Mowana: Setlôla-Letlalo se se Dikotla

© Andrew Hankey from SANBI
Setlhare sa seganka sa mowana (Adansonia digitata) ke sebonwa se se tlwaelegileng kwa dikgaolong tsa nagatlase e e omeletseng ele mogote tsa Afrika, Madagascar, India, Sri Lanka le Australia. Se lebega jaaka ‘setlhare se se tlhanogileng’ (ele goya ka leina la sona), ka dikala tse di lebegang jaaka medi, kutu ya setlhare se se boitshegang e ka fitlhelela sedikiso se se fitlhang go 25m. Ditlhare tse di ungwang tseno tse di tlhotlhoregang tse di sa bolong go tshela, ka bonolo di ka gola go fitlhelela dingwaga di le 1 000.
Mowana o fana ka dijo, metsi le tlhale, fela gape o na le ditiriso tsa kalafô. Matlhare a maša a diriswa mo go apeeng kgotsa go alafeng letshoromo. Ditlhale tsa lekwati di dirisetswa go dira dithapô, pampiri le go loga masela fa metsi a a tlhokwang ka tshoganyetso a ntshwa mo dikaleng le mo kotung. Lorole lwa leungo ke motswedi wa tlhagô wa calcium (Ca), lo na lo magnesium (Mg), potassium (K) le B-complex vitamins mme lo dira gore senô se nne le Vitamin C e e kwa godimo.
Malomo a ona a masweu a a lepêlêlang mme a thunya go simolola ka Diphalane go fitlha Sedimonthole, a dulafatswa ke bommamanthwane mme a tlhagise leungo la sebopego sa lee ka sekgapha se se thata se se apesitseng leungo le le lorole le dithapo tse di humileng ka oli. Leugo - la boleele jo bo fitlhang 12cm - le omelela mo setlhareng mme le wele fatshe fao le kotulelwang teng. Go fopholetswa fa mowana o tsaya dingwaga di le 8 goya go 23 pele o ka tlhagisa dithapo mme semela se se godileng se ka tlhagisa go feta 30kg ya maungo.
Ka monkgonyana o o monate le go elela go se nene, oli ya mowana e a jega, fela e diriswa gantsi mo madirelong a ditlôlô. Oli e na le diesiti tsa mafura a a loileng gotlhele, a a loileng ntle le bontlhabongwe le a a loileng ntle le maphata ale mmalwa, ka omega-6 e e ka nnang 30%. Setswaki se se mo oling (β–sitosterol) ke antioxidant e e bogale e e ka fokotsang tshenyegô ya DNA mo diseleng. E na le di-Vitamin A (e e ntšhwafatsang lotha lwa disele), D3, K le E. Oli ya mowana e gamolwa gantsi ka botsididi mme e dira oli e e siameng ya go thôba mmele, e e monyelegang ka bonako.
Oli ka setso e dirisetswa go alafa marinini a a rurugileng, fela e ka ungwela moriri o o omeletseng, e alafa dipounama tse di phantseng, e diriswa jaaka setlôla-letlalo le go alafa di stretch mark ka go tsosolosa popego ya collagen. Go fodisa ga yona go thusa mo kalafong ya eczema le psoriasis, mme go itsagale fa e kgona go buseletsa le go tlôtsa karolo ya letlalo ya epidermis.
Mewana e ka jadiswa gotswa mo dipeong mmogo le ka go tlhogelela kgotsa ka go jalelela matlhogela a a tlhagisitsweng ka tlhagô. Setlhare se mela mo mafelong a a omeletseng go se nene goya go a a mogote a dipula, fela se tshaba segagane. Mewana ke batshodi ba mealybugs, tse di tsamaisang malwetse a cocoa.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo