Oli ya Motlhware

© J Weber Institut National de la Recherche Agronomique

Oli ya motlhware e ntshiwa go tswa mo leungong la setlhare sa motlhware (Olea europaea), seo e leng sa mo tikologong ya dinaga tsa kwa Watlelegare.

Oli ye e faro-farologaneng, e dirisiwa mo dijong, jaaka oli ya go apaya, mo ditlolong, ka dingwaong tsa sedumedi, jaaka mafura jaaka motheo wa diphepafatsi le sesepa.

Oli ya motlhware segolo-bogolo oli ya motlhware e e sekileng e e okeditsweng (EVOO), e na le mesola e le mentsi go tsa bophelo bo bo phepa, jaaka maemo a a kwa godimo a di-polyphenol, eo e dirisiwang jaaka bobedi lokwane leo le kgoreletsang oksitšiene le dithibela thurugo, eo e ka fokotsang kotsi ya mofuta wa bobedi ya bolwetsi ba sukiri le go thibela go swa bogatsu le kankere ya letswele.  

Oli ya Motlhware e e Sekileng e e Okeditsweng ke Eng?

EVOO ke oli ya maemo a a kwa godimo ya motlhware. Lereo le ga le a lebisa mo mofuteng wa oli ya motlhware o o rileng kgotsa nako ya thobo, fela e laetsa mokgwa wa go ntsha oli. Ka ntlha ya go tlhaolwa jaaka e e sekeleng e e okeditsweng, oli e tshwanetse go nna e e tsewang go tswa mo leungong la motlhware ka kgaso ya pele e e robilweng e le foreše e sa senyega.

Mo nakong ya thulaganyo e, ga go na le dikhemikhale kgotsa bolelo bo bo fetisang bo bo dirisiwang. Gongwe fela fa oli e ntshitswe, e dirwa teko go netefatsa gore e tsamaisana le “maemo a sekegileng a okeditsweng. Se se akaretsa ditlhokego tsa dikhemikhale jaaka esiti ya mafura a a lokologileng le maemo a pheroksaete. EVOO e na le maemo a esiti e e lokologileng a kwa fatshe ga 0.8%.

Dtlhopha tsa Oli ya Motlhware

Jaaka fa go kailwe kwa godimo, EVOO ke boleng bo bo siameng ba oli ya motlhware.

Oli ya motlhware e e sekileng ke oli ya motlhware e e sa diragatswang ya tlhago ka ditshenyego tse di fokotsegileng magareng ga esiti ya 0.8 le 2%. (Boesiti, kelo ya boleng ba oli ya motlhware, tekanyetso ya kabo ya oleiki esiti ya mafura e e lokologileng, e e leng esiti e ntshi go feta mo oling ya motlhware.)

‘Kgatiso e e tsididi’ kgotsa ‘go tsidifala go go ntshitsweng go raa gore dithemperetšha tse di ntshiwang di ne di bewa kwa tlase ga 28°C. Dithemperetšha tse kwa fatshe tse di thibela tatlhegelo ya divithamini tse di amegang ka dithempheretšha, maokane a a sitisang oksetšiene le tatso ya kgokaganyo.

Oli e e phepafaditsweng kgotsa ya motlhware e e bofefo ke tlhopho ya oli, e e leng e e nkgisitsweng sentle le e sweufaditsweng. Se se feletsa ka oli e e tlhokegang go nna oli e e bonalang ya tatso e e fitlhegileng thata le ditlhokego tsa boitekanelo tse di kwa fatshe go feta oli ya motlhware e e oketsegang e e sekileng e e itsegeng ka se. Dioli tse tsa motlhware ‘o o bofefo’ di bolela fela go ya ka mmala le tatso mme ga se gore ‘bofefo’ ka dikhilojoule kgotsa ke ntshokuno ya phepo. Ditlhopha tse tsotlhe tsa oli ya motlhware di na le diteng tse di jaaka khilojoule tse di tshwanang. Marepo a jaaka ‘ye e sekileng’ kgotsa ‘100% ye e sekileng’ ke dipeelano tsa papatso tse di supang gore oli ke oli e e phepafaditsweng.

‘Oli ya motlhware wa sesotlha sa masalalela’ ke oli eo e neng e le e ntshiwang go tswa mo ditshileng tse di tiileng - dithoro, letlalo le diteng - di setse go tswa mo thulaganyong ya kgatiso ya motlhware. E ka se tlhaolwe jaaka ‘oli ya motlhware’, segolo setona e seng jaaka ‘oli ya motlhware wa setlhalo’ tlhopho (ka phoso) e fitlhelwa mo ditlankaneng.

Mekgwa ya Oli ya Motlhware e e Sekileng e e Okeditsweng

Oli ya motlhware e e sekileng e e okeditsweng e oketsegileng e tlhophilwe go ya ka mekgwa e meraro – boungo bo bo tseneletseng, tsenelelo e e mo magareng le dioli tse di bokoa. Mokgwa o o tlhotlheletsang thata ke mofuta wa oli ya motlhware e e rileng, fa e le oli ya mofuta o le mongwe kgotsa dijalo tse di dirisiwang mo motswakong. Mo godimo ga moo, go butswa ga metlhware, lefelo la tsweletso, mmu le maemo a bosa a setlha sotlhe di tshameka karolo e e botlhokwa ka mokgwa wa mafelelo wa oli ya motlhware. Metlhware e mennye e ka nna le seabe mo dintlheng tse di fitlhegileng, jaaka diapole tse di tala le diperekisi, fa metlhware e e butswitseng e ka aba dinoutse tsa diphaeneapole le banana.

Oli ya motlhware ya mokgwa o o ‘bokoa’ e eleditswe go dirisiwa ka mayonnaise, divinika le mo leungong. Oli ya motlhware ya mokgwa wa boungo e siametse go bakanya dinama, konofele ya go apaya ka mafura le dieiye, sopo le go ka nna bebetsididi. Fa mokgwa wa go tsenelela mo bogareng o siametse thata go dirisiwa le kgogo, tlhapi, dilae kgoba ka go baka.

SA Olive e baa mo lenaneong mefuta e e latelang e e itsegeng thata ya go dirisa mekgwa e e farologaneng ya oli:

Leccino – boleta, ditatso tse di iphitlhileng tsa botlama.
Frantoio – bontsi e jalwa kwa Aforika borwa, diphopholego tse di maatla tse di tala.
Coratina – e ka ntshakuno oli e e batlang go baba.
Favolosa – e ntshakuno oli e e tseneletseng.
Mission – mefuta ya metlhware ya mo tafoleng, e ka dirisiwa go nna le seabe mo bokgolokweng ka tatso.

Translated by Lawrence Ndou