Mathata a Tsadiso ka Dikolobe

© Dr Jim Robinson
Mo metlhapeng ya dikolobe e mennye ka ditshenyegelo tse di seng tsa tlhwatlhwa-godimo jaaka meagô e e ikagetsweng fa gae le sefepi se se tlhwatlhwa-tlase, go na le bothata jwa ka gale; ga gona dikolobe tse di rekisegang tse di lekaneng. Seno se raya gore ga go na dikolobe le nama tse di lekaneng go dira lotseno.
Go na le mabaka a a farologaneng a a bakang seno, fela ka bontsi a ka golaganngwa le mathata a tsadiso. E katswa ele gore motlhape o na le dikolobe tse di seng matshwanedi kgotsa lenaane la tsadiso ga le a tlhangwa kgotsa ga le selwe morago. Ka lesego, balemirui-potlana ba dikolobe mo Afrika Borwa ba ka tokafatsa tsadiso ya dikolobe.

Bona Dikolobe tsa Tsadiso tse di Tshwanetseng

Mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng, tsenelelo e e tsepameng ya dinamagadi le ditona tse telele tse tshweu, tse di golelang ka bonako di tlisitswe mo Afrika Borwa ke batsadisi, mme bomadi jwa dikolobe tseno bo anamisitswe go ralala metlhape ya selegae. Seno se okeditse bokgoni jwa metlhape ya kgwebo go golela-pele mo mabakeng a a sa laolweng, fela seno se tlhoka tlhokomelo e kgolo le bolaodi.

Fa go na le motlhagisi wa nama ya kolobe wa kgwebo yo o nang le go nna le dikolobe tsa tlhabô tse di motlele, di ka dira leruo la tsadiso le le siameng thata go motlhape o monnye. Dikolobe tseno di na le bomadi jo bo tlileng go tlhatlhosa boleng jwa motlhape, mme di tlile go nna tlhwatlhwa-tlase fa go bapiswa le diphologolo tsa tsadiso tsa maêmô a a kwa godimo.

Artificial Insemination (AI) ke tsela e e bonako e e babalesegileng go tokafatsa seelo sa bomadi sa motlhape wa tsadiso. Seno se akaretsa ditsumpello, boitseanape le ditshenyegelo tse di ntsi go feta tsa motlhape o o tlhagisang ka fa tlase ga tlhatsô ele nosi ka beke, mme seno ke ka dinamagadi tse di. kwa tlase ga 25.

Jaaka molao, o seke wa reka kolobe e o sa itseng sepe ka ga yona - efoga dikgaisanelo-tlhwatlhwa le dikolobe tsa mofopholetsi - ka ge seno se ka oketsa matshosetsi a go reka diphologolo tse nang le malwetse le bomadi jo bo bokoa. Buisana le moitseanape wa phôlô ya diphologolo wa kgaolo ya gago go bona tshedimosetso mo malwetseng a a tlwaelegileng le dikganetso dingwe le dingwe.

Go Tlhopha Dinamagadi tse di Tsadisang

Tiro ele esi fela ya namagadi ke go tlhagisa dikolojane tse di itekanetseng di gola sentle gabedi ka ngwaga. Ditlhatsô tse kgolo tse di tsalwang di tshela ke bomolemô fela go molemirui wa dikolobe ge mmaatsona a kgona go di fepa le go di tlhokomela go fitlha di nna mo bogolong jwa go kgweswa.
Dinamagadi tse di iseng di tsadisane le tse di setseng di tsadisane di ka tlhophiwa gotswa mo motlhapeng o o leng teng fa gae, kgotsa wa moagisani (wa dikolobe tse di senang malwetse), fela fa ele gore go diriswa dinamagadi tse di gaisang gotswa mo mmêng o o gaisang.

Go Tlhopha Tona

Molemirui wa dikolobe o tshwanetse go beeletsa madi mo toneng e e siameng. Go aroganya tona e ka isa kwa kanamông ya malwetse a a fetelanang ka thobalano magareng ga metlhape ya dikolobe. Tona e ka aroganngwa magareng ga balemi, fela fa melawana mengwe e selwa morago:

Tona e tshwanelwa ke gotswa kwa motlhapeng o o gautshwane o o nang maemo a bosireletsa-tshidi a a tshwanang, le kgatiso ya tsadisano e e atlegileng.
Tona ga e tshwanela gobo e tsalana le namagadi efe kgotsa efe e e e tsadisang, mme e tshwanelwa me go sutiswa goya kwa kgaolong e nngwe morago ga dingwaga di le pedi go tila tsadisano-magareng.
Go tshwanetse ga nna le tona go dinamagadi dingwe le dingwe di le 12 goya go 16, mme ga ea tshwanela go tsadisana go feta makgetlho ale mararo ka beke.

Tiko-Tsadiso ya Dikolobe

Tsadisano ka dikolobe e na le dipalopalo dingwe tse di bonolo tse di ka diriswang go meta tlhagiso e e rulagantsweng le dilekanyô sa boleng.
Dinamagadi di nna kgotelong ka ditiko-tsadiso tsa dibeke di le tharo. Di tla nna ntse di amogela tona sebaka sa malatsi ale mabedi kgotsa mararo, ka motsi onô di ka tsadisanwa makgetlho ale mararo ka dikemiso tsa diura di le 12 goya go 24. Tshola tona kgakala le dinamagadi mo magareng ga ditsadisano, selo se se ka tsayang metsotso ele lesome goya some le botlhano.
Fa namagadi e nna mo kgotelong malatsi ale 18 goya go 22 morago ga go tsadisanwa, go raya gore tsadisano e ne esa atlega mme e tshwanelwa ke go tsadisanngwa gape, ka keletso le tona e nngwe fa ele teng.
Fa tsadisano e atlegile namagadi e tla dusa malatsi ale 114 goya go 116 (dibele di le 16 le malatsi ale mararo). E ka dula nako enô mo dikampeng tse di bulegileng le dinamagadi tse dingwe tse di dusang (“omeletseng”), go fitlha ka beke pele ga tsalô.
Malatsi ale mmalwa pele ga tsalô e tshwanetse go iswa kwa lefelong-tshireletso le le kgethegileng la moalô o montsi - mesegô ya setlhare sa phaene e siame thata fela lotlhaka lwa korong, matlhare a mmopo, teff hay kgotsa mesegô ya kwa nageng di ka dira.
E tla tsaya nako e leka go dira sentlhaga, selo se se ntle ka gonne fao e tla netefatsa tsalô ya tlhagô le tlhagiso-mašwi ya tlhagô.

Netefatsa gore o ntsha sengwe le sengwe se se tlhabang kgotsa se se thubegileng mme o dire lefelo la ngweêgo le le bolokesegileng - seporo sa tsadisetso kgotsa tlhomeso e e tiileng tse di gokeletsweng ka tsepamô mo bogodimong jo bo ka nnang 20 cm gotswa fa bodilong le lebotana di tlile go thibela dikgatako di le di ntsi tsa dianyi.

Go Tshola Dikgatiso mo Thuông-Kolobe

Kwala matlha le ditiragalo tsotlhe tse di botlhokwa ka ga dikolobe tsa gago, tsadiso le phepô ya tsona. Seno se tshwanetse go akaretsa:
Nomore ya namagadi (kgotsa leina la yona), tona e e e tsadisang, matlha a ditiko-tsadiso tsa yona, letlha la tsalô le ele solofetseng le letlha la nnete la tsalô.
Gape gatisa dintlha tsotlhe tsa tlhatô ya kolobe. Seno se tshwanetse go akaretsa palo ya dikolojane tse di tsetsweng di tshela le tse di suleng ka tsalô. Gape, kwala palo ya dikolojane tse di swang ka paka ya go anya. Gape, gatisa letlha la kgwesô (gantsi ke ka bogolo jwa dibeke di le 4 goya go 7) le palogotlhe ya dikolojane tse di godisitsweng ka katlego ke namagadi.
Go botlhokwa go gatisa ditsamaiso tse di dirilweng ka paka ya go anya. Seno se tshwanetse go akaretsa êntô ya iron go thibela anaemia mo malatsing ale 3 - 6, go supa meroba (dinamagadi tse di iseng di tsadisano) e e gaisang, kalafo ya mange le meêntô, tshwaô-tsebe ka sediriswa se se diritsweng tiro ya go tshwaya ka phethene ya go tshwaya ka nomoro le go tshwaya ka tattoo e e kwadisitsweng. Go tshwaya dikolobe ka tattoo ke setlhokwa sa molao - leba karolo e e buang ka taolô ya dikolojane tse di kgweswang.

Translated by Nchema Rapoo