Mafelo a a Gaisang kwa Richtersveld a Ponô-Dithunya

Khurumetso-fatshe ya Tshimologo

©David Fleminger
Phasalatso e e fetofetogang ya dithunya e bakwa ke mabaka ale mmalwa, a a akaretsang dikarolo tsa mmu, go gasaganngwa ke phefo ga dipeo, dithemphoritšhara tsa tikologo, mokgwa wa tshologo ya pula, topography le dilo tse dingwe tsa tikologo tse di ka se fetolweng. Ka jalo, ka setlha sa dithunya, o tshwanelwa ke go kgweetsa ka go dikologa go bona mafelo a a gaisang, e katswa ele mo temeng ya bontsi, bofutafuta kgotsa bowelo.
Patlô eno e ka fetsa maatla mme mojanala mongwe le mongwe o bonagala fa ana le potso ele esi mo dipounameng, ‘ke lefelo lefe le le gaisang go bona dithunya?’. Go tshwana le fa o batla ditau kwa Kruger Park, ntle fela le gore dithunya ga di je bajanala ba baJapane. Selo se le esi se o tshwanetseng ke go se lemoga ke gore dithunya di na le go tlhoga mo mebung e e kgoreleditsweng kwa dimela tse di medileng di ntshitsweng kgotsa di fokoditsweng.
Seno gantsi se diragala mo mafatsheng a dipolase a a dirisetswang diphologolo tse di fulang kgotsa mo masimong a a sa dirisiweng a a kileng a lengwa mme fela a sa jalwe, a nako dingwe a bitswang ‘oldfields’. Seno ke ka ntlha ya gore dithunya ke karolo ya se se itsagaleng jaaka khurumetso-fatshe ya tshimologo, eleng mefuta ya ntlha ya semela e e simololang go mela mo mmung o o sa tswang go lengwa. Fa mmu o tlogelwa fela sebaka se se telele, o tlile go thopiwa ke ditlhare le ditlhatsana (khurumetso-fatshe ya bobedi) mme dithunya ga di kitla di nna le lefelo la go tlhoga fa dimela tsa bobedi di setse di tlhogile. Ka jalo, mafelo a a gaisang a ponô-dithunya a kwa masimong a a lemolotsweng, kwa mafulong le matlhakore a tsela a a itlhokomolositsweng.
Jaaka sekai, akanya ka ga lefelo la dithunya le le humileng ka go gakgamatsa la Matjiesfontein Farm, gaufi le Nieuwoudtville, le le latelang mokgwa o o bonolo thata go rotloetsa tsamaiso e. Sephiri, gatwe, ke se se latelang: dinku di gapelwa mo masimong kwa bokhutlong jwa Lwetse gore di fule dithunya tse di omeletseng le gore di dire tiro ya tsona. Diphologolo di ntshiwa ka Mopitlwe go neela dimela tšhono ya go ikhutsa mme, ka Phatwe/Lwetse, dithunya di thunya gape. Tshimo ya dithunya tsa naga ya Skilpad kwa Namaqua National Park e dirisa mokgwa o o tshwanang le ono, fela temô e e siameng le yona e tlile go dira.

Translated by Nchema Rapoo