Go Jalwa ga Rapa

© Louise Brodie

Go Atisa

Rapa e atisiwa ka peo.

Mokgwa wa Go Jala

Go jala rapa go ka dirwa ka go tsenya peo ka tlhamalalo kgotsa ka go godisa matlhogela le go jala gape matlhogela. Go jala mo dikgetseng tse pedi go ka dirwa ka diatla kgotsa ka didiriswa tsa metšhene ya go jala.
Fa tsengwa peo ka tlhamalalo, peo ya rapa e bewa fa gare ga disentimetara di le tharo go ya go di le tlhano go netefatsa bokana ba dijalo. Fa di setse di tlhomilwe sentle mo dibekeng di le tharo kgotsa tse nne morago ga go jalwa, mela e dirwa gore e nne tshesane go ya ka palo ya dijalo e e eletsegang. Go jala rapa go dirwa mo meleng e e tshwanang le bophara kgotsa ka mela ya diteramo ya phitlhelelo e e fa gare ga mela ya badiri le dijanaga. Dirapa tse dingwe di jalwa mo boalogodimong mme fa tse dingwe di jetswe mo makiding a dijalo.

Go Katogana

Dijalo tysa rapa di tshwanetse go katoganngwa ka disentimetara tse 15 go ya go tse 20 mo bogareng mo meleng e e leng disentimetara tse di 50 fa gare ga yona. Se se ka feletsa dijalo tse di ka nnang 100 000 le 120 000 ka heketara.

Go Jala le Nako ya Go Jala

Rapa ke sejalo se se golang mo tlelaemeteng e e tsiditsana ka jalo jala ka nako ya fa go gola go tla nna ka nako e e tsiditsana. Go roba ka nako ya dikgakologo mo Aforika Borwa, go jala go tshwanetse go nna ka Mopitlwe le ka tshimologo ya Moranang gore sejalo se ka matlafala pele ga mariga fa go le tsididi a tla le serame se goroga.
Go jala ka dikgakologo go ka dirwa ka Phatwe le Lwetse mme go tshwanetse go robiwa pele ga nako e e feteletseng ya bolelo ka selemo ka ge se se ka senya dirapa.

Nako ya Go Mela

Nako ya go mela go tswa fa peo ya rapa e jetswe go roba modi wa segwere o le magareng ga dibeke di le lesome le somepedi. Tse di tala tsa rapa kgotsa matlhare a ka robiwa go tswa mo dibekeng di le thataro go ya go dibeke tse robedi fa semela se na le maatla a a lekaneng le medi e tswelela sentle. Tlosa fela matlhare a a kwa ntle gore go nne le matlhare a a lekaneng go tshola sejalo se tlhoga le medi e tswelela. Tsidifatsa matlhare ka bonako morago ga go sega.

Go Nontsha

Sekaommu se tshwanetse go tsewa mme dikatlanegiso tsa barutegi di bonwe go netefatsa gore tiriso ya dikotla e e nepagetseng.
Dikatlanegiso tse di latelang ke tlwaelo tse di ka latelwang fa go nontshwa dirapa. Mo bekeng pele ga go jalwa matlhogela dirisa dikilogeramo tse di ka nnang 400 tsa 2:3:4 (30) ka heketara fa o baakanya lekidi le sediko sa 20 cm sa mmu.
Se se naya dikotla ka ponyo ya leitlho morago ga go jala mme e tla tlamela sejalo ka maatla a tshimologo e e siameng mme gape le go thusa ka kgatelelo e e tlhamilweng ka go jalolola. Fa peo e jalwa, dirisa ya ntlha go bapa le moleng wa dijalo ka bonako fela fa dijalo tse di ntšhwa di tlhaga.
Dibeke tse pedi go ya tse tharo morago ga moo, kgasa tiragatso e e tshwana le ya ntlha go bapa le mela ya dijalo.
Morago ga dibeke tse pedi go ya tse tharo, kgasa tiragatso e e tshwanang le ya ntlha, tiragatso ya boraro ya 350 kg ka heketare ya LAN (28) e ka go gaswa go bapa le mela ya dijalo. Se se tshwanetse go nna se se lekaneng mo dijalong go kgona go gola go butswa mme se ipaakanyetse nako ya go roba.
Gakologelwa go dirisa bolaodi ba mefero ka fa mefero e tla tsietsang sejalo ka dikotla tse di tsamaisiwang.

Nosetso

Go netefatsa kumo e e siameng le tatso e e siameng go botlhokwa go tila kgatelelo ya mongola ka tsweletso ya rapa.
Pele ga go jala, netefatsa gore mmu o mongola mme e seng petometsi. Jale dijalo tsa dirapa mo mmung o o bongola mme o tlamele nosetsoop e e bofefo, morago ga go jala ka bobedii peo le matlhogela go nna sentle.
Karolo e e botlhokwa that ya nosetso ka go nna le thulaganyo ya go netefatsa porofaele ya mmu e e tlhokwang ke dijalo tsa rapa e e nosetswang e tswelela sentle. Se se ka dirwa ka diatla ka sepete kgotsa sediriswa sa go jala kgotsa ka go tsenya tsa bongola jwa mmu go tlamela ka tshedimosetso ya bongola jwa mmu kgotsa kgotlhang le kgatelelo.
Morago fa dijalo di setse di ntse sentle, kabo ya beke nngwe le nngwe ya 30 mm e tshwanetse go lekanela mo tsamaong ya dikgwe tse di tsididinyana tsa go mela mme dimilimetara di le 40 go ya go 50 mo maemong a bosa a a bollo. Kgaoganya se ka ditiragatso tse pedi kgotsa tse tharo mo tsamaong ya beke.
Gakologelwa go fokotsa go nosetsa fa go na pula le go oketsa mothamo wa nosetso le poeletso ka dipaka tsa dithempheretšha tse di kwa godimo le mowafalo e e kwa godimo.

Translated by Lawrence Ndou