Mekgwatiriso ya Tsamaiso ya Dilitšhi

©HL Halls and Sons Group

Mekgwatiriso ya tsamaiso mo temothuong ya litšhi e ikaegile ka mokgwa wa tsamaiso, kitlano ya temothuo, le ka mofuta wa setlhare. Seno se ka akaretsa tiriso ya monontsha, nosetso, go poma, meitlamo, tshireletso ya dijalo, le dikalafo tsa sebabole sa daekoksaete morago ga thobo.

Kgakololo ka botlalo e ka bonwa ka go tsenela ditlhophathutano tsa litšhi le go tswa kwa bagokoloding ba tlotlegang ba temothuo. Mokgatlho wa Bajadi ba Litšhi wa Aforika Borwa (SALGA) o tshegetsa le go tsamaisa ntshokuno ya litšhi le go rekisa mo Aforika Borwa mme e ka thusa ka kgakololo ka mekgwatiriso ya tsamaiso ya litišhi.

Ditiro tsa Bolaodi ba Tshingwana ya Maungo a Dilitšhi

Ditlhare tša litšhi di simolotše kwa dikgweng tsa boboatsatsi jwa Borwa jwa China. Kwa dikgaolong tsa ntshokuno ya boboatsatsi tsa Aforika Borwa, le fa go ntse jalo, go kgona go uma litšhi go ikaegile ka nosetso. Mofuta le poeletso ya go nosetsa e ikaegile ka dingwaga tsa setlhare, maemo a bosa le mofuta wa mmu. Bobedi nosetso go go rothela le jete e nnye di a dirisiwa mo Aforika Borwa.

Go tshwana le go nosetsa, go nontsha ke nngwe ya dintlha tsa botlhokwa tsa ntshokuno e e kwa godimo ya litšhi. Ditlhare tse dišwa tse di sa tswang go jalelelwa di tshwanetse go nontshwa fela morago ga go ntsha matlhare a ntlha. Mo dingwageng tsa ntlha tse pedi, ditiriso tsa monontsha di tshwanetse go kgaoganngwa ka dikarolo tse di lekanang di le robedi ka nako ya setlha sa go mela (Lwetse go ya Moranang). Morago ga foo, ditiriso di a fokotswa.

Nontsho ya go le gantsi di dirwa morago ga thobo, bogolosegolo kwa morago ga go robiwa bapa sentle pele ga go thunya dithunya le setlhopha sa maungo fa ditlhare tsa litšhi go tsena fa a metsi le kotlo e e lopang. Ditiriso tsa monontsha di tshwanetse go dirwa go ya ka tshekatsheko ya mmu le matlhare le dikotla tsa sejalo kgotsa bagakolodi ba temothuo ba ka thusa ka thulagnyo ya monontsha.

Ka nako ya tlhagelelo ya maungo, ditaolo tsa disenyi di tshwanetse go dirisiwa go fokotsa tatlhego ya kumo ka ntlha ya motoutwane wa litšhi, motoutwane o o kudupanang ka go fosagala le dintsi tsa maungo.

Go gola ga maungo go ka tokafadiwa ka nosetso e e lekaneng le monontsha gammogo le balaodi ba go mela ga dijalo le meitlamo ka nako ya go tswelela ga maungo. Fela jalo, nosetso e e lolameng le mnontsha go ka fokotsa go wa ga maungo le phiso ya letsatsi. Matloa a meriti, a go khupetsa tshingwana ya maungo yotlhe, di setse di tlhagisitswe mo intasetering ya litšhi ka katlego e e siameng e bile e ka fokotsa phiso ya letsatsi le go fokotsa maatla a maemo a bosa a a makgwakgwa.

Khupetso ya ditlhopha tsa maungo a litšhi ka dikgetsana tsa pampiri e ne ya dirwa go thibela phiso ya letsatsi, pahtlogo ya maungo le tshenyego e e diriwang ke dintsi tsa maungo, metoutwane ya litšhi, dimamanthwane le dinonyane. Tsamaiso ya go dira ka natla gape e tlhola le dintlha tsa boleng tse di jaaka mouta le mmalafatsi o o sa lekanang, go ytsenya mo kgetsaneng jaanong bo tlositswe ka ditiro tse dingwe tsa bolaodi. Tseno di akaretsa nontsho e e maleba le nosetso go thibela phiso ya letsatsi le tiriso ya matloa go fokotsa tshenyo ya dinonyane. 

Fa go tlhokega, go poma morago ga thobo go tshwanetse go dirwa ka bonako morago ga thobo, bogolosegolo mo mefuteng ya ditlhare tsa litšhi tse di thari. Matlhokwana a maungo a a setseng morago ga go nopola le ona a tshwanetse go tlosiwa.

Ditlhare tsa litšhi di tlhoka go tsena mo kgatong ya go ikhutsa (e e itidimaletseng) pele ga go thunya go ikgobokanyetsa dipolokelo tse di lekaneng go ya ka go thunya dithunya. Go tshola metsi go tswa kwa go Mopitlwe go ya Motsheganong, go ya ka kgaolo ya ntshokuno, di ka dirisiwa go pateletsa go itimalela, mme ga se ka gale e dira sentle go ikaegilwe ka maemo a bosa, sk. dipula tse di thari ka Mopitlwe le Moranang. Fa o dira tsamaiso ya kgatelelo ya metsi, go botlhokwa go se letle ditlhare go oma gotlhelele. 

Kgolo nngwe le nngwe ya go mela ka nako ya letlhabula kgotsa ka tshimologo ya mariga e tla fokotsa kgotsa le go thibela go thunya e tshwanetswe go laolwa ka go dirisa go mela ga sejalo go laola ka selaodi, e e bolayang bašwa ntsha metsi mo letlhareng le go letlelela tlhabololo ya dithunya fela fa dithempheretšha di ile kwa tlwase mo go lekaneng. 

Le fa e sa dirisiwe ka bophara, moitlamo wa ditlhare tsa litšhi o ka dirwa mo bogareng jwa Mopitlwe morago ga go mela ga morago ga thobo go ntsha metsi mo dijalong go nonofile go lekanyetsa kgolo ya dijalo mo nakong ya pele ga go thunya. Kalafi e ga se ka gale e lekaneng sentle go thibela go ntsha metsi mo letlhareng le lešwa le fa go le jalo e tshwanetse go latelwa ka ditiriso tsa sefetoledi.

Dikalafi tsa Morago Thobo tsa Dilitšhi

©Louise Brodie

Litšhi ke leungo le le sa ameng ke maemo a bosa gore le le sa butsweng go ya pele fa le nopotswe. Go butswa ga thobo go laolwa ke mofuta wa setlhare o o rileng wa mmala wa leungoi la litšhi, popego, phopholetso ya letlalo le tatso. Palogotlhe ya dilo tse di komota mo metsing (TSS) le go tlhomamisa bokana ba botlha (TA) ba tšhotlho ya maungo di tlhomamisa le go balwa pele ga thobo go bona palo e e nepagetseng ya go butswa. Boemo ba indasteri bo bo amogelesegang ba go butswa ke mo go kbo ya TSS go ya go TA ya 25:1.

Ka ntlha ya go butswa ka go sa lekalekane ga maungo mo setlhopheng kgotsa mo setlhareng, maungo a nopolwa ka go tlhopiwa kwa tshimologong ya setlha sa thobo. Go netefatsa gore bokana ba leungo tiriso ya tekanyetso ya molagare (tshekeletsa) go rotloeditswe. Morago mo setlheng sa thobo fa maungo otlhe a fitlhetse gobutswa ka go tshwana, maphata otlhe a maungo a nopolwa. Maungo a a ka nnang dimilemetara tse 3 tsa leungo di tlogelwa mo leungong go thibela letlalo go kgaoga.

Ditlhare tsa litšhi ka kakaretso di nopolwa ka thuso ya dilere kgotsa go nopolwa ka kolotsana ya motšhini go bona kuno e kgolo. Go nopola gantsi go dirwa ka nako e e tsiditsana go feta ya letsatsi, segolo mo mosong. Go tila kgalo le go nna borokwa ga letlalo la maungo, maungo a a robilweng a tshwanetse go bewa a le tsiditsana ka dinako tsotlhe le mabokoso a tshwanetse go khupetswa ka matlhare kgotsa e e metsing ya kwa hessie mo serapaneng sa maungo, ka nako ya go tsamaisa le mo sefateng.

Ka thulaganyo ya thobo, maungo a a senyegileng kgotsa a a lomilweng a rulagantswe pele mo ditshingwaneng tsa maungo mme maungo a a siameng fela a romelwa kwa sefateng sa go phuthela. Mo sefateng sa go phuthela, dilitšhi ka kakaretso di a butswelwa ka sebabole sa taeoksaete, leokwane le le thibelang letlalo go nna borokwa le go lekanyetsa ditshwaetso tsa mouta tse di tla lebisang mo khutshwafatswong ya botshelo jwa dišelofo. Maungo a a rometsweng kwa ntle ka difofane gantsi ka tlaleletso di alafiwa ka diesiti tsa tlhago morago ga go kubetsa ka sebabole go letlelela go dira poelo ya ka bonako ya letlalo la mmala o mohibidu.

Morago ga go kubetsa le /kgotsa kalafi ka botlha, dilitšhi di rulaganyiwa ka bogolo. Ka bobedi Mauritius le Mclean’s Red, bonnye jwa molagare wa leungo la thomelontle ke dimilimetara tse 30 mme mo mmarakeng wa selegae ke 28mm.

Go ikaegile ka mmaraka, maungo a phuthelwa mo gongwe mabokoswaneng a 2 kg kgotsa diroto tsa polasetiki tse dinnye. Go boloka, dilitšhi lobaka lo lo leele, mabokoswana a nang le dilitšhi a ka pakiwa le khupetso se se ntshang sebabole sa taekosaete ka bonya se se kwa godimo ga maungo.

Mo themphereitšheng ya phaposi, botshelo jwa dišhelofo jwa maungo a litšhi a a sa alafiwang ke malatsi a le mmalwa fela. Le gale, fa di phuthetswe mo dirotong tse di tswaletsweng le go tsidifadiwa mo 4ºC, e ka nna go fitlhela dibeke di le pedi. Fa a sena go alafiwa ka go kubetsa ka sebabole, maungo a ka nna dibeke di le tlhano ka 1ºC.

ya go fitlha dibeke di le pedi fa di phuthetswe mo dirotong tse di tswaletsweng le go tsidifadiwa mo 4ºC. Mo themphereitšheng ya phaposi, botshelo jwa dišelofo ke malatsi a le mmalwa. Dilitšhi di tla oma le letlalo le tla fetola mmala ka ntlha ya go tlhoka metsi.

Ditekanyetso Bolemiruing ba Litšhi

Ntshokuno ya litšhi mo Aforika Borwa go le gantsi e kgoreletsega ka bokana ba kumo bo bo tlhaelang bo bo tlhodilweng ka go thunya go go sa tlhomamang le setlhopha sa maungo se se kwa fatshe. Le fa go le jalo, ka ditiro tsa tsamaiso ya tshingwana ya maungo tse di siameng bokana ba kumo bo bo ka fitlhang ditone di le 20 ka heketara e ka bonwa.

Phetogo ya ditlha tsa maemo a bosa ka ntlha ya phetogo ya tlelaemete di na le seabe mo go oketseng ntshokuno ya litšhi. Tlhofofatsa ya ditlamorago tsa phetogo ya tlelaemete ka tlwaetso ya mekgwatiriso ya tsamaiso ya tshingwana ya maungo e tla nna e e botlhokwa go matswela go ntshakuno e e siameng ya boleng mo isagweng.

Translated by Lawrence Ndou