Oli ya Buchu ya Tatso ya Blackcurrant

©Alice Notten of Kirstenbosch
Buchu (‘boegoe’ ka seAfrikaans) ke leina la kakaretso la maloko a lolapa lo lo monkgo lwa Rutaceae mme e bewa tlhwatlhwa ka ntlha ya dimelô tsa yona tsa kalafi lefatshe ka bophara. E dirisitswe ke Basarwa mo Afrika Borwa dingwagakgolo di le di ntsi go lwantsha mathata a tshidilô-dijo, letshoromo le sekorotane, ga jaana ke setswaki se se tlhwatlhwa mo madirelong a molemô le dijo. Bathibeledi ba pele mo Afrika Borwa ba ne ba inela matlhare mo binikeng le borenting mme ba a dirise mo go bofegeng ga mala, dibokwana le go segwa ke mala.
Ke fela mefuta ele mebedi Agathosma crenulata (buchu ya matlhare a matelele) le Agathosma betulina (buchu ya matlhare a a kgolokwe) e e nang le boleng mo kgwebisanong ya oli ya yona. Thôbô e ka nna 1-2% ya sere se se foreshe. Oli e e gamotsweng e diriswa mo ditlôlông, jaaka senkgisa-monate (go tsenya monkgo wa blackcurrant) le jaaka setsenya-mmala sa dijo. Mo kalafong e dirisetswa go alafa mathata a diphilo le sehuba. Buchu ke sethibela-kgotelo se se siameng, mme e diriswa mo melemông e e tshaswang ya ga jaana, e rekiswa gape jaaka metsi kgotsa jaaka oli e e phêpa.
Matlhare a semela ke diphetodi tsa tlhagô tsa phepafatso ya ka mo gare ga mmele, mme a neelana ka phodisa ya tlhagô mo ditlhabing tsa sesadi le thurogo. Oli ya Buchu e itumelela maêmô a GRAS - ka kakaretso e amogelwa fa e babalesegile - gotswa go FDA le European Union.
Ka ntlha ya tlhwatlhwa e e kwa godimo ya oli ya yona le go nna mo kotsing ga dimela tsa kwa nageng, balemi ba simolotse go lema buchu jaaka sejalo sa kgwebo. Buchu e mela fela kwa mekgokolosong e e kwa tlase ya dithaba tsa Kapa Bophirima. Ka kgwebo, go na le dijalo kwa Piketberg, Citrusdal le Cederberg.
Buchu e ithatela mebu ya motlhaba e e ntshitsweng metsi sentle ele esiti, mme e ka jalwa gotswa mo peong.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo