Monamune

©Louise Brodie
©Louise Brodie
©Louise Brodie

Monamune ke lereo-kakaretso la setlhopha sa ditlhare le ditlhatsana tse di thunyang mo lolapeng la rue, Rutaceae. Dijalo tsa monamune di tlhagisa maungo a a botlhokwa jaaka dinamune, mandarin, diratsuru, lime le grapefruit. Monamune o tlholega gotswa kwa Borwa Botlhaba jwa Asia, go ralala kgaolo e e atologang gotswa Borwa jwa China goya kwa Bokone botlhaba jwa Asia. Dijalo tsa monamune fa e sale di lengwa mo dikgaolong tseno dingwagakgolo di le di ntsi, mme mo tsamaong ya nako temô ya maungo ano e anametse kwa dikgaolong tsa tlhagiso tsa Mediterranean le subtropical go ralala lefatshe. 

Maungo a monamune a tlhagiswa mo ditlhareng tsa botalafelaruri. Ditlhare tsa monamune di tlhagisa dithunya ka dikgakologo mme leungo le enya go ralala dikgakologo le selemo mme le butswetse kotulô thari ka letlhabula le go sale gale mariga. 

Leungo la monamune le maphatlophatlo mme le na le letlapi le le kima. Leungo gantsi le a obolwa pele le jewa mme letlapi, le le bitswang gape lekapê mme letlhakore le le kwa ntle le bitswa zest, gantsi le a latlhwa. Maungo otlhe a monamune a na le esiti ya citric le esiti ya ascorbic, e e itsagaleng botoka jaaka Vitamin C. 

Maungo a monamune a iponagatsa ka tatsô ya ona e e botšarara mme mefuta e mengwe ya monamune, jaaka diratsuru le lime, di bodila mo tatsông, fa e mengwe ele tswina. Maungo ka kakaretso a na le monkgo o o bogale, thata ka ntlha ya dioli tsa limonoid tse di leng gantsi mo letlaping la leungo.

Translated by Nchema Rapoo

Tlhagiso ya Monamune

Monamune ke nngwe ya mefuta ya leungo e e rategang thata le go tlhagiswa ka go anama lefatshe ka bophara....more

Mefuta ya Monamune

Mefuta ya namune e e tlhagisiwang mo go tlwaelegileng thata mo Afrika Borwa ke Navels le Valencias. Navels ka kakaretso di butswa pele ga Va...more