Maele a Tebo ya Dithunya kwa Richtersveld
Go siame, o gorogile mo marobalong a gago mme o ipaakanyeditse go bona dithunya. O dira eng mo go latelang? Maele ale mmalwa ke ano:
Botsa Dipotso
Bua le batho mme o bone ditshitshinyo. Maêmô a fetoga tsatsi le tsatsi ka jalo bua le baagi ba selegae le baeti-mmogo ka wena go bona karabo mabapi le gore ba tswa kae le gore ba bone eng. Badiri kwa dikantorong tsa bojanala tsa selegae le bona ba ka go neela tshedimosetso ya sešweng ka ga ditsela le mafelo a a solofetsang a ponô-dithunya.
O Seke wa Bolola Go Sale Gale Thata
Dithunya di tsibogela letsatsi mme di phuthologa fa letsatsi le ntse le thutafala. Di tlile go iphuta gape fa letsatsi le simolola go wela. Ka jalo, rulaganya go dira tebelelo ya gago magareng ga 11:00 le 15:00 - goya le gore letsatsi le phatsima mo go kanakang ka letsatsi leo. Mme elatlhoko gore dithunya di le di ntsi ga di kitla di phuthologa ka gope fa pula e na thata, fa maru a thibile go feta kgotsa fa go le phefo thata.
Lebagana le Dithunya mme o Latele Letsatsi
Ipeye mo magareng a letsatsi le dithunya gore o di bone ka matsetseleko.
Mo mesong, ka sekai, dithunya tse di ka fa letlhakoreng la molema la tsela di ka phuthologa, mme tse di ka fa mojeng di phuthologe mo motshegareng.
Fa o kgweetsa, leka go tshola letsatsi kwa morago ga gago.
Leba Dinao tsa Gago
Go na le palo e kgolo ya mefuta ya dithunya kwa Namaqualand, ka jalo o seke wa leba matshwititshwiti fela gotswa kwa sekgaleng.
Dingwe tsa dimela tse di sewelo thata le tse di nnye go fetisa di kgatlhisa go feta dithunya tse di tlwaelegileng thata tse di bopang ‘meseme’.
Ka jalo khubama fa fatshe o lebe ka go atumela.
O Seke wa Kgweetsa ka Lebelo
Bontsi jwa dimela tse di kgatlhisang di thata go bonwa, ka jalo iketle mme o nkgelele dithunya. Go botlhokwa gape gore o kgweetse ka kelotlhoko ka ge batho ba tlile go emaema go tsaya ditshwantsho le go tsamaya-tsamaya. Gopola gore bontsi jwa ditsela tsa dithunya ke tsa mmu, mme lorole lo lo bakiwang ke sejanaga se se tabogang lo ka se itumelelwe ke dimela le batho.
Dira Tirogae
Bona buka ya ponô-dithunya, jaaka buka e e maleba ya motseletsele wa Buka-Kaedi ya Wildflower ya National Botanical Society, mme o itlwaetse dimela tse o tlileng go di bona. Jaaka yo mongwe wa batsamaisi ba hotele a mpoleletse, batho ba selegae ba maphatephate go ka go tshwara ka seatla. Mme o seke wa kgetla sethunya sepe goya go bontsha ditsala tsa gago kwa bareng.
Nna le Boitshwaro jo bo Tshwanetseng, Nna le Tlhaloganyo ya Bosomarela-Tlhago
Dithunya ga di obamele ope mme ga go ope yo a ka go neelang ditlhomamisô.
Ka jalo, o seke wa goroga ka maikutlo a gore o na le tshwanelo kgotsa ka mabela mo lobakeng lo. Mme o seke wa rwesa motlamedi wa gago wa tirelo molato fa dipontsho di sa kgatlhise ka fa o neng o solofetse ka teng.
Dimela di boleta thata ka jalo elatlhoko gore o gata kae, mme o tsamaye mo ditseleng tse di kailweng ka metlha.
E Tshole Selegae Gae mme O Tlhatlaganye
Ka gore go na le tlhaelô ya matlo-borobalo a baeng le dihotele, baagi ba le ba ntsi ba bulela magae le dipolase tsa bona baeng ba ba tlileng go robala fa setlha se le kwa setlhoeng. Botsa kwa nngweng ya dikantoro tsa tshedimosetso ya bojanala go bona lenaane la marobalo a eseng a botlhe.
Tsamaya ka diaparo tse di bothitho ka ge dithemphoritšhara di ka ya tlase kwa boswakgapetleng bosigo. Fa o kampa, kgetse ga borobalo ya tlaleletso ke kakanyo e ntle.
Iponele Mokaedi wa Dithunya yo Eleng wa Gago
Ditoropo dingwe kwa Namaqualand di na le bakaedi ba ba kgethegileng ba ba leng teng go go kaetsa mo mafelong a a farologaneng. Seno se tlile go tlaleletsa thato ya gago ya ‘daisies’.
Mekgatlho e e farologaneng le yona e leka go katisa maloko a morafe wa selegae go nna bakaedi - letsholo le le tshwanelwang ke tshegetso. Botsa dintlha kwa kantorong ya selegae ya bojanala.
Translated by Nchema Rapoo