Mathata a Khemo mo Dikolobeng

Mathata a khemo a tlwaelegile thata mo dikolobeng tse di tlhagiswang ka fa go tseneletseng. Goya ka bukana-kaedi ya tlhagiso ya South African Pork Producer’s Organisation (SAPPO), Pigs for Profit, go gotlhola go ka bakwa ke maêmô a a lorole, pneumonia, segolo thata ya mofuta o o bakwang ke bacteria ya Mycoplasma kgotsa sebokwana sa Ascaris se se gotlholwang gotswa mo makgwafong. Go ethimola go katswa go bakwa ke maêmô a a lorole kgotsa malwetse a a tshelanang, mme atrophic rhinitis ke bolwetse jo bo senyang go fetisa.

Pneumonia

©National Pork Board, USA
Pneumonia gantsi e ama dikolojane tse di sa tswang go kgweswa le dikolojane tse di nnye tse di golang. Goya ka Pigs for Profit, tshwaetsego ya makgwafo ka bacteria kgotsa megare gantsi e bakwa ke borurugô jwa makgwafo jo bo ka tswang bo bakwile ke maêmô a a lorole, bosa jo bo tsididi, dire disele, tse di jaaka dijo kgotsa molemô, kgotsa metlhampepe, e e jaaka dibokwana tse di nnang kgotsa tse di fetang mo makgwafong.
Goya ka mofuta wa tshwaetsego, pneumonia e ka nna ka go sa tsenelele goya go bomasisi, mme seno se bake seelo se se kwa godimo sa dintshu.
Matshwaô a tshwaetsego a akaretsa go gotlhola, go hema ka thata kgotsa ka bonako, tlhaelô ya metsi mo mmeleng, tatlhegelo ya keletso-dijo, maêmô a a bokoa, kgolô e e bonya kgotsa e e sa lekalekaneng, letshoroma le botswa-mmala jwa letlalo jo bo botala jwa loapi.
Mo dikolobeng tse di swang ka go ntlha ya pneumonia, makgwafo a tlile go nna le mmala o o sa tlwaelegang, mme fa go segegileng teng mo letlalong go tlile pumpunyega seeledi le boladu. Dikarolo dingwe tsa makgwafo gape di ka nna thata jaaka sebete le go wela tlase, goya ka Pigs for Profit.
Kalafi
Go thibela pneumonia, o tshwanetse ke go thibela dibaki tsa yona. Lefelo la tlhagiso ka jalo, le tshwanetse go tsholwa le le phepa, le sena lorole mme le na le kelomowa e ntle. Go kgobelana go tshwanetse go ka thibelwa, mme dikgatô di tshwanetse go ka tsewa go sireletsa dikolobe kgatlhanong le serame le dikomelelô. Dikolobe di tshwanetse go ntshwa diboko ka metlha, mme dikgatô tse di gagametseng tsa bosireletsa-tshedi di tshwanetse go ka tsewa tshola palo ya di-pathogen ele kwa tlase.
Go na le meêntô ya mefuta e mengwe ya pneumonia, fela Pigs for Profit e gakolola gore e tshwanetse go diriswa fela fa bothata jo bo rileng bo supilwe mo polaseng ya gago. Kalafi ya antibiotic e ka tlhokega fa sebaki ele tshwaetsego. Fa o etsaetsega, botsa ngaka ya diphologolo kgotsa moitseanape wa maphelô a diphologolo go bona kgakololô.

Atrophic Rhinitis

Progressive Atrophic Rhinitis ke bolwetse jwa bacteria jo bo senyang boalô jwa nko mme bo bake go latlha sebopego mo sefênêng. Goya ka The Pig Site, progressive atrophic rhinitis gantsi e ama diikolobe tse santseng di le diša, jaaka dikolojane, dikolojane tse di sa tswang go kgweswa le tse di siametseng go rekisetswa tlhabô.
Matshwaô a go sale gale a akaretsa go ethimola, go sunetsa le lebusa la nko, mme moethimolo gantsi o nna le madi. Go ka nna gape le lebusa gotswa mo matlhong, le le tlhagisang patsô e e khutlotharo fa sekhutlwaneng sa leitlho se se ka fa gare. Nko le/kgotsa tlhaa ya kwa godimo di ka sokeletsega, tsa khutswafala kgotsa tsa tsutsubana. Dikolojane di ka latlhegelwa ke keletso-dijo, tsa ja ka bonnye mme ka fao go nne le kgolô e e bokoa. Bolwetse gape bo ka baka pneumonia mme bo dire ka gore dikolojane di tshabelelwe ke ditshwaetsego tse dingwe.
Dinamagadi di ka nne tsa se bontshe matshwaô ape a gore di rwele bacteria, fela difatlhego tsa tsona di ka tswa mo sebopegong.
Kalafi
Tikologo e e lorole, kelomowa e e bokoa, bongôla jo bo kwa tlase le digase tse di botlhole, jaaka ammonia, tsotlhe tseno di ka dira gore dikolobe di nne le Atrophic Rhinitis. Go nna le lefelo la tlhagiso le le phepa ka kelomowa e ntle, ka jalo, go tlile go thusa go thibela bolwetse. Kgobelano e tshwanetse go ka tilwa ka ge seno se ka oketsa matshosetsi a go runya ga bolwetse.
Dikgatô tse di siameng tsa bosireletsa-tshidi le tsona di tla thusa, ka ge go nna teng GS malwetse a mangwe go ka dira gore kolobe e tshabelelwe ke atrophic rhinitis. Dikolojane tse di sa tswang go kgweswa tse di bobolang di ka alafiwa ka di-antibiotic, mme dinamagadi di ka êntwa go thibela bolwetse go ka fetisetswa kwa dikolojaneng.

Translated by Nchema Rapoo