O Ka Etela Richtersveld Leng

Potso ya Dollara di le Million

©David Fleminger
Eno, ditsala tsa me, ke potso ya dollara di le million. Mme ga e bonolo go arabiwa.
Santlha, go tota go na le dithunya ngwaga otlhe. Dihupametsi tse di thunyang ka selemo (jaaka crassulas) di tsenya bommala ka dikgwedi tse di mogote go simolola ka Ngwanatsele go fitlha ka Tlhakole. Bontsi jwa dijalo-poloko le digwere (jaaka lolapa lwa Amaryllis) di thunya fa dithemphoritšhara di simolola go rurufala, thari ka letlhabula goya go sale gale ka mariga. Scented Candelabra Lily, Brunsvigia bosmaniae, e tsenya pontsho e e rileng e e matlhagatlhaga, ka go thunya dibeke di le tharo morago ga dipula tse di maatla ka Mopitlwe-Moranang (le fa seno se sa diragale ngwaga mongwe le mongwe). Mme, ka mariga, dimela di le di ntsi tsa mokgôpha di simolola go thunya.
Tiragalo-kgolo, fela, e thankgologa fa bosa bo simolola go nna bothitho thari ka mariga goya go sale gale ka dikgakologo. Ka jalo, ka kakaretso, dithunya tsa dikgakologo tse di tumileng di tlhagelela magareng ga tshimologo ya Phatwe le bogare jwa Lwetse, e ka nna dibeke di le mmalwa ka fa matlhakoreng ka bobedi. Bogare goya go bokhutlo jwa Phatwe gantsi bo kaiwa jaaka setlhoa sa setlha, fela go na le dipharologanyô di le mmalwa tse di ka akanyetswang.

Pula e Ntsi, Dipontsho tse di Botoka

©Jacques Marais
Santlha, go na le mefuta ele mmalwa e e farologaneng ya dithunya tsa naga, go akaretsa tsa ngwaga le ngwana (jaaka meoka), kgelegetla (mesembs), metshelelaruri, dijalo-poloko le ditlhatshana, mme tsotlhe tseno di thunya ka setlha sa dikgakologo. Dimela tse di farologaneng tseno di na le ditshekotshelo tse di farologaneng mme di tlile go thunya le go swa ka dinako tse di farologaneng mo setlheng.
Sabobedi, o tshwanelwa ke go batlisisa gore dipula tsa mariga di nele leng. Dithunya di tlile go simolola go thunya kgwedi kgotsa tse pedi morago ga dipula tse kgolo, mme tsona di ka na ka dinako tse di farologaneng kwa dikarolong tse di farologaneng tsa kgaolo. Bontsi jwa pula bo amana ka tlhamalalô le bontsi jwa thunyô - fa pula ele ntsi, dipontsho di nna botoka.

Mme, o ka ipotsa, o kwa kae? Dithunya di na le go thunya fa dithemphoritšhara di ntse di tlhatlhoga. Koketsego gantsi e diragala lantlha go ikala le dikgaolo tsa lobopo le kwa bokone, pele e fetela kwa ntlheng ya botlhaba go kgabaganya bogare jwa Namaqualand. Bogodimo le jona bo tshameka karolo, fa o ntse o ya godimo go ntse go nna tsididi, mme morago thunyô e tlile go simolola. Bogodimo jwa dithaba tsa Kamieskroon ebile bo ka nna le dipontsho tsa dithunya ka bothari jo bo etsang Diphalane.

Beeletsa-bodulo Kwa Pele

O tshwanetse go akanyetsa gape diphetogo-tshoganetso tsa bosa jwa dikgakologo. Fa go ka nna le phetogo ya tshoganetso gotswa go mariga a a tsididi goya go dikgakologo tse di mogote, dithunya di tlile go swa ka bonako. Fela, fa dithemphoritšhara tsa dikgakologo di le kwa tlase, ka masigo a a tsididi, dithunya di tlile go nna teng sebakanyana. Maêmô a selegae ke lebaka le lengwe ka ge phefo ya thaba e e maatla ele mogote mme e fokela gotswa kwa dithabeng e ka pheula setlhopha sotlhe sa dithunya mo bosigong, ka jalo o tshwanetse go emaema.
Ka jalo, go ikaegile le gore o kwa kae le gore ke mofuta ofe wa dithunya yo o batlang go o bona, setlha se ka simolola ka bo gaufi jo bo ka nnang bogare jwa Phukwi mme se tswelele go fitlha kwa bokhutlong jwa Lwetse. Phatwe ke peeletso e e babalesegileng, segolobogolo kwa Nieuwoudtville le Springbok. Fela, go na le bothata. O ka se lete go fitlha dithunya di simolola go thunya mme o itatlhele mo sejanageng sa gago go tabogela kwa Namaqualand.
Seno ke ka ntlha ya gore, ka setlha sa dithunya, kgaolo yotlhe e beeleditswe dikgwedi pele ga nako. Ke fitlheletse seno ka bonna fa ke ne ke fitlha kwa Vanrhynsdorp ntle le go beeletsa marobalo pele, mme ka fitlhela gore hotele nngwe le nngwe, matlo a baeng le mafelo a dikampa di tletse ka gotlhelele, ke raya gore di tletse ele tota.
Ditoropo tse di gaufi tsa Vredendal le Nieuwoudtville le tsona di ne di rwele. Ke maikutlo a a bosula go iphitlhela o gakegile mo toropong e sele, bosigo, o leletsa batho megala gotswa mo seteišane sa lookwane, mme o bolelelwa gore ga gona phaposi epe kwa mafelo-borobalong otlhe, ka tlhwatlhwa efe kgotsa efe. Kwa bofelong ke ne ka kgweetsa goya kwa Klawer (20 km gotswa fao) mme ka beeletsa-marobalo mo phaposing ya bofelo kwa ntlong ya baeng e e neng ele, go fitlha ga jaana, sekolo sa kwa polaseng. Jaaka ke dula mo phaposing-boikatiso e e fetotsweng, ke ja sefitlholo, ke ne ka lemoga gore e ne ele bosilo go akanya gore nka itelekela fela ka setlhoa sa setlha mme ke tsene mo phaposing ya hotele. Fela ke ne ka ikgomotsa ka gore ke dirile phoso ya me mo boemong jwa gago.

Maeto a a Rulagantsweng

Lengwe la mabaka a tlhaelô ya marobalo ke ditlhopha tsa maeto. O di bona gongwe le gongwe, dibese tse kgolo di rwele diketekete tsa bagodi go ralala Namaqualand mo loetong lwa go bona dithunya. Hotele e e kwa Vanrhynsdorp e ne e nyeuma ka bona, botlhe ba apere ditshupa-ina tse di ngometsweng mo dikhaing tse di phepa tsa boiketlo le mesese ya malomo; meno a magolo le meriri e megolwane di phatsima mo leseding la lebone. Go ne go tota go feeketsa maikutlo go ema foo fa ba ntse ba thologela ka kgoro ya hotele, ba tlotla ka boitumelo le baamogedi ba bona ba ba tumileng fa ba le mo tseleng goya dijong tsa botlhe.
Jaanong o seke wa ntsaya ka mokgwa o mongwe. Go batho ba le ba ntsi, maeto a a rulagantsweng ke tsela e e gaisang go fitlhelela Namaqualand le dithunya tsa yona, le gone ke nna mang go sotla monate wa ona? Maeto a go neela tshireletsego, tlhokomelo le tlhofofatso. Gape a ka nna le tshomarelo-madi thata.

Translated by Nchema Rapoo