Maungo Le Merogo Ya Bobolokelwa-Motemeng

©Glenneis Kriel

Moapei, modira-dimonamone le motlhôtlhi wa Mofora, eleng Nicolas-Francois Appert, o kaiwa fa ele rraago bobolokela-motemeng, ditebogo go botlhami jwa gagwe jwa bosomarela-dijo jo bo sa tsenweng ke mowa. Appert o tlhamile bobolokela-motemeng a tsibogela moputso wa 120 000 francs o o neng o rebolwa ke Napoleon Bonaparte go mongwe le mongwe yo o neng a ka tlhama tsela e e bonolo ya go somarela dijo tsa masole a gagwe ka motsi wa ditlhaselo tse di telele. 

Ka go sa nneng teng ga tshegetso ya bonetetshi mo tshomarelong ya dijo le bacteriology, go tsere Appert dingwaga di le somenne go tla ka tharabololo. Bontsi jwa diteko tsa gagwe di ne di ikaegile mo tlhwekisong ya dijo ka go bedisa le go boloka dijo tseno mo ditshoding tse di sa tseneng mowa. 

Appert, yo o neng a sa tsena sekolo, o butse bodirelo jwa bobolokela-motemeng jwa ntlha mo lefatsheng kwa Massy ka 1804 mme a fenya moputso wa go Bonaparte ka 1810, morago ga go gatisa phitlhelelo ya gagwe moLe Livre de tous les Menages, ou l’Art de Conserver Pendant Plesieurs Annees Toutes les Substances Animales et Vegetables (The Art of Preserving All Kinds of Animal and Vegetable Substances for Several Years). 

Mo metlheng eo go ne go tsaya diura di ka nna tlhano go tlhwekisa ditlhagiswa, tse di neng di tsenngwa ka mo mabotlolong a galase, mme a tswalelwa go se nene ka lekwati le le motlhofo, mme a inelwe mo metsing a a mogote. Mabotlolo a ne a thibiwa ka go tsimpa ka makwati a a motlhofo le mafura a a gatsetseng. 

Appert o ne a sa tlhaloganye ka botlalo gore ke goreng tsamaiso e ne e thusa go thibela polo, lebaka le tlhageletse fela mo sebakeng sa halofo ya ngwagakgolo morago ga fao, morago ga fa Louis Pasteur a ribolola kamano magareng ga di-microbe le go senyega ga dijo. 

Kwa tshimologong, go ne go diriswa fela ditshodi tsa galase go boloka, fela ditshodi tsa galase di ne tsa sutisiwa ka bonako ke ditshodi tsa mmetale fa mogwebi wa Moengelane, Peter Durand ka 1810, a ne a kwadisa-semolao meteme ya thini go dira tiro e. Gompieno, bobolokela-motemeng bo kgona go somarela dijo sebaka sa dingwaga di le tharo, go fokotsa tshenyegelo le go letla badirisi go ka itumelela maungo a ba a ratang nako nngwe le nngwe mo ngwageng. 

Mmaraka Wa Boditšhabatšhaba Wa Bobolokela-Motemeng

©Glenneis Kriel

Tiriso ya dijo tsa bobolokelwa-motemeng e solofelwa go ka oketsega ka seelo sa 3.8% ka ngwaga go fitlhelela boleng jwa 118 billion USD ka 2023, jaaka go kaya Global Canned Food Market - Growth, Trends and Forecast (2018 - 2023). Mmaraka o laolwa ke baphetodi ba le mmalwa, ba ba rekisang ditlhagiswa tsa bona go ralala lefatshe. 

Mekgwa-tshelo ya sešweng mo dijong tsa bobolokekwa-motemeng ke ya gore ditlamo di lekeletse ka diphuthêdi mme sentle sentle go sa dirise BPA. BPA e emetse Bisphenol A, setswakwa sa maitirelo se se golagantsweng le mathata a itekanelo ga mmogo le boitshwaro jo bo sa tlwaelegang mo baneng. 

Ntle le seno, baphetodi ba lekeletsa ditaêlô-kapei tse di ntšhwa go samagana le matshwenyego mabapi le bosukiri jwa bobolokela-motemeng jwa maungo.

Translated by Nchema Rapoo