Mefuta ya Ditlhare tsa Litšhi

© Asit K. Ghosh

Dilitšhi ke tsa tlholego mo Aforika Borwa; mefuta ya ditlahre ya litšhi e ne ya romelwateng go tswa pusong ya Florida kwa Amerika mmogo le go tswa kwa India, Taiwan le China.

Mefuta ya Dilitšhi

Dilitšhi di arogantswe ka ditlhopha tse tharo - Mauritius, China le Madras - le setlhopha sa seChina sa mofuta wa setlhare se se jalwang gantsi kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba.

Mo Aforika Borwa, ntshokuno ya litšhi e laola ke mofuta wa litšhi wa kwa Mauritius mofuta. Ya Setlhopha sa kwa Mauritius gantsi se jwalwang mo gae ga mmogo le kwa moseja ntshakuno ya kumo e e kgotsofatsang le maungo a boleng jo bo siameng. Sekao ke HLH Mauritius.

Setlhopha sa maChina sa mefuta ya litšhi se uma maungo tsa boleng bo bo kwa godimo mme thobo ke e e bokoa thata. Mofuta wa ya kwa dilitšhi wa kwa China gantsi o na le peo ya leleme la kgogo. Mefuta ya ditlhare e akaretsa Haak Yip le Three Months Red.

Setlhopha sa litšhi sa Madras se se ntshang leungo le le khibidu le le siameng, mme boleng ba leungo bo bo bokoa. McLean Red ke litšhi ya Madras.

Mefuta ya Ditlhare ya Litšhi mo Aforika Borwa

Le fa e le gore bontsi ba mefuta ya ditlhare di setse di lekilwe mo Aforika Borwa, dijalwa tsa kgwebo tsa litšhi di ikaegile ka mefuta ya ditlhare e mebedi, HLH Mauritius (o gape o itsegeng jaaka Tai So) le McLean’s Red.

Litšhi ya ntlha ntlha, Third Month Red e ka nopolwa go tswa ka Diphalane. E na le leungo le lekgolo le letlalo le le thata le le boteng fa e butswitse. Peo ke e kgolo le mokgopa go dikologa peo e fetoga go nna borokwa jaaka fa leungo le butswa. Setlhare se mela ka go emelela fela ga go kgonege go mela ka ntlha ya kutu ya yoma e e omileng.

HLH Mauritius e ne ya tlhagisiwa mo Aforika Borwa ka 1875 mme ke mofuta wa setlhare wa fa gare ga setlha o o nang le leungo le legolo le mokgopa o o botshe wa mo bogareng o o omeletseng le letlalo le khibidu fa e butsiwtse. Go medisa ditlhare ka nonofo go na le tlhogo e e anameng, e e tlhaselwang ke phefo.

McLean’s Red ke mofuta wa setlhare wa bobedi o o jetsweng thata mo Aforika Borwa, e nopolwa ka nako ya setlha sa bogareng go ya bofelong. E na le mokgopa o o bokoa go selekanyo sa yona go peo ka ntlha ya peo ya yona e kgolo fela e na le mokgopa o o boleta o o botshe. Leungo ke le le khibidu la ntlha e e supileng. Ditlhare di bontsha kgolo e e tlhogang ka nonofo go phasalatsa.

Wai Chee ke mofuta wa setlhare o o jalwang kwa China mme e ne ya tlhagisiwa fela mo Aforika Borwa ka dingwaga tsa bo1990. Ke litšhi e e mo magareng ya setlha sa kwa morago ka letlalo le le serolwane-bokhibidu, mokgopa o o nang le monko le peo e nnye. Setlhare ke se se tshwaraganeng le go kitlana.

Mefuta e Mentšhwa

Patlisiso ka mefuta ya ditlhare tsa litšhi e lebelela kgonagalo ya kumo le maungo le boleng ba dibopego, jaaka peo e nnye. Gape patlisiso e tlhoma mogopolo mo go tlhomeng mefuta ya ditlhare ya kumo e e kwa godimo tsa kwa pele le kwa morago ga nako, ka gale kwa dikgaolong tse di rileng tse di kumang lepe ga nako le tsa kwa moragfo ga nako mo Aforika Borwa. Se se lebisa mo go oketseng go nna teng ga dilitšhi mo Aforika Borwa mo dinakong tse fa go nang le tse ntshokuno e e lekanyeditsweng go tswa kwa hemisefereng ya bokone, se se go raya gore tlhotlhwa e e kwa godimo le topo e e oketsegileng mo Aforika Borwa ya dilitšhi tsa thomelontle, bogolosegolo kwa China. Se gape se kaya go nna le ntshokuno e e kwa godimo ya dilitšhi ka Tlhakole go tsamaisana le diketeko tsa ngwaga o mošwa tsa kwa China. Mmaraka wa kwa China rata thata leungo le golo le mmala o o siameng le peo e nnye.

Translated by Lawrence Ndou