Moretologa ke Sejalo se se Mosola se se Jewang

© Bernard Dupont
Leungo leno le le matute la bogolo jwa 3,5cm la mmala o o khibidu-namune le bitswa gape Ximenia caffra fela le itsagale gape ka maina a setlwaedi a lona sourplum, groot suurpruim, umThunduluka-obomvu, morokologa, iTsengeni, motshidi, pepo, mutanzwa le Amanumbilo.
Setlhare se se nnye ka dintlhana tse di mebitlwa se mela gape kwa Amerika mme se reeletswe moitlami wa kwa Spain eleng Francisco Ximenez. Karolwana ya leina ya ‘caffra’ e tswa go leina la maloba la Kapa Botlhaba - Kaffraria. (Ximenia caffra e ka etsaetsiswa le Ximenia americana fela matlhare a X. americana a mmala o o tseneletseng wa botala jwa loapi le jwa tlhaga, mme maungo a serolwana-nyana eseng khibidu).
Setlhare seno se se tshelang go se nene ka tse dingwe se ka fitlhelwa kwa dikarolong tsa botlhaba tse di mogote tse di dipula tsa Afrika, kwa se golang ka nonofo fa se kopana le dithulaganyo tse dingwe tsa modi. Se ithatela dintlha tsa letsatsi, se kgonana le komelelô mme se ka itshokela segagane se se mo magareng. Moretologa o golela kwa boleeleng jo bo ka fitlhang go 50cm ka ngwaga, mme o dira legora le le ntle.
Maungo a a botlha fela a tlhabosa a itumelelwa ke dinonyane, diphologolo (go akaretsa thutlwa le sikaloopodi) ga mmogo le ke batho ba ba a dirisang go dira jam le dessert. Moretologa o mo tala o gaisa fa o jewa o butswitse go feta go se nene, fa o omeletse go se nene mme o latswega go tshwana le leungo la prune. Le bopegile jaaka plum mme le farologana ka mebala gotswa go serolwana goya go bohibidu jo bo tseneletseng, leungo la moretologa le kotulwa ka setlha sa dipula tsa selemo go simolola ka Ngwanatsele go fitlha Mopitlwe. Ditlhare di ka ntsha 15 -17 kg ya maungo ka ngwaga.
Maungo gantsi a tlogelwa mo metsing a a maruru gore a kolobe, mme sethugwa sa leungo se tamolelwe kwa ntle, mme le tswakanngwe le digwere tsa mo mmung le go bediswa go dira bogobe. Batho ba baZulu ba tamola maungo gore e nne metsi – matute ano a bediswa le go tlhakanngwa le bopi jwa mmopo go dira bogobe. Moretologa o na le vitamin C le potassium (K) tse di kwa godimo mme o na le protein. Leungo le na le thapo ele nosi e e tatsô thata e e nang le seêlô sa 65% sa oli. Oli e diriswa mo ditlotsa-letlalong go letefatsa letlalo gape le go suga letlalo la diphologolo.
Malwetse a batho le diphologolo a a fetang 60 a alafiwa ka sejalo sa moretologa, go akaretsa malwetse a thobalano le malaria. Ditiriso tse dingwe tsa kalafi tsa moretologa di akaretsa go retibatsa matlho a a gotetseng le dikodu (metsi a matlhare a a bedisitsweng), jaaka moriana wa letshololo (segamolwa sa medi) le go fodisa setlhabi tsa mpa le thotamadi (segamolwa sa medi le matlhare). Medi e e dirilweng lorole e fodisa diso, malwetse a a amanang le TB, mme fa e tsentswe mo bojalweng, e dira jaaka aphrodisiac, fa matlhare a a dirilweng lorole a tumile ka go fodisa boopa le letshoroma. Moretologa o mela bonolo gotswa mo peong le go jalwa mo motswakong wa 5:1 ya motlhaba wa noka le motshotelo.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo