Tlhagiso ya Monamune

Tlhagiso ya Lefatshe

©Louise Brodie

Monamune ke nngwe ya mefuta ya leungo e e rategang thata le go tlhagiswa ka go anama lefatshe ka bophara. Monamune o tlhagisiwa mo dikgaolong tsa jalô mo dikontinenteng tsotlhe ntle le Antarctica. E ka nna tharo-nneng ya tlhagiso ya monamune ya lefatshe e e tlhagisiwa kwa Sephatlo-fatshe sa Bokone. Bontsi jwa leungo leno le tlhagisiwa kwa USA le go dikologa Mediterranean, fela, naga e e leng motlhagisi mogolo wa monamune mo lefatsheng ke Brazil.

Tlhagiso ya Afrika Borwa

©Louise Brodie

Fa go lebeletswe dielo tsa tlhagiso, monamune ke bodirelo jwa maungo jo bo golo mo Afrika Borwa, mme ka bogolo bo totile mmaraka wa thomelo-ntle. Bodirelo jwa monamune jwa Afrika Borwa ke moromela-ntle yo mogolo mo Sephatlo-fatsheng sa Borwa mme bo na le seabe mo go feteng 60% ya thomelo-ntle ya monamune mo Sephatlo-fatsheng sa Borwa. Afrika Borwa ke moromela-ntle wa monamune wa bobedi ka bogolo, morago ga Spain.

Kgaolo ya Tlhagiso

©Louise Brodie
©Louise Brodie

Mefuta ya monamune e tlhagisiwa mo dikgaolong tsa bosa tse di farologaneng go ralala Afrika Borwa mme ditlhagiso di atologile ka lobelo go ralala naga. Dikgaolo-kgolo tsa tlhagiso di kwa Kapa Bophirima, Kapa Botlhaba, go ikala Noka ya Orange kwa Kapa Bokone, KwaZulu-Natal Midlands, Mpumalanga Botlhaba le Limpopo.

Setlha

©Louise Brodie

Setlha sa monamune sa Afrika Borwa se simolola ka Tlhakole ka diratsuru mme se tswelela go fitlha ka Lwetse fa dinamune tsa bofelo di kotulwa.

Dithekiso

©Louise Brodie

Monamune wa Afrika Borwa o rekiswa selegae mo Afrika Borwa le go romelwa-ntle kwa dinageng tsa boagisani. Monamune gape o romelwa-ntle kwa Yuropa le UK, Yuropa Botlhaba, Botlhaba-Gare ga mmogo le Asia le Amerika Bokone.

Ditiriso

©Louise Brodie

Maungo a monamune a na le dikotla tse di kwa godimo. Leungo le a jega mme dithapo le matlapi gantsi di a latlhwa. Zest, eleng boalô jo bo kwa ntle jwa letlapi, e dirisetswa go tsenya tatsô mo dijong le dinong. Ntle le go ja leungo, monamune gape o a gamolwa go dira dinomatute. Gape leungo la monamune le matute a monamune di tsenngwa mo mmolopitong, di a omiswa le go gatsetswa. Digamolwa tsa monamune di dirisetswa melemo le ditlola-letlalo.

Translated by Nchema Rapoo