya leitlho ka go harakwa ka sediko go tswelela go baakanya mmugodimo, go sega godimo go tlosa masaledi a morefo le go dira tekatekano ya lefelo. Mo bekeng ya bofelo pele ga go jalwa rapa, haraka gape ka sediko go bolaya mefero e e tsneletseng le go netefatsa gore ga go na makwete mo mmugodimong ao a tla kgoreletsang le sejalo le go mela ga medi ya dijalo.

Tlelaemete

Dirapa ke dijalo tsa maemo a bosa a a tsiditsana le serame go se nene fela fa sejalo se tlhomilwe. Se mela sentle ka themperetšhae e fa gare ga 5°C le 15°C. Fa e jalwa gantsi mo tikologong e bothito medi e ka nna le khupetso, bokutu le go tlhama tatso e e botlha.

Mefuta ya Dijalo

Selaole e e kwa godimo, Golden Globe, Selaole se se Godimo sa kwa Milan, Selaole sa Kloupu e e Tshweu, Supa e e kwa Godimo, Shogoin le Lee le le Sweu. Ke tiragatso e e gaisang go bona kgakololo go tswa go mogwebi wa selegae wa peo le motlhankedi wa atoloso wa selegae ka gore ke mefuta e fe e e gaisang e o tla tshwanelang go e jala. Gape bona kgakololo go tswa go moreki kgotsa mokgatlho wa go rekisa ka go tlhopha e e gaisang ya go rekisa.

Translated by Lawrence Ndou