Mogorwagorwana - Gotswa Mminong goya Mefeineng

© Bernard Dupont
Mogorwagorwana (Strychnos spinosa) o itsagale gape jaaka doringklapper, morapa, umKwakwa, Nsala, muramba le Umhlali. Setlhare sa mogorwagorwana sa bogolo jo bo nnye goya go jo bo magareng se mela ka bongwe ka boleele jo bo magareng ga 1 le 9m. Se mebitlwa, ka lekwati le le mafofora le le matologang, le matlhare a a phatsimang a a ratileng go nna kgolokwe. Mogorwagorwana o rata mebu e e tswang metsi sentle kwa dikgweng, kwa matlhakoreng a dinoka, dikgwa tse di motlhaba le dikgwa tsa kwa lobopong kwa diporofenseng tsa Kapa Botlhaba, KwaZulu-Natal le Limpopo.
Mofuta wa semela o o tsalanang eleng mogorwagorwana o o lekwati-motlhofo Strychnos cocculoides le ona o batlisisitswe go ka tokafatsa bokgoni jwa go dira lotseno jwa malapa a metse-selegae a a humanegileng. Go sa tshwane le mo Afrika Borwa, mogorwagorwana o o lekwati-motlhofo o bewa mo maêmông a a kwa godimo a go ka jalwa kwa gae kwa Malawi, Mozambique, Tanzania, Zambia and Zimbabwe.
Leungo la mogorwagorwana la bogolo jwa grapefruit le na le monkgo o o tswina ka tatsô e e tswina le botlha, mme le bokete jwa go feta 0,45kg. Le kgolokwe ka letlapi le le kima la mmala o motala le le logong, le le fetogelang go borokwana-serolwana fa le butswitse. Le na le dithapô tse kgolo di le di ntsi mo leming le le serolwana la monkgo o o bogale. Ka ntlha ya gore o tatsô, mogorwagorwana o na le mosola wa dijo ole mogolo kwa merafeng ya metse-selegae. Maungo a jewa ke bana le bagolo, mme le kokoanngwa go sale gale mo setlheng (pele le butswa) gore le bolokwe.
Leungo le le butswitseng le tsholega sentle thata ka ntlha ya sekgapha se se tiileng sa lona. Seno se dira gore le siamela go tsamaiswa dikgala tse di telele. Kwa malapeng, leungo la mogorwagorwana le bolokelwa mo mmung go letla lemi la leungo gore le nne bometsi. Leungo le le butswitseng le ka jewa le le tala kgotsa le omisitswe mo letsatsing go dira borothwana jwa leungo, jam le go dira senôtsididi kgotsa mofeine. Leungo le na le vitamin C le B vitamins tse di kwa godimo, fela dithapô tsa mogorwagorwana di botlhole.
Logong lo dirisetswa go betla le go dira timber, fa lekwati, modi kgotsa leungo le le sa butswang di diriswa mo twantshong ya molongô wa noga ka ntlha ya strychnine e e leng mo go tsona. Matlhare a a tšhwetlilweng a ka fodisa diso, fa tee e e maatla e e dirilweng gotswa mo meding e ka thusa go alafa matshwao a mofikela. Matlhare a a foreshe a tšhwetlwa go dira sekgomaretsi go alafa diso mme seeledi se se gamotsweng gotswa mo matlhareng a a tšhwetlilweng se ka gaswagaswa jaaka sebolaya-ditshenekegi sa tlhagô kgatlhanong le aphids le ditshenekegi tse di makwapa. Matlhare a ka dirisetswa gape go fepa leruo mme maungo a a omisitsweng (morago ga gore dithapô di ntshiwe) gantsi a betlwa le go rekiswa jaaka dibetlwa kgotsa a diriswa jaaka mabokisi a modumo a diletswa tsa mmino.
Ditlhare tsa mogorwagorwana di thata go mediswa gotswa mo dipeong, ka jalo tsela e e gaisang ya go jala ke ka mokgwa wa grafting. Grafting ke fa dikarolo di le pedi tsa sejalo di kgomaganngwa. Se boitshoko, mme se rata go golela mo letsatsing, fela se tshaba segagane. Se ka dira sejalo sa legora kgotsa sa molelwane se se siameng.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo