Loso lwa Tshoganetso mo Dikolobeng

©Glenneis Kriel
Fa o bua le balemirui ba bangwe ba dikolobe, ba tlile go go bolelela gore dikolobe gantsi ganke di bontsha ditshupabolwetse dipe tsa bolwetse, mme dintshu tsa tshoganetso kgotsa dintshu tse di kwa godimo e nna sesupo sele nosi sa gore go na le sengwe se se sa siamang. Bothata ke gore go ka nna le mabaka a a farologaneng a gore kolobe e fitlhelwe e sule ntle le lebaka le le bonagalang kgotsa matshwaô a pele a bolwetse, mme seno se dire gore gonne botlhokwa thata gore sebaki sa loso se bonwe go tila dintshu tse dingwe.
Se se gaisang, fa o santse ole setlabosešweng, ke go kopa ngaka ya diphologolo kgotsa moitseanape wa phôlô ya diphologolo go go thusa go supa sebaki sa loso, ka go dira dipatlisiso tsa morago ga loso kgotsa ka go tsaya disampole tsa madi. Koketsego ya digital technology e dira gore o kgone go golagana le dingaka tsa diphologolo le baitseanape ba phôlô ya diphologolo ka mogala le go ba romela ditshwantshô tse di ka thusang ka go supa bothata.
Loso lwa tshoganetso lo katswa lo bakilwe ke kgobalô, letshogo le le golo, pelo, porcine stress syndrome, bolwetse kgotsa botlhole.

Palelô ya Pelo

South African Pork Producers Organisation mo bukaneng-kaedi ya bona ya tlhagiso, Pigs for Profit, e supa palelô ya pelo jaaka sengwe sa dibaki tse di kgolo tsa loso lwa tshoganetso. Palelô ya pelo, goya ka bukana-kaedi, gantsi e direga ka ntlha ya phôsô ya pelo mo dikolojaneng tse di nnye, kgotsa bolwetse jwa pelo mo dikolobeng tse di godileng.

Porcine Stress Syndrome

Porcine stress syndrome ke tlhakatlhakanô ya bomadi e e bakang gore dikolobe di swe ka tshoganetso ka ntlha ya palêlô ya pelo ka ntlha ya go retelelwa ke go itshokela kgatelelô ya senama, sekai ke ge go kgobelwane, go na le kgatelelô ya mogote, kgotsa ka motsi wa go rwalwa, kgotsa pele ga tlhabô. Diphologolo tse di amilweng ke tlhakatlhakanô di na le go ntsha nama e e tswapogileng ele boleta e e tlileng go dira ditshenyegelo tsa madi. Go thibela tlhakatlhakanô eno, balemirui ba tshwanetse ke go dirisa leruo la tsadisano le le sa tsholang bomadi jono.

Bolwetse

Malwetse a a tshelanang a a farologaneng a isa kwa losong lwa tshoganetso, go akaretsa Classical kgotsa African Swine Fevers le malwetse a bacteria le a a anamang a a bakang septicaemia, bolwetse jwa makgwafo kgotsa letshololo.
Go botlhokwa go bona tlhatlhobô ya semmuso gore o supe sebaki sa loso ka tshwanelo mme o thibele ditatlhegelo tse dingwe. Bontsi jwa malwetse a a tshelanang a ka thibelwa ka ditsereganyo tsa bosireletsa-tshidi le bophepa tse di siameng, ka go fepa dikolobe phepô e e itekanetseng e lekalekana, le ka go fokotsa kgatelelô ya diphologolo ka fa go kgonagalang. Meêntô e teng go thibela mangwe a malwetse anô, fela e tshwanetse go bolokwa le go rebolwa jaaka go laetswe go bona dipholô tse di gaisang.
Golagana le ngaka ya diphologolo kgotsa moitseanape wa phôlô ya diphologolo ka ga kalafi e e tshwanetseng ya malwetse anô, e e ka farologanang gotswa go di-antibiotic goya go polaong ya dikolobe tse di lwalang fa go sena kalafi.

Botlhole

Dikolobe di ka bolawa ke botlhole, ka ntlha ya go tsaya molemô go fetisa, go ja semela se se botlhole kgotsa fa go na le sengwe se se botlhole mo metsing kgotsa dijong tsa tsona. Go bona sebaki sa botlhole, balemirui ba gakololwa go sekaseka histori ya dikolobe, ka go leba gore ke dikolobe dife tse di amegileng le go supa diphetogo mo mekgweng ya tsona kgotsa mo dijong le metsing a tsona. Dikolobe, ka sekai, di ka swa ka ntlha ya go ja letswai ka go fetisa fa di fepwa dijo tse di nang le sodium e e kwa godimo.
Matlhole a a latelang a supilwe fa a ka golaganngwa le loso lwa tshoganetso: bolêlê; dimela tse di rileng; letswai, arsenic; selenium; malatlha; copper; ethylene glycol; dibolayamofero; iron dextran; dibolaya-tshenekegi tse di rileng, tsêô e e sa tshwanelang ya melemô mengwe; warfarin le digase tse di botlhole, tse di jaaka carbon monoxide le hydrogen sulphide.
Kopa ngaka ya diphologolo kgotsa moitseanape wa phôlô ya diphologolo go go thusa go supa sebaki sa loso, mme o fedise sebaki go efoga dintshu tse dingwe gape.

Translated by Nchema Rapoo