Ntshokuno ya Apole

Ntshokuno ya Lefatshe ka Bophara

©Louise Brodie

Diapole ke maungo a a ratwang thata a a ntshwangkuno ka bophara. Di ntshwakuno kwa dikgaolong tsa maemo a bosa a a bothitho go ralala lefatshe, ka bobedi kwa Dikarolong tsa Bokone le kwa Borwa. China e etela lefatshe kwa pele ka bontsing ba ntshokuno ya apole, ka go ntshakuno go feta ditone tsa dimilione tse 40 ngwaga ka ngwaga, e salwa morago ke Amerika. Le fa go le jalo ntshokuno ya apole ke ya setlha, diapole di teng mo dimarakeng tsa boditšhabatšha ngwaga otlhe ka ntlha ya dikabo tsa lefatshe ka bophara tsa ntshetso ntle.

Ntshokuno ya mo Aforika Borwa

©Louise Brodie

Diapole di ntshitswekuno ka kgwebo mo Aforika Borwa go tloga ka bo1880 mme di rometswe ntle go tswa mo Aforika Borwa go ya kwa United Kingdom go tloga ka bo1890. Kwa tshimologong, dirapa tsa maungo a ne a tlhomilwe kwa dikgaolong tsa ntshokuno ya maungo a tlhotlhoregang mo tsamaong ya nako kwa Kapa Botlhaba fela go ya ka nako go fitlha jaanong diapole di ntshwakuno ka bophara mo Aforika Borwa.

Lefelo la Ntshokuno

©Louise Brodie

Kapa Botlhaba ke kgaolo ya setso e kgolo go feta ya ntshokuno mme e na le maikarabelo a go feta bontlhanngwe ba ntshokuno ya diapole mo nageng. Dikgaolo tse digolo go feta tsa ntshokuno di mo tikologong ya ditoropo sa Kapa Botlhaba tsa Ceres, Wolseley, Elgin and Villiersdorp. Kgaolo ya Langkloof e e bapileng ka Borwa ba Kapa ba Aforika go bapa le molelwane wa Botlhaba le Bophirima ba Kapa mme e ntshwakuno go ka ba 20% ya diapole mo nageng. 

Gape go na le ditoropo tse di nnyae fela dikarolo tse di a gola tsa ntshokuno kgolenyana kwa bokone ba naga kwa Diporofenseng tsa Foreistata, Mpumalanga and Limpopo. Dirapa tsa maungo tsa dikgaolo tse gantsi ke tse di šwana go feta dirapa tsa maungo kgolenyana kwa borwa, jalo ka ntshokuno ya diapole go ne go sa kgonege peleng ka ntlha ya maitemogelo a segagane mo dikgaolong tse, fela ka kitsiso ya matloa a tšhwaane, jaanong di a kgonagala. Tse ke tsa ntlha go feta tsa dikgaolo tsa ntshokuno mo Aforika Borwa mme ka fa di simolola go ntshakuno mo mafelong a Sedimonthole, di kwa godimo ka tlhokego mo nakong ya setlha sa maikhutso sa Sedimonthole.

Mefutafuta

©Louise Brodie

Mefutafuta ya go ntshakuno mo Aforika Borwa ke Golden Delicious (24%), Royal Gala/Gala (17%), Granny Smith (15%), Cripp’s Pink and Pink Lady®(11%), Topred/Starking (11%), Fuji (9%), Cripp’s Red, Joya®(5%) and Braeburn (3%).

Setlha

©Louise Brodie

Thobo ya apole mo Aforika Borwa e simolola ka bontsi bo bonnye ka Sedimonthole. Setlha sa thobo sa kwa godimodimo se simolola mo mafelelong a Ferikgong go ya go Mopitlwe. Le fa e le gore setlha sa topo ya apole se fela kwa mafelelong a Mopitlwe, diapole tse di robilweng di bolokwa kwa polokong dibeke kwa lefelong le le laolwang mme di rekisiwe mo nageng le go romelwantle go fitlhela Ngwanatsele.

Dithekiso

©Eric Miller
©Eric Miller
©Eric Miller

Indasteri ya apole ya mo Aforika Borwa, e tlhomile mogopolo thata mo mmarakeng wa thomelontle, fela gape e abela kwa tikologong ya Aforika Borwa le dinaga tsa Borwa ba Aforika ka maungo a boleng. Mmaraka o mogolo go feta wa diapole tsa Aforika Borwa o gola ka lebelo kwa mmarakeng wa Aforika (30%). Se se latelwa ke Botlhabela Kgole le Asia (31%), UK (18%) Botlhabela Bogare (7%), le Yuropa (6%). Mo nakong e e fitileng, Yuropa le UK e ne e le mebaraka ya tlwaelo ye kgolo go feta ya diapole tsa mo Aforika, fela tlhokego e golang mo Aforika le Asia e bone tshotiso ya mafelo a mmaraka e e tlhomiwang mo dingwagasome tse pedi tse di fetileng.

Ditiriso

©Ann Gadd

Diapole ke tsa dikotla mme di na le diteng tsa tlhale e e siameng. Leungo le letlalo di a jewa mme peo fela le ya mo gare gantsi di a latlhwa. Diapole di jewa di le tala gape le tsona di dirisiwa mo disalateng le go apewa le dijamo kgotsa go dirisiwa mo go bakeng. Diapole gape di dirwa matute a apole, matute a a tletseng sukiri kgotsa saeda. Diapole gape di tsenywa mo dikaneng le go omisiwa.

Translated by Lawrence Ndou