Nagametsi ya Noka ya Orange

Mafelo a a Monônô

©Nigel J Dennis
Noka ya Orange ke motswedi wa metsi ole nosi wa dinako tsotlhe mo Richtersveld, mme e tshegetsa mefutafuta ya ditshedi tsa metsi a a foreshe. Ditlhapi di akaretsa tlhapi e e serolwana, sharptooth catfish (barbel), sardine, banded bream le Namaqua barb. Nyedi e ka bonwa go dikologa molomo wa noka, kwa Alexander Bay, mme palo e e kwa godimo ya manyibi a boboa a Kapa (a jaanong a bitswang manyibi a boboa a Afrika Borwa) a ka bonwa go ikala lobopo.
Molomo o o sephara wa Noka ya Orange ke lengwe la mafelo a a monônô go gaisa mo kgaolong. Ka diretse, metsitlana, mabala a a tamileng le ditlhaketlhake tsa ona, o tshegetsa mefutafuta e e makatsang ya dinonyane - tse di ka fitlhang go 10 000 - tse di emetseng mefuta ele 60. Tsona di akaretsa mogôlôri (makgolokgolo ale mantsi a ona a ka bonwa a kotame ka kelotlhoko mo metsing), ditimêlêtsane tsa Kapa, lerweerwee, Legôu, sehudi sa Kapa, kukara e tshweu, Lefaloa le Leholotsoane. Go na gape le mefuta ele 14 e e kwadilweng mo IUCN Red List of Threatened Species. Eno e akaretsa Damara tern, African purple swamphen, sebotha sa Barlow le sebotha sa molomo o mo leele sa Kapa.
Ka ntlha ya seno, molomo wa Noka ya Orange o kailwe fa ele nagametsi ya RAMSAR e e botlhokwa boditšhabatšhaba. Ka maswabi, lefelo le sentswe ka go fetisisa ke bodirelo jwa moepo jo bo diragalang go bapa le dintshing ka bobedi; selelo sa lona ga se lemogwe jalo ke balaodi ka ntlha ya lefelo la lona le le leng mo gare ga toropo ya moepo wa taemane e e ya nna ka fa tlase ga kganetsô ya Alexander Bay. Jaanong, ka ditebogo, balaodi ba ba farologaneng ba Namibia le Afrika Borwa ba leka go tsosolosa nagametsi eno le go e busetsa kwa seêmông sa yona sa maloba.

Translated by Nchema Rapoo