Dikgopane tsa Richtersveld

Kokerbooms

©Shem Compion
Ditlhare tsa kgopane ke ditlwaelegi tse dingwe tsa tikologo ya Richtersveld. Di bitswa gape kokerbooms, kgotsa ditlhare tsa quiver, dihupametsi tseno tsa kutu, tse di kgatlhisang, di kgona go tshela go fitlha go dingwaga di le 400 mme di tla ka mefutafuta ya dipopegô le bogolo. Di tlwaelegile thata mme di ka bonwa di medile mo mebotwaneng ya matlapa le, nako dingwe, go ikala fa thoko ga tsela. Leina ‘quiver tree’ le kaya batsomi ba Basarwa, ba ba neng ba tshola metsu ya bona mo dikaleng tse di sekgapha tsa kokerboom.
Mo Richtersveld, mefuta ele 3 ya ele 5 ya kokerboom e ka bonwa. Yona ke:
Quiver Tree/Kokerboom (Aloe dichotoma) ya bogologolo. E gola go fitlha boleele jwa 9m mme e itshupa ka kutu e kgolo ya mo bogareng, ka dikala tse di phatlhaletseng le matlhare a a tlhogang kwa godimo. E fitlhelwa kwa botlhaba jwa dithaba tsa Stinkfontein le kwa bokone jo bo omeletseng jwa Richtersveld, kwa e nang le go golela godimo ka sebopego sa dikala se se bonolo. Sekgwa sa kokerboom (ka tshiamo se bitswa koloni) kwa Richtersveld National Park ke lefelo le le siameng go ka tlhôla dikgopane tseno tsa maloba.
Setlhare sa Quiver sa ga Pillan, se se bitswang Bastard Quiver kgotsa Basterkokerboom (A. pillansii). Se gola boleele jo bo ka nnang 10m ka kutu e kima. Sena le dikala di le mmalwa di le kima le matlhare a magolo fa se bapiswa le ntsale wa sona, A. dichotoma. Di na le go nkgopotsa moriri wa ga Sideshow Mel, gotswa kwa The Simpsons, fa ele gore seo se a thusa. Di mela mo mekgokolosong ya thaba gaufi le Noka ya Orange, gotswa Baken goya Tatasberg, ka katoloso goya borwa mo thabeng ya Dragon's Back gaufi le Eksteenfontein. Kwa Richtersveld National Park, di ka bonwa kwa Helskloof le mo Cornell’s Kop.
Setlhare sa Maiden’s Quiver, kgotsa Nooienskokerboom (A. ramosissima): Ga se a tlwaelega fa go bapiswa le ditlhare tse dingwe tsa kokerboom, kgopane eno e lebega jaaka setlhatshana mme eseng setlhare. Se na le dikala di le di ntsi tse di phatlhalelang gotswa kwa tlase mo thitong. Se kgona go golela dimetara di le mmalwa goya kwa godimo mme se thunya ka malomo a a serolwane se se phatsimang, gantsi ka Motsheganong. Se fitlhelwa kwa mekgokolosong e e kwa godimo ya thaba le kwa boalong jwa noka ka nako dingwe.

Setlhatshana se se Sewelo

©Shem Compion
Ke setlhatshana se se sewelo, kgopane ya Pearson (Aloe pearsonii) e fitlhelwa kwa Helskloof e e mo Richtersveld National Park le kwa dithabeng tse di fa pele ga yona go kgabaganya Noka ya Orange kwa Namibia. E na le dikala tse di tlhogelang kwa tlase ka matlhare a sebopego sa khutlhotharo a a tlhogelang mo mealong e e kitlaneng, ka matlhare ale mane mo moalong ka esi.
Mealo eno e kobegela kwa tlase ka phêthênê e e kgatlhisang. Koloni ya kwa Helskloof ke e kgolo mme dimela di apesa dithaba tsa matlhakore ka bobedi a tsela e e matlapa e e kgabaganyang. Semela se reeletswe ka Dr. H.H.W. Pearson, mokaedi wa ntlha wa Kirstenbosch Botanical Gardens, yo a kokoantseng semela lantlha ka 1910.

Translated by Nchema Rapoo