Metlhatsa

© Weltevrede Fig Farm

Karolo ya setlhopha sa mefuta e e gatisitsweng e e sa tshwaneng e e magareng ga 750 le 800, 'motlhatsa o o jewang', Ficus carica, o tshwana ole esi. E mengwe yotlhe mo setlhopheng ke ditlhare tsa tropical tsa 'rabara' ka maungo a a sa jegeng. Motlhagisi yo mogolo go gaisa mo lefatsheng wa metlhatsa e e foreshe le e e omisitsweng ke Turkey, fela Afrika Borwa le yona e tlhagisa metlhatsa e e foreshe go ka romela ntle, seelô se se ka etsang 0.12% sa tlhagiso ya lefatshe.

Tatsô ya Metlhatsa

©Eric Hunt

Goya ka mofuta wa motlhatsa, metlhatsa e ka kgaoganngwa ka ditatsô tsa motheo di le tharo - moretlwa, mamepe le sukiri (e e senang sepe). Mmala wa leungokobolwa la motlhatsa o amana thata le tatsô ya motlhatsa go na le mmala wa letlapi la ona. 

Metlhatsa ya 'sukiri' e na le go nna le leungokobolwa la mmala wa namune kgotsa o o borokwa, fa metlhatsa ya 'moretlwa' e na le lemi e khibidu goya go phepole. Metlhatsa ya 'mamepe' gantsi e na le matlapi a masetlha ka leungokobolwa le le serolwana.

Ditiriso tsa Metlhatsa

©Weltevrede Fig Farm

Metlhatsa gantsi e jewa ele foreshe - ka matlapi kgotsa e sena matlapi. Metlhatsa e e diriswang mo go apayeng e tsenngwa mo disalateng le dessert, e kopanngwa le yoghurt mo difitlholong kgotsa le cheese mo dijong tsa cheese. Gantsi di inelwa ka brandy, rum le liqueur kgotsa balsamic vinegar le mamepe, fela metlhatsa ya boleng jo bo kwa tlase le yona e ka dirisetswa go tlhôtlha bojalwa. 

Breba kgotsa metlhatsa ya go sale gale mo setlheng gantsi e dirisetswa go somarela - go dira jêmê e e tumileng ya 'motlhatsa o motala'. 

Metlhatsa e ka tlhakanngwa ka katlego le granadilla, ya diriswa mo go direng chutney le seinedi sa salad le go somarelwa ka mo gare ga brandy. 

Metlhatsa gape e ka omiswa, fela bontsi jwa metlhatsa e e omisitsweng e e leng teng mo Afrika Borwa e bonwa gotswa Turkey. Metlhatsa gape e phetolelwa go dikgolokwe tsa maungo a a omisitsweng. 

Go umakiwa gape fa metlhatsa e e omisitsweng e ka beswa le go titielwa jaaka leemedi la kofi le fa oli e e jegang e ka gamolwa gotswa mo dipeong tsa motlhatsa. 

Matlhare a motlhatsa a a nkgang monate a diriswa mo go apayeng, segolo thata jaaka sephuthedi go beikha kgotsa go apaya ka mosi. O tsenya tatsô ya leungo le le fisitsweng le monkgo o o monate wa coconut. Syrup ya letlhare la motlhatsa e dirisetswa go memeya nama, mo metswakong ya dino le mo dijeling.

Dipoelo tsa Motlhatsa

Metlhatsa e na le fibre ya mo dijong, vitamin B6, magnesium, potassium, calcium, manganese le di-antioxidant, segolobogolo mefuta e e phepole. 

Matlhare a motlhatsa le 'matute a motlhatsa' a masweu a a mašwi go kaiwa fa a na le dipoelo tsa phekolô tse di jaaka go isa dielo tsa sukiri ya madi kwa tlase le go isa kgatelelô ya madi kwa tlase, mme di ka nna le bolwantsha kankere. Matlhare a motlhatsa gape a ka dirisiwa go dira teye e e phekolang bronchitis. 

Dipatlisiso tsa bonetetshi di supile gape fa metlhatsa e dira sentle mo go alafeng mefutafuta ya malwetse a letlalo go akaretsa warts. Go ja metlhatsa e e foreshe go dumelwa fa go na le bophepafatsa-mala gape. 

Ela tlhokô: Tshedimosetso ke ya go ithuta le go tsibosa fela, mme e ka se tsewe jaaka kgakololô ya tsa pholo. Tshedimosetso ga e a ikemisetsa go tsena mo boemông jwa kgakololô ya tsa kalafi kgotsa kalafi e e rebolwang ke baitseanape ba tsa kalafi.

Translated by Nchema Rapoo