Matswakabele a Bolwetse jwa Khemo ya Dikolobe

©Dr Jim Robinson
Porcine Respiratory Disease Complex (PRDC) ke lereo le le diriswang go tlhalosa tshwaetsego ya khemo e e bakwang ke kopakopano ya megare le bacteria tse di farologaneng. Goya ka Modern Pig Production ya ga Danie Visser, matswakabele gantsi a diragala fa dikolobe di le bogolo jwa magareng a dibeke di le 14 goya go 20, fela a ka ama gape dikolobe tse kgolwane kgotsa tse di nnye, go ikaegile ka di-pathogens tse di nang le seabe.

Matshwaô le Ditshupabolwetse

Ditshupabolwetse le bomasisi jwa tshwaetsego di tlile go farologana, go ikaegile ka ditshidi tse di nang le seabe, fela gantsi di akaretsa letsapa, letshoromo, anorexia, tatlhegelo ya keletso-dijo, kgolô e e bokoa, lebusa la nko le la matlho, kgotlholo mme nako dingwe botswa-mmala jwa letlalo jo bo phepôle, segolo thata mo dintlhaneng tsa ditsebe. Go isa gape kwa losong lwa tshoganyetso.

Dibaki

Maêmô a a lorole, digase tse di kotsi jaaka ammonia, kelomowa e e bokoa, go tsenelelwa ke serame, diphetophetogo tsa dithemphoritšhara tse di masisi, bongôla jo bo feteletseng, kgobelano le kgatelelô, tsotlhe tseno di ka bakela dikolobe Porcine Respiratory Disease Complex.
Mo Afrika Borwa, bolwetse bo golaganngwa le Coronavirus, Circovirus, Porcine Reproductive le Respiratory Syndrome. Bacteria, goya ka Modern Pig Production, tse di ka tswang di na le seabe ke Bordetella bronchiseptica, Pasteurella multocida, Haemophilus parasuis, Antinobaccilus pleuropneumoniae, Actinobaccillus suis and Actinobacillus equuli, Streptococcus suis and Mycoplasma hyopneumoniae, e e itsagaleng gape jaaka Enzootic Pneumonia.
Bacteria nngwe le nngwe e na le serotypes tse di farologaneng tse di amang dikolobe ka go farologana fa go tliwa ka ditshupabolwetse, bomasisi jwa bolwetse le bogolo jo bo mo go jona dikolobe di nnang mo kotsing ya malwetse go gaisa. Di-pathogens di baka malwetse a masesane ka botsona, fela di nna kotsi fa di dira le di-pathogens tse dingwe.

Thibelo

©National Pork Board, USA
Ka ntlha ya matswakabele a bolwetse, Modern Pig Production e gakolola balemirui go golagana le ngaka ya diphologolo go bona leano la thibelo, taolô le kalafi. Tshireletso-tshidi e e gagametseng e tile go thusa go thibela dikolobe tse di itekanetseng go ka kgomana le dirwala-bolwetse, tse e ka nnang sengwe le sengwe go simolola ka dikolobe tse dingwe goya go diphologotswana tsa gae, batho, diaparo goya go didiriswa tsa tiro.
Dikolobe di tshwanetse go tsamaiswa le go tlhakanngwa ka bobotlana jo bo kgonegang, mme ka keletso di bewe ka setlhopha sa bankane-mmogo go tloga kwa tsalông, kgotsa fa di goroga mo polaseng, go fitlha fa di tswa mo polaseng. Thulaganyo e e jaana ya batsena-botlhe-batswa-botlhe e tlile go thusa gore lefelo la tlhagiso le phepafatswe ka gotlhelele pele dikolobe tse diša di tsenngwa mo go lona.
Tlhwekiso e e siameng le phepafatso ya ka metlha ya dinosa-metsi, dijesa-dijo le dihôkô e tlile go thibela kagegô ya ditshidi tse di rwalang malwetse kgotsa digase tse di kotsi, jaaka ammonia. Mmogo le kelomowa e e siameng, seno se tlile go thusa go netefatsa boleng jo bo siameng jwa mowa mo lefelong la tlhagiso.
Dikolobe di tshwanetse gape go ka sireletswa kgatlhanong le maêmô a bosa a a masisi, di se kgobelane mme di tshwarwe ka bobotlana jo bo kgonegang go isa tlase kgatelelô.
Meêntô e teng go thibela mangwe a malwetse anô, fela go botlhale go golagana le ngaka ya diphologolo go supa gore ke efeng e e botlhokwa mo lefelong la gago la tlhagiso. Go ntsha diboko ga ka metlha go tlile go fokotsa matshosetsi a tshwaetsego e e bakwang ke diboko tse di dulang kgotsa di tsamayang mo makgwafong.
Ditsogô-bolwetse tse dingwe di ka alafwa ka melemô, go ikaegile ka ditshidi tse di nang le seabe. Thibelo, le fa go le jalo, e sala ele molemô o o gaisang.

Translated by Nchema Rapoo