Leungo la Mobola le Monate

© Bio-Innovation Zimbabwe
Mobola (Parinari curatellifolia) o o itsegeng gape jaaka setlhare se se sumang, grysappel kgotsa bosappel, Mmola, Mbulwa, Mobola, Muvhula le Umkhuna.
Korone e e phatlhaletseng ya sebopego sa lebowa ya mobola e a lemotshega fa o tlhogang teng kwa nageng - kwa Swaziland, Zimbabwe le diporofense tsa Mpumalanga le Limpopo tsa Afrika Borwa. Setlhare se na le matlhare a mmala-pedi (matlase a letlhare a boselefera-tshweu) mme se tlhagisa dingatana tsa dithunya tse di nkgang monate tsa sebopego sa terompeta go simolola ka Phukwi go fitlha ka Ngwanatsele. Dithunya di tlhagisa matute le mmudula ka bontsi go dinotshi, mme ka jalo se tumile go balemirui ba dinotshi.
Setlhare se se golo ka lekwati la sona le le motlhofo se tlhagisa leungo le le monate la bogolo jwa plum ka leungokobolwa le le jegang le le serolwane. Leungo le le butswitseng le jega le le tala, le omisitswe, le apeilwe jaaka bogobe, le tšhwetlilwe go gamola matute kgotsa le bedisitswe go dira bojalwa. Thapô e e humileng ka oli e jewa ele tala (e latswega jaaka almond), e a tšhwetlwa le go diriswa go apawa sopo kgotsa e tswakantswe le merogo. Oli e e gamotsweng gotswa mo kgerung e dirisetswa go apaya.
Ditiriso tsa kalafi tsa mobola di akaretsa tiriso ya digamolwa tsa lekwati le letlhare mo kalafong ya pneumonia, cataracts le go opiwa ke tsebe. Matlhare a a tšhwetlilweng a ka diriswa jaaka bantisi mo marapong a a robegileng kgotsa a a fapogileng, mmogo le go alafa diso le mesegô.
Logong lwa mobola le na le silica e e dirang gore go nne thata go dira ka lona, fela lo tiile mme lo diriswa go dira ditshegetsi tsa kwa moepong, dipala le mekoro kgotsa dikepe. Setlhare se ithatela mmu o o tswang metsi sentle o o motlhaba (le o o esiti) mme se tshaba bosa jo bo tsididi le diphefo.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo