Maatla a Malomo a Richtersveld

Moseme wa Mmala

©David Fleminger
Go le gontsi go kwadilwe ka ga digakgamatso tsa ngwaga le ngwaga tsa malomo a naga tse di fetolelang mabala a a omeletseng a Namaqualand go nna ‘moseme’ wa mmala ka dikgakologo dingwe le dingwe. Ka bonnete, di na le go latlhela bakwadi ka bontsi mo sediiding sa boinanatho jwa poko se se gaufi le botsenwa. Fela nna, ke natlafetse mme ke leka ka bojotlhe gore ke se tseiwe ke maikutlo.
Le fa gole jalo, setlha sa thunyô ya malomo kwa Namaqualand se tota se kgatlhisa thata. Ka mantswe a mangwe, ke digakgamatso tsa thunyô. Fela ke eng se se bakang semaka seno sa tlhagô mme ke goreng se fela ka bonako jaana?

Leano la go Kgona

©David Fleminger
Semela sengwe le sengwe kwa Namaqualand se logile leano la go kgonana le tshologo e e kwa tlase ya pula. Dihupametsi di boloka metsi mo matlhareng le dikutung tsa tsona, geophytes (kgotsa digwere) di boloka metsi mo dirwêng tsa ka fa tlase ga mmu.
Tse dingwe (jaaka ditlhare le ditlhatshana) di medisa medi e e boteng kgotsa di mela gaufi le ditselana tsa metsi. Fela tsa ngwaga le ngwaga (tse di akaretsang lolapa lwa mooka) di na le mokgwa o o farologaneng.
Morago ga dipula tsa mariga, dimela tse di maano tseno di gola ka bonako; di a mela, di thunye, di latlhe dipeo mme di swe mo sebakeng sa dibeke. Mme dipeo tseno di leta mo mmung, di letetse dipula tse di ntle tse di latelang, mme modikologo ono o simolola gape.
Dipeo dingwe di kgona go falola dingwagangwaga ka fa tlase ga mmu, go fitlha go nna le dipula tse di lekaneng go ka di tsosolosa gape.
Ka jalo, fa dipula tsa mariga di ne di siame, dibeke di le mmalwa moragonyana serala se tlabe se siametse thunyô ya kopanelo ya dithunya tse di serolwana, tshweu, mmala wa namune le phepôle e e tlileng go kgatlha leitlho le maikutlo.
Mme mokoa wa malomo a a mo dipontshong o tseisa maanya.

Mefutafuta

©David Fleminger
Fela, Hendrik van Zijl, mongwe wa baitseanape ba dimela yo o tshelang mo kgaolong ya Nieuwoudtville, a bua fa ese fela ka ga dipalopalo. O dumela fa ele mefutafuta ya malomo a a farologaneng e e dirang gore dipontsho tsa malomo e nne tse di gakgamatsang.
Ka gotlhelele, go na le mefuta ele 3000 ya dimela tsa malomo kwa Namaqualand, mengwe ya ona e sewelo ele tota kgotsa e bonwa fela kwa teng ka bonnye.
Ka jalo, fa o tota o batla go nna mosupi wa malomo yo o manontlhotlho, dira dipatlisiso tsa gago mme o bone buka-kaedi e e maleba ya malomo a naga pele o ka simolola go kgweetsa mo tikologong.
Se se salang, go a busetsa go itse pharologano magareng ga Iridaceae le Asteraceae.

Go Foka mo Phešwaneng

©David Fleminger
Ka tlhogô yotlhe eno e e diragalang ka nako ele esi, di-million tsa malomo tse di fokang mo phešwaneng di fela pelo go ka dulafatswa ke thebolelo e e kwa tlase ya ditshenekegi tse di leng maleba. Seno se isa kwa kgaisanong e e diphatsa, mme mofuta mongwe le mongwe wa semela o itiretse mekgwa ya ona e e matlhajana ya go ngoka didulafatsi tse di siameng.
Bontsi bo tshepile pontsho ya diphetale tse kgolo tse di galalelang ka mebala e e kgatlhisang ya serolwana, bosweu, bohibidu le mmala wa namune. Diphetale tsa malomo a vygie ale mantsi di galalela mebala, di gogela ditshidinyana ka maatla a mmala wa tsona o o phepôle.
Mo godimo ga fao, diphetale tsa dimela tse dingwe di tswile matshwao a a tshwanang le ditshenekegi dingwe, a a ngokelang ditsadisani kgotsa difepi tsa modula. Dimmanngaunngau ka sekai, di rata go dirisa ditlhogwana tsa malomo a daisy jaaka serala sa tsadisô. Mopitikologo mo moduleng o apesa ditshenekegi ka, se eleng, sepeme sa semela, se di o tsholang jaaka di etela malomo a mangwe.
Ka jalo, go rotloetsa tsewô-tsia ya barati ba khukhwana ba ba nnye, mefuta ele mmalwa ya Gazania e tswile matshwaô a eketeng ke a mmanngaunngau ya tshegadi. Ka go tshwana le seo, Bee Fly e ngokelwa kwa dikôlông tse di phatsimang tse d dikaganyeditseng tlhogwana ya lelomo la Beetle Daisy, e e kgantshang okare ke mmele wa Bee Fly e nngwe.

Ka Kutlwanô

©David Fleminger
Mefuta e mengwe ya dimela e tsweletse pele ka kutlwanô le didulafatsi tsa tsona, di tlhogisa dipopego tsa malomo tse di siametseng mmele wa badirammogo ba tshedisano.
Ka sekai, mefuta mengwe ya Pelargoniums and Irises e tlhogisitse malomo a lela le le sesane le le kgonang fela go tsenya dikarolo tsa molomo wa mofuta kana e mebedi ya dintsi tse di tswanetseng tsa diphuka tse di tshophaganyeng. Bua ka ga go sa fitlhelege bonolo.
Jaanong, ka ntlha ya puo yotlhe eno ka ga tsadiso e e pheretlhêgô, o seke wa akanya gore kgaolo yotlhe ya Namaqualand e apesitswe ka malomo a mooka gotswa letlhakoreng le lengwe goya go le lengwe. Mo boemong jwa seo, malomo a na le go tlhoga ka dikgwethe le ka bontlhana.
Ka jalo, go ralala kgaolo, ka nako dingwe o tla bona dikarolwana tse di itlhaotseng tsa malomo a a mebalabala a golela mo tikologong e e borokwa. Le mo dinageng tse di malomo tota, tshimo nngwe e ka apeswa ke mmala, fa e nngwe e ka se bonagale e na le phetale ele nngwe tota.

Translated by Nchema Rapoo